bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Joshua 14
Joshua 14
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 15 →
1
A, ke one maswa a bana ba Iseraele ba ne ba a tsaya mo lefatsheng la Kanana, a Eleasare moperesiti, le Jošua morwa Nune, le ditlhogo tsa makgotla a borra batho ba ditso tsa bana ba Iseraele, a ba a abetseng,
2
ka go laolwa ka bola ga boswa jwa bone, jaaka Jehofa a laotse ka Moše, ka ga ditso tse di ferang o le mongwe, le ka ga bontlhanngwe jwa lotso.
3
Gonne boswa jwa ditso tse pedi le jwa bontlhanngwe jwa lotso, Moše o ne a bo abile kwa moseja ga Joretane; mme Balefi a se ka a ba naya boswa bope mo go bone.
4
Gonne bana ba ga Josefe ba ne ba le ditso di le pedi, Manase le Eferaime; mme ba se ka ba naya Balefi kabelo epe ya lefatshe, fa e se metse ya go aga mo go yone, e na le dintlhana tsa yone, ga dikgomo le ga dithuo tsa bone.
5
Jaaka Jehofa a laotse Moše, bana ba Iseraele ba dira jalo, ba kgaoganya lefatshe.
6
Foo bana ba Juta ba atamela kwa go Jošua mo Gilegale; mme Kalebe morwa Jefune wa Mokenise a mo raya a re: “O a se itse selo se Jehofa o ne a se bua le Moše motho wa Modimo, ka ga me le ka ga gago, mo Kateše-barenea.
7
E rile Moše motlhanka wa ga Jehofa a nthoma ke tswa mo Kateše-barenea ke ya go tlhola lefatshe, ka bo ke le dinyaga di le 40; ka ba ka mo leretse lefoko jaaka go ne go le mo pelong ya me.
8
Le fa go ntse jalo bana ba ga rre ba ke ne ke tsamaile nabo ba nyerisa dipelo tsa batho; mme nna ka sala Jehofa Modimo wa me morago ka botlalo.
9
Moše a ikana ka tsatsi leo, a re: ‘Ruri lefatshe le lonao lwa gago lo le gatileng, e tlaa nna boswa jwa gago le jwa bana ba gago ka bosakhutleng, ka o setse Jehofa Modimo wa gago morago ka botlalo.’
10
Jaana bona, Jehofa o ntshedisitse, jaaka a ne a bua, ka dinyaga tse di 45 tse, go tswa mo lobakeng lwa jale jaaka Jehofa a bua lefoko le le Moše, Iseraele o ntse a sepela mo nageng; mme jaana bona, gompieno ke botsofe jwa dinyaga di le 85.
11
Gompieno ke sa ntse ke le thata, fela jaaka mo letsatsing le Moše o ne a nthoma ka lone, jaaka thata ya me e ne e ntse jale, thata ya me e ntse fela jalo le jaana, ya go tlhabana, ya go bolola le ya go goroga.
12
Ke gone jaana, ka re: Nnaya thaba e Jehofa o ne a bua ka ga yone ka tsatsi leo; gonne o ne wa utlwa mo tsatsing leo jaaka Baanake ba ne ba le gone, le metse ya bone fa e le megolo e thekeleditswe; e tlaa re gongwe Jehofa a nne le nna, mme ke ba leleke, jaaka Jehofa a ne a bua.”
13
Jošua a mo segofatsa; a naya Kalebe morwa Jefune Heberone go nna boswa.
14
Jalo Heberone wa nna boswa jwa ga Kalebe morwa Jefune wa Mokenise nako e sa le eno; gonne o ne a sala Jehofa Modimo wa Iseraele morago ka botlalo.
15
Gale leina la Heberone e ne e le Kiriathe-areba; Areba yoo e ne e le ene motho yo mogolo mo go Baanake. Lefatshe la bona boikhutso mo ntweng.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24