bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Joshua 15
Joshua 15
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 16 →
1
Kabelo ya taolelo ya lotso lwa bana ba ga Juta ka fa ditshikeng tsa bone, ya ya go fitlha kwa molelwaneng wa Etome, e bong kwa nageng ya Tsine ntlheng ya borwa, kwa bofelelong jwa ntlha ya borwa.
2
Molelwane wa bone wa ntlha ya borwa o ne o tswa bofelelong jwa Lewatle la Letswai, kwa sekgonong bolebana le ntlha ya borwa.
3
Wa bo o isa bopota mokong wa Akerabime ntlheng ya borwa, wa kgabaganyetsa kwa Tsine, wa tlhatloga bopota Kateše-barenea ka fa ntlheng ya borwa, wa feta ka Heserone, wa tlhatlogela kwa Atare, wa menogela kwa Kareka;
4
wa kgabaganyetsa kwa Asemone, wa tswa ka molatswana wa Egepeto; mme mafelelo a molelwane e ne e le mo lewatleng; o, e tlaa nna one molelwane wa lona ntlheng ya borwa.
5
Molelwane wa ntlha ya ka fa botlhabatsatsi e ne e le Lewatle la Letswai go ya fela kwa bokhutlong jwa Joretane. Molelwane wa ntlha ya botsheka o ne o tswa kwa sekgonong sa lewatle kwa bokhutlong jwa Joretane.
6
Molelwane wa tlhatlogela kwa Bethehogela, wa feta bopota Betharaba ka fa ntlheng ya botsheka; molelwane wa tlhatlogela kwa letlapeng la ga Bohane morwa Rubene.
7
Molelwane wa tlhatlogela kwa Debire, go tswa mo molapong wa Akore, wa ya jalo ntlheng ya botsheka, o lebile Gilegale, o o lebaganyeng le mokong wa Adumime, o o potileng noka ntlheng ya borwa; mme molelwane wa feta wa ya kwa metsing a Enešemeše, mme mafelelo a one a ne a le mo Enerogele.
8
Molelwane wa tlhatloga le mogogoro wa morwa Hinome go ya kwa lotlhakoreng lwa Mojebuse ntlheng ya borwa (ke one Jerusalema); molelwane wa tlhatlogela kwa godimo ga thaba e e emeng bolebagana le mogogoro wa morwa Hinome ntlheng ya bophirimatsatsi, ke go re kwa bofelong jwa mogogoro wa Refaime ntlheng ya botsheka.
9
Molelwane wa ralwa kwa godimo ga thaba, wa ralelwa kwa motsweding wa metsi a Nefetoa, wa tswela kwa metseng ya thabana ya Eferone; molelwane wa ralelwa kwa Baala (ke one Kiriathe-jearime).
10
Kwa Baala molelwane wa menogela ntlheng ya bophirimatsatsi go ya thabeng ya Seire, wa fetela kwa lotlhakoreng lwa thaba ya Jearime ntlheng ya botsheka (ke one Kesalone), wa fologela kwa Bethešemeše, wa feta ka fa Timena.
11
Molelwane wa tswela kwa lotlhakoreng lwa Ekerone ntlheng ya botsheka; molelwane wa ralelwa kwa Shikerone, wa fetela kwa thabaneng ya Baala, mme wa tswa fa Jabeneele; mafelelo a molelwane a ne a le mo lewatleng.
12
Molelwane wa ka fa bophirimatsatsi wa nna kwa lewatleng le legolo le losi lwa lone. Ke one molelwane wa bana ba ga Juta mo tikologong ka fa ditshikeng tsa bone.
13
A naya Kalebe morwa Jefune kabelo mo baneng ba Juta ka fa Jehofa o laotseng Jošua ka gone, e bong Kiriathe-areba, yo o eng ene Areba, rraagwe Anake (ke ene Heberone).
14
Kalebe a leleka gone bomorwa Anake ba bararo, Shešai, le Ahimane, le Talemai, bana ba ga Anake.
15
Mme a tlhatloga teng a ya go tlhasela banni ba Debire; gale leina la Debire e ne e le Kiriathe-sefere.
16
Kalebe a re: “Yo o kgemethang Kiriathe-sefere, a go thopa, ke tlaa mo naya morwadiake Akesa go nna mosadi.”
