bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Jeremiah 43
Jeremiah 43
Tswana Setswana 1970
← Chapter 42
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 44 →
1
E rile Jeremia a sena go fetsa go bua le batho botlhe mafoko otlhe a Morena, Modimo wa bone, a Morena, Modimo wa bone, o neng a mo romile kwa go bone ka ona, e leng mafoko aotlhe ao,
2
ga bua Asaria, morwa Hosaya, le Johanane, morwa Karea, le banna botlhe ba ba ikgantshang, ba raya Jeremia ba re: “O bua maaka. Morena, Modimo wa rona, ga a go roma gore o bue o re: ‘Lo se ka lwa ya kwa Egepeto go jaka gona.’
3
Baruge ene o a go tlhotlheletsa gore o se ka wa dumalelana le rona, e le gore re neelwe mo diatleng tsa Bakalatea gore ba re bolae, ba re ise mo botshwarong kwa Babele.”
4
Johanane, morwa Karea, le balaodi botlhe ba batlhabani le batho botlhe ba ne ba gana jalo go utlwa lentswe la Morena le le reng, ba nne mo lefatsheng la Juta.
5
Mme Johanane, morwa Karea, le balaodi botlhe ba batlhabani ba tsaya masalela otlhe a Bajuta a a neng a boile kwa ditšhabeng tsotlhe, kwa a tshabetseng teng, a tla go nna mo lefatsheng la Juta;
6
ba tsaya banna le basadi le bana le bomorwadia kgosi le botlhe ba ba sadisitsweng ke Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, mo go Ketalea, morwa Ahikame, morwa Safane. Le ene moporofeti Jeremia ba mo tsaya mmogo le Baruge, morwa Neria,
7
ba hudugela kwa lefatsheng la Egepeto; gonne ba ganne go utlwa lentswe la Morena; ba fitlha kwa Thagephanese.
8
Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go Jeremia, ba le kwa Thagephanese, le re:
9
“Tsaya mafika a magolo, o a epele mo lapeng le le fa pele ga mojako wa ntlo ya ga Farao mono Thagephanese, o ntse o bonwa ke banna ba Bajuta.
10
Mme o ba ree o re: ‘Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Itseng gore ke tla lo romela Nebukatenesare, kgosi ya Babele, motlhanka wa me, ke mo tlisa koo; ke baya senno sa gagwe sa bogosi mo mafikeng ao – a ke a epetseng – ene o tla tlhoma tente ya gagwe ya bogosi mo go ona.
11
O tla tla, a otla naga ya Egepeto. Ba ba tshwanetsweng ke leroborobo ba tla ya leroborobong; ba ba tshwanetsweng ke botshwaro ba tla ya mo botshwarong; ba ba tshwanetsweng ke tšhaka ba tla bolawa ka tšhaka.
12
Ke tla tshuba molelo mo matlong a medimo ya Baegepeto; ene o tla a fisa, medimo yona a e thopa. O tla thukhutha lefatshe la Egepeto jaaka modisa a apara kobo ya gagwe, a ba a tloga a le mo kagisong.
13
Ditshwantsho tse di metloutlo tsa tempele ya letsatsi e e mo lefatsheng la Egepeto o tla di thubaganya, a fisa matlo a medimo ya Egepeto ka molelo.’ ”
← Chapter 42
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 44 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52