bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Jeremiah 42
Jeremiah 42
Tswana Setswana 1970
← Chapter 41
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 43 →
1
Mme balaodi botlhe ba batlhabani le Johanane, morwa Karea, le Asaria, morwa Hosaya, le batho botlhe, ba bagolo le ba bannye, ba atamela,
2
ba raya moporofeti Jeremia ba re: “A ko o utlwe se re se kopang, ra re, re rapelele Morena, Modimo wa gago, rona le masalela otlhe a. Kana re ne re le bantsi, mme re setse re le bannye fela, jaaka o re bona ka matlho.
3
A Morena, Modimo wa gago, a re itsise tsela e re ka tsamayang ka yona, le tse re ka di dirang.”
4
Moporofeti Jeremia a ba araba a re: “Ke lo utlwile. Itseng gore ke tla lo rapelela Morena, Modimo wa lona, jaaka lo kopile. Le gona ke tla lo itsise tsotlhe tse Morena a lo fetolang ka tsona, ke sa lo lobele lefoko lepe.”
5
Ke fa ba raya Jeremia ba re: “A Morena e nne mosupi wa boammaaruri le boikanyo yo o re otlang, fa re sa dire tsotlhe ka fa mafokong a o a re bolelelang, o romilwe ke Morena, Modimo wa gago.
6
Lentswe la Morena, Modimo wa rona, yo re go romelang kwa go ene, re tla le utlwa, le fa le le molemo gongwe le le botlhoko, gore re tle re phele sentle ka go utlwa lentswe la Morena, Modimo wa rona.”
7
Jaanong ya re malatsi a le some a sena go feta, Lefoko la Morena la tla kwa go Jeremia.
8
Ke fa a bitsa Johanane, morwa Karea, le balaodi botlhe ba batlhabani ba ba nang nae, le batho botlhe, ba bagolo le ba bannye,
9
a ba raya a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, yo lo nthomileng kwa go ene gore ke lo rapelele ka boikokobetso, o bua jaana a re:
10
‘Fa lo nna mo lefatsheng le, lo iketlile, ke tla lo agisa, ke sa lo rutle; ke tla lo tlhoma, ke sa lo kumole. Gonne ke utlwa botlhoko ka ntlha ya petso e ke e lo diretseng.
11
Se boifeng kgosi ya Babele e lo e tshabang!’ Morena a re: ‘Lo se ka lwa e boifa, gonne ke na le lona gore ke lo thuse, ke lo pholose mo seatleng sa yona.
12
Ke tla lo direla ka kutlwelo-botlhoko gore e lo tlhomogele pelo, e lo agise mo nageng ya lona.’
13
“Fela fa lo ka re: ‘Ga re rate go nna mo nageng e’ – kana ke go se utlwe lentswe la Morena, Modimo wa lona! –
14
Fa lo re: ‘Nnyaya! Rona re rata go ya kwa lefatsheng la Egepeto kwa re sa boneng ntwa teng, kwa re sa utlweng modumo wa lonaka teng, kwa re sa tlhokeng bogobe teng; ke kwa re tla nnang gona.’
15
Fa lo ka re jalo, gona utlwang Lefoko la Morena, lona masalela a Juta! Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Fa lo ikaeletse tota go ya kwa Egepeto, fa lo ya teng go jaka gona,
16
foo tšhaka e lo e boifang e tla lo fitlhela gona kwa lefatsheng la Egepeto; le tlala e lo e tshabang e tla lo sala morago teng kwa Egepeto, mme lo tla swela gona.
17
Ee, banna botlhe ba ba ikaeletseng go ya kwa Egepeto le go jaka gona ba tla swa ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo. Ga go ne go nna ope mo go bone yo o falolang le e seng go phologa mo tatlhegong e ke tla ba digelang mo go yona.’
18
“Gonne Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Bogale jwa me le kgalefo ya me di goromeleditswe mo baaging ba Jerusalema, kgalefo ya me e tla goromelediwa mo go lona jalo, fa lo ya kwa Egepeto. Lo tla nna thogo le theregiso le khutso le kgobo, mme felo fa ga lo kitla lo tlhola lo go bona.’
19
“Lona masalela a Juta, Morena o raya lona fa a re: ‘Lo se ka lwa ya kwa Egepeto!’ Itsetseng ruri gore ke lo tlhagisitse kajeno.
20
Kana lo timetse mo lo tla itshenyetsang maphelo! Gonne lo nthomile ka losi kwa Moreneng, Modimo wa lona, lwa re: ‘Re rapelele Morena, Modimo wa rona, o re itsise tsotlhe tse Morena, Modimo wa rona, o di buang. Re tla di dira.’
21
Kajeno ke di lo begetse, mme ga lo a utlwa lentswe la Morena, Modimo wa lona, le e seng sepe sa tse o nthomileng kwa go lona ka tsona.
22
Jaanong itseng tota gore lo tla swa ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo mo felong kwa lo tla yang teng go jaka gona ka boithatelo jwa lona.”
← Chapter 41
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 43 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52