bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Joshua 6
Joshua 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 7 →
1
Jaana Jeriko o ne o tswaletswe ruri thata ka ntlha ya bana ba Iseraele, go ne go sa tswe ope, go sa tsene ope.
2
Jehofa a raya Jošua, a re: “Bona, ke tsentse Jeriko mo seatleng sa gago, le kgosi ya gone, le banna ba diganka ba ba nonofileng.
3
Lo dikologe motse, batlhabani botlhe ba ntwa ba potonoge motse gangwe fela. O dire jalo ka malatsi a le marataro.
4
Baperesiti ba supa ba tsamaye fa pele ga letlole ba tshotse diphala di supa tsa dinaka tsa diphelefu; e tlaa re ka tsatsi la bosupa lo potonoge motse gasupa, mme baperesiti ba letse dinaka.
5
Go tlaa dirala, go re fa ba gelebetla ka boleele ka dinaka tsa diphelefu, mme fa lo utlwa modumo wa dinaka, a batho botlhe, ba thele lošalaba lo