bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Joshua 12
Joshua 12
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 13 →
1
Jaana dikgosi tsa lefatshe ke tse, tse bana ba Iseraele ba di kgemethileng, ba rua lefatshe la tsone kwa moseja ga Joretane go isa ntheng ya botlhabatsatsi, go tswa molapong wa Arenone go ya thabeng ya Heremone, le Areba otlhe fela go isa ntlheng ya botlhabatsatsi:
2
Sihone kgosi ya Baamore yo o ne a agile mo Hešebone, a busa go tswa Aroere, o o fa ntlheng ya molapo wa Arenone, le motse o o fa gare ga molapo, le bontlhanngwe jwa Gileate, go ya fela kwa nokeng ya Jaboke, molelwane wa bana ba Amone;
3
le one Areba go ya lewatleng la Kinerothe, ntlheng ya botlhabatsatsi, le kwa lewatleng la Areba, e bong Lewatle la Letswai, ntlheng ya botlhabatsatis, tsela e e yang kwa Bethe-ješimothe; le ntlheng ya borwa fa tlase ga meripo ya Pisega.
4
Le molelwane wa ga Oge kgosi ya Bašane, yo e neng e le lesalela la Barefaime, yo o ne a agile mo Ašetarothe le mo Eterei.
5
A ba a busa mo thabeng ya Heremone, le mo Saleka, le mo Bašane otlhe, go ya molelwaneng wa Bagešure, le Bamaaka, le bontlhanngwe jwa Gileate, le molelwane wa ga Sihone kgosi ya Hešebone.
6
Moše motlhanka wa ga Jehofa le bana ba Iseraele, ba ba kgemetha; mme Moše motlhanka wa ga Jehofa a naya Barubene, le Bagate, le bonthanngwe jwa lotso lwa ga Manase, lefatshe leo go le rua.
7
Tse ke tsone dikgosi tsa lefatshe tse. Jošua le bana ba Iseraele ba di kgemethileng moseja ga Joretane, ntlheng ya bophirimatsatsi, go tswa Baalagate mo molapong wa Lebanone go ya fela kwa thabeng ya Halake, e e isang kwa Seire; Jošua a le naya ditso tsa Iseraele go le rua ka fa dikgaoganong tsa tsone;
8
mo lefatsheng la makgabana le le le mo sekhuting, le mo go one Areba, le mo meripong, le mo nageng, le mo ntlheng ya Borwa; Bahite, Baamore, Bakanana, Baperise, Bahife le Bajebuse.
9
Kgosi ya Jeriko e le nngwe fela; kgosi ya Ai, o o fa Bethele, e le nngwe fela;
10
kgosi ya Jerusalema e le nngwe fela; kgosi ya Heberone e le nngwe fela;
11
kgosi ya Jaremuthe e le nngwe fela; kgosi ya Lakiše e le nngwe fela;
12
kgosi ya Egelone e le nngwe fela; kgosi ya Gesere e le nngwe fela;
13
kgosi ya Debire e le nngwe fela; kgosi ya Getere e le nngwe fela;
14
kgosi ya Horema e le nngwe fela; kgosi ya Arate e le nngwe fela;
15
kgosi ya Adulame e le nngwe fela;
16
kgosi ya Maketa e le nngwe fela; kgosi ya Bethele e le nngwe fela;
17
kgosi ya Tapua e le nngwe fela; kgosi ya Hefere e le nngwe fela;
18
kgosi ya Afeke e le nngwe fela; kgosi ya Sharone e le nngwe fela;
19
kgosi ya Matone e le nngwe fela; kgosi ya Hasore e le nngwe fela;
20
kgosi ya Shimerone-merone e le nngwe fela; kgosi ya Akešafe e le nngwe fela;
21
kgosi ya Taanake e le nngwe fela; kgosi ya Megito e le nngwe fela;
22
kgosi ya Keteše e le nngwe fela; kgosi ya Jokeneame mo Karemele e le nngwe fela;
23
kgosi ya Dore mo thoteng ya Dore e le nngwe fela; kgosi ya Goiime mo Gilegale e le nngwe fela;
24
kgosi ya Tiresa e le nngwe fela; dikgosi tsotlhe di le 31.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24