bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Joshua 18
Joshua 18
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 19 →
1
Phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele ya phuthegela kwa Shilo, mme ba tlhoma mogope wa bophuthegelo teng; lefatshe la bo le fenyegile fa pele ga bone.
2
Ga bo go setse ditso di supa mo baneng ba Iseraele, tse di iseng di abelwe boswa jwa tsone.
3
Mme Jošua a raya bana ba Iseraele, a re: “Lo tlaa nyafala ka lobaka lo lo kae go ya go rua lefatshe le Jehofa Modimo wa borraeno o le lo neileng?
4
Itebalebeleng banna ba le bararo ba lotso longwe le longwe; ke tlaa ba roma, ba tlaa nanoga ba ralala lefatshe ba le kwala ka fa bosweng jwa bone, ba tla itse go tla kwano go nna.
5
Ba tlaa le kgaoganya sesupa: Juta o tlaa nna mo teng ga molelwane wa gagwe fela ntlheng ya borwa, ba ntlo ya ga Josefe ba tlaa nna mo teng ga molelwane wa bone ntlheng ya botsheka.
6
Lo tla kwala lefatshe dikabo di supa, lo lere lokwalo kwano go nna; mme ke tlaa lo laolela ka bola fano fa pele ga Jehofa Modimo wa rona.
7
Gonne Balefi ga ba na kabelo mo go lona; gonne boperesiti jwa ga Jehofa ke jone boswa jwa bone; mme Gate le Rubene le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase ba amogetse boswa jwa bone kwa moseja ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi, jo Moše motlhanka wa ga Jehofa o bo ba neileng.”
8
Banna bao ba nanoga ba tsamaya; Jošua a laya bone ba ba yang go kwala lefatshe, a re: “Yang lo ralale lefatshe, lo le kwale, lo itse go boela kwano go nna, ke tlaa lo laolela ka bola fano fa pele ga Jehofa mo Shilo.”
9
Banna bao ba ya ba ralala lefatshe, ba le kwala dikgaogano di supa mo lokwalong ka fa metseng ya lone, ba itse go tla kwa go Jošua mo bothibelelong kwa Shilo.
10
Jošua a ba laolela ka bola mo Shilo fa pele ga Jehofa; Jošua a kgaoganyetsa bana ba Iseraele lefatshe teng, ka fa dikgaoganong tsa bone.
11
Kabelo ya taolelo ya lotso lwa bana ba ga Benjamine ya tswa ka fa ditshikeng tsa bone; molelwane wa taolelo ya bone wa tswa fa gare ga bana ba ga Juta le bana ba ga Josefe.
12
Molelwane wa bone ntlheng ya botsheka wa simologa mo Joretane; molelwane wa tlhatlogela kwa lotlhakoreng lwa Jeriko ntlheng ya botsheka, wa tlhatloga le lefatshe la makgabana, wa ya ntlheng ya bophirimatsatsi; mafelelo a one a nna mo nageng ya Bethafene.
13
Molelwane wa tswa teng wa kgabaganyetsa kwa Luse, kwa lotlhakoreng lwa Luse (ke one Bethele) ntlheng ya borwa; molelwane wa fologela kwa Atarothe-atare ka fa thabeng e e potileng Bethehorone o o kwa tlase, ntlheng ya borwa.
14
Molelwane wa ralwa, mo ntlheng ya bophirimatsatsi wa menogela kwa ntlheng ya borwa, go tswa mo thabeng e e lebaganyeng le Bethehorone go ya ntlheng ya borwa; mafelelo a one a nna kwa Kiriathe-baale (ke one Kiriathe-jearime) motse wa bana ba ga Juta; ya nna one mofama wa kwa bophirimatsatsi.
15
Ntlha ya borwa ya simologa kwa bofelong jwa Kiriathe-jearime, molelwane wa tswela ntlheng ya bophirimatsatsi, wa tswela kwa motsweding wa metsi wa Nefetoa.
16
Molelwane wa fologela kwa bofelong jwa thaba e e lebaganyeng le mogogoro wa morwa Hinome, o o mo mogogorong wa Refaime ntlheng ya botsheka; wa fologela mo mogogorong wa Hinome go ya lotlhakoreng lwa Mojebuse ntlheng ya borwa, wa fologela kwa Enerogele;
17
wa ralwa ntlheng ya botsheka, wa tswa fa Enešemeše, wa tswela kwa Gelilothe, o o lebaganyeng le botlhatlogo jwa Adumime; wa fologela kwa letlapeng la ga Bohane morwa Rubene;
18
wa feta wa ya kwa lotlhakoreng lo lo lebaganyeng le Areba ntlheng ya botsheka, wa fologela mo Areba.
19
Molelwane wa kgabaganyetsa kwa lotlhakoreng lwa Bethehogela ntlheng ya botsheka; mafelelo a molelwane a nna mo sekgonong sa botsheka sa Lewatle la Letswai, kwa bokhutlong jwa Joretane ntlheng ya borwa; e ne e le one molelwane ntlheng ya borwa.
20
Joretane e ne e le molelwane wa lone ntlheng ya botlhabatsatsi. E ne e le jone boswa jwa bana ba ga Benjamine, ka melelwane ya lone mo tikologong, ka fa ditshikeng tsa bone.
21
Jaana metse ya lotso lwa bana ba ga Benjamine, ka fa ditshikeng tsa bone e ne e le Jeriko, Bethehogela, le Emeke-kesise;
22
le Betharaba, le Semaraime, le Bethele;
23
le Afime, le Para, le Ofera;
24
le Kefaramoni, Ofeni, le Geba; metse e le 12, le metsana ya yone;
25
Gibeone, Rama le Beerothe;
26
le Misepe, Kefira le Mosa;
27
le Rekeme, Irepeele le Tarala;
28
le Sela, Elefe, le Mojebuse (ke one Jerusalema), Gibeathe le Kiriathe; metse e le 14, le metsana ya yone. Ke yone boswa jwa bana ba ga Benjamine ka fa ditshikeng tsa bone.
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24