17
Otheniele, morwa Kenase, monnaa Kalebe, a o thopa; mme a mo naya morwadie Akesa go nna mosadi.
18
Ga dirala ya re mosadi a tla kwa go ene, a mo tlhotlheletsa gore a lope rraagwe naga nngwe; mosadi a pagologa mo eseleng ya gagwe; Kalebe a mo raya a re: “O eletsang?”
19
Mosadi a mo raya, a re: “Nnaya lesego; e re ka o mpeile mo lefatsheng la Borwa, o bo o nneye le metswedi ya metsi.” Mme a mo naya metswedi ya godimo le metswedi ya tlase.
20
Jo ke jone boswa jwa lotso lwa bana ba ga Juta ka fa ditshikeng tsa bone.
21
Metse ya bofelo ya lotso lwa bana ba Juta go isa ntlheng ya molelwane wa Etome, ntlheng ya Borwa, e ne e le Kabeseele, le Etere, le Jagure;
22
le Kina, le Dimona, le Atata;
23
le Keteše, le Hasore le Ithenane;
24
Sife, le Teleme le Bealothe;
25
le Hasore-hatata, le Keriothe-heserone (ke one Hasore);
26
Amame, Shema le Molata;
27
le Hasare-gata, le Hešemone le Bethepelete;
28
le Hasare-šuale, Beerešeba, le Bisiothia;
29
Baala, Iime le Eseme;
30
le Eletolate, le Kisile le Horema;
31
le Sikelage, le Matemana le Sanesana;
32
le Lebaothe, Shilehime, le Aine le Rimone; metse yotlhe e le 29, e na le metsana ya yone.
33
Mo fatsheng le le kwa sehuting, Ešetaole, le Sora le Ašena;
34
le Sanoa, le Eneganime, Tapua le Ename;
35
Jaremuthe, le Adulame, le Soko le Aseka;
36
le Shaaraime, le Adithaime, le Getera, Geterothaime, metse e le 14, e na le metsana ya yona.
37
Senane, le Hataša, le Migatalegate;
38
le Dileane, le Misepe, le Joketheele;
39
Lakiše, le Bosekathe, le Egelone;
40
le Kabone, le Lahemame, le Kithiliše;
41
le Geterothe, le Bethetagone, le Naama le Maketa; metse e le 16, e na le metsana ya yone.
42
Libena, le Ethere, le Ašane;
43
le Ifeta, le Ašena, le Nesibe;
44
le Keila, le Akesibe, le Mareša; metse e e ferang o le mongwe, e na le metsana ya yone.
45
Ekerone, o na le metse ya teng le metsana ya gone;
46
go tswa mo Ekerone go ya fela kwa lewatleng, yotlhe e e bapileng le Ašetote, e na le metsana ya yone.
47
Ašetote, metse ya teng le metsana ya gone; Gasa, metse ya gone le metsana ya gone; go ya kwa molatswaneng wa Egepeto, le kwa lewatleng le legolo, le losi lwa lone.
48
Le mo lefatsheng la makgabana, Shamire, le Jatire, le Soko;
49
le Danna, le Kiriathe-Sanna (ke one Debire);
50
le Anabe, le Ešetemo, le Anime;
51
le Gošene, le Holone, le Gilo; metse e le 11 e na le metsana ya yone.
52
Arabe, le Duma, le Ešane;
53
le Janime, le Bethetapua, le Afeka;
54
le Humeta, le Kiriathe-areba (ke one Heberone), le Siore; metse e e 9 e na le metsana ya yone.
55
Maone, le Karemele, le Sife, le Juta
56
le Jesereele, le Joketeame, le Sanoa;
57
Kaine, Gibea, le Timena; metse e le some e na le metsana ya yone.
58
Halehule, Bethesure le Getore;
59
le Maarathe, Bethanothe le Eletekone; metse e le merataro e na le metsana ya yone.
60
Kiriathe-baale (ke one Kiriathe-jearime) le Raba; metse e le mebedi e na le metsana ya yone.
61
Mo nageng, Betharaba, Midine le Sekaka;
62
le Nibešane, motse wa Letswai, le Enegedi; metse e le merataro, e na le metsana ya yone.
63
Me ka ga Bajebuse, banni ba Jerusalema, ba bana ba Juta ba ne ba retelelwa ke go ba leleka: Bajebuse ba aga le bana ba Juta mo Jerusalema, nako e sa le eno.
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 16 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24