bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Joshua 16
Joshua 16
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 17 →
1
Kabelo ya taolelo ya bana ba ga Josefe, ya tloga mo Joretane fa Jeriko, fa metsing a Jeriko, ntlheng ya botlhabatsatsi, e bong mo nageng, ya tlhatloga ka Jeriko e ralala lefatshe la makgabana e leba kwa Bethele;
2
ya tswa Bethele ya leba Luse, ya kgabaganyetsa kwa molelwaneng wa Baareke, go ya kwa Atarothe;
3
ya fologela ntlheng ya bophirimatsatsi, ya ya kwa molelwaneng wa Bajafelete, kwa molelwaneng wa Bethehorone o o kwa tlase, e bong kwa Gesere; mme mafelelo a molelwane a nna mo lewatleng.
4
Mme bana ba ga Josefe, e bong Manase le Eferaime, ba tsaya boswa jwa bone.
5
Molelwane wa bana ba ga Eferaime ka fa ditshikeng tsa bone wa nna jaana: e bong molelwane wa boswa jwa bone ntlheng ya botlhabatsatsi, ya nna: Atarothe-atare, go ya kwa Bethehorone o o godimo.
6
Molelwane wa tswela ntlheng ya bophirimatsatsi fa Mikemethathe ntlheng ya botsheka; molelwane wa menogela ntlheng ya botlhabatsatsi wa ya kwa Taanate-šilo, wa feta ka gone o isa bopota Janoa ntlheng ya botlhabatsatsi ga Janoa;
7
wa tswa Janoa wa fologela kwa Atarothe, le kwa Naara, wa fitlha kwa Jeriko, wa khutla mo Joretane.
8
Go tswa Tapua molelwane wa tswela ntlheng ya bophirimatsatsi kwa molatswaneng wa Kana; mafelelo a one a nna mo lewatleng. Jo ke jone boswa jwa lotso lwa bana ba ga Eferaime ka fa ditshikeng tsa bone;
9
bo pataganye le metse e e lomololetsweng bana ba ga Eferaime mo gare ga boswa jwa bana ba ga Manase, metse yotlhe le metsana ya yone.
10
Mme ba se ka ba leleka Bakanana ba ba neng ba agile mo Gesere; Bakanana ba aga mo gare ga Eferaime nako e se le eno, ba tswa batlhanka ba go dira se ba se laolwang.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 17 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24