bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Jeremiah 28
Jeremiah 28
Tswana Setswana 1970
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 29 →
1
E rile ka ngwaga ona oo, mo tshimologong ya puso ya ga Setekia, kgosi ya Juta, ya re ka ngwaga wa bone mo kgweding ya botlhano Hananya, morwa Asure, moporofeti wa kwa Gibeone, a nthaya mo Ntlong ya Morena, baperesiti ba le teng le batho botlhe, a re:
2
“Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Ke robile joko ya kgosi ya Babele.
3
Dijana tsotlhe tsa Ntlo ya Morena tse Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o di tlositseng mono, a di isa kwa Babele, ke tla di busetsa mo felong fano, dinyaga di le pedi di ise di fete.
4
Le Jegonya, morwa Joyakime, kgosi ya Juta, le batshwarwi botlhe ba Juta, ba ba isitsweng kwa Babele, ke tla ba busetsa mo felong fano; gonne ke tla roba joko ya kgosi ya Babele.’ Morena o buile jalo.”
5
Ke fa moporofeti Jeremia a raya moporofeti Hananya fa pele ga baperesiti le batho botlhe ba ba neng ba eme mo Ntlong ya Morena.
6
Moporofeti Jeremia a re: “Ahee! A Morena a dire jalo! A Morena a dirafatse mafoko a gago a o a rerileng, ka go busa dijana tsotlhe tsa Ntlo ya Morena le batshwarwi botlhe kwa Babele le go ba busetsa mo felong fano.
7
Fela a ko o utlwe lefoko le, le ke le buang mo ditsebeng tsa gago le mo ditsebeng tsa batho botlhe ke re:
8
Baporofeti ba ba neng ba le teng go tswa bogologolo, nna le wena re ise re nne teng, ba reretse mafatshe a mantsi le magosi a magolo ka ga ntwa le tatlhego le leroborobo.
9
Mme fa moporofeti a rera kagiso, o tla itsiwe ka go dirafala ga lefoko la gagwe, fa e le moporofeti yo Morena a mo romileng ka nnete.”
10
Ke fa moporofeti Hananya a rola joko mo thamong ya moporofeti Jeremia, a e roba.
11
Hananya a ba a bua fa pele ga batho botlhe a re: “Morena o bua jaana a re: ‘Ke tla roba joko ya ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele jalo, ke e tlosa mo thamong tsa ditšhaba tsotlhe, dinyaga di le pedi di ise di fete.’ ” Mme moporofeti Jeremia a itsamaela ka tsela ya gagwe.
12
Jaanong e rile moporofeti Hananya a sena go tlosa joko mo thamong ya moporofeti Jeremia le go e roba, lefoko la Morena la tla kwa go Jeremia la re:
13
“Yaa o ree Hananya o re: ‘Morena o bua jaana a re: Dijoko tsa logong o di robile, mme boemong jwa tsona o tla dira dijoko tsa tshipi.
14
Gonne Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Ke beile joko ya tshipi mo thamong tsa ditšhaba tsotlhe tse gore di direle Nebukatenesare, kgosi ya Babele; di tshwanetse go mo direla. Le gona ke mo neetse diphedi tsa naga gore di mo direle.’ ”
15
Jaanong moporofeti Jeremia a raya moporofeti Hananya a re: “A ko o utlwe, Hananya! Morena ga a go roma. Mme wena o timeditse morafe o gore ba ikanye maaka.
16
Ke ka moo Morena a buang jaana a re: ‘Bona, ke tla go tlosa mo lefatsheng. O tla swa ka ona ngwaga o. Gonne o tsogetse Morena ka go rera boikepo.’ ”
17
Moporofeti Hananya o ne a swa jalo ka ona ngwaga o mo kgweding ya bosupa.
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 29 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52