bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Jeremiah 37
Jeremiah 37
Tswana Setswana 1970
← Chapter 36
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 38 →
1
Setekia, morwa Josia, o ne a busa mo boemong jwa ga Gonya, morwa Joyakime. Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o ne a mo dirile kgosi ya lefatshe la Juta.
2
Mme ene le batlhanka ba gagwe le morafe wa lefatshe ga ba a ka ba utlwa mafoko a Morena a o a buileng ka moporofeti Jeremia.
3
Fela kgosi Setekia o ne a roma Jugale, morwa Selemia, le moperesiti Sefanya, morwa Maaseya, kwa go moporofeti Jeremia, ba re: “A ko o re rapelele Morena, Modimo wa rona!”
4
E ne e le fa Jeremia a sa ntse a tswa a tsena mo gare ga morafe, mme ba ise ba mo tsenye mo ntlong ya kgolegelo.
5
Mme mephato ya batlhabani ba ga Farao e ne e bolotse kwa Egepeto; ya re Bakalatea ba ba dikanyetsang Jerusalema ka ntwa ba utlwa jalo, ba tlogela Jerusalema.
6
Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go moporofeti Jeremia le re:
7
“Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Bolelelang kgosi ya Juta jaana e e lo romileng kwa go nna go mpotsa, lo re: ‘Mephato ya batlhabani e e bolotseng go lo thusa e tla boela kwa Egepeto kwa lefatsheng la yona.
8
Mme Bakalatea ba tla boela kwano, ba tlhasela motse o, ba o thopa, ba o fisa ka molelo.’
9
Morena o bua jaana a re: Lo se ka lwa itsietsa ka losi lo a re, ‘Bakalatea ba tla re tlogelela ruri.’ Nnyaya, ga ba nke ba tloga!
10
Mme le fa lo ka fenya mephato yotlhe ya batlhabani ba Bakalatea ba ba tlhabanang le lona, ga sala banna ba ba khutlegileng fela, ba tla tsoga, mongwe le mongwe mo tenteng ya gagwe, ba fisa motse o ka molelo.”
11
Jaanong e rile mephato ya batlhabani ba Bakalatea e sena go tlogela Jerusalema ka ntlha ya mephato ya batlhabani ba ga Farao,
12
Jeremia a tswa mo Jerusalema, a re o ya kwa lefatsheng la Benyamene go amogela boswa teng mo bathong.
13
Mme ya re a le mo kgorong ya Benyamene, ga bo go le mookamedi wa batlhodi gona yo leina la gagwe e leng Iria, morwa Selemia, morwa Hananya; ene a tshwara moporofeti Jeremia a re: “O rata go thobela kwa go Bakalatea.”
14
Jeremia a fetola a re: “Ke maaka, ga ke rate go thobela kwa go Bakalatea.” Mme Iria a se ka a mo dumela; a mo tshwara, a mo isa kwa dikgosaneng.
15
Mme dikgosana tsa galefela Jeremia, tsa mo itaya, tsa mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo, mo ntlong ya mokwaledi Jonathane; gonne ba ne ba e dirile kgolegelo.
16
E rile Jeremia a sena go tsena mo ntlong ya kgolegelo e e kwa tlase, a setse a na le malatsi a mantsi teng,
17
kgosi Setekia a roma go mo ntsha, mme kgosi ya mmotsa mo ntlong ya yona mo sephiring ya re: “A go na le lefoko le le tswang mo Moreneng?” Jeremia a araba a re: “Ee, le teng!” A ba a re: “O tla neelwa mo diatleng tsa kgosi ya Babele.”
18
Jeremia a feta a botsa kgosi Setekia a re: “Wena le batlhanka ba gago le morafe o ke lo leofetse ka eng, fa lo ntsentse mo ntlong ya kgolegelo?
19
Gape: Baporofeti ba lona ba kae ba ba neng ba lo rerela ba re, ‘Kgosi ya Babele ga e nke e tla, go lo tlhasela le fa e le lefatshe le’?
20
Mme jaanong, kgosi, morena wa me, a ko o nkutlwe! A mokokotlelo wa me o utlwale fa pele ga gago o o reng: ‘Se mpusetse kwa ntlong ya mokwaledi Jonathane, e se re gongwe ka swela teng.’ ”
21
Ke fa kgosi Setekia a laela gore ba tsenye Jeremia mo lapeng le mo tisong ya batlhabani; le gona ba mo naya senkgwe se le sengwe ka letsatsi se se tswang mo mmileng wa babesi, ga tsamaya dijo tsa felelela mo motseng. Jeremia a nna jalo mo lapeng la batlhabani.
← Chapter 36
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 38 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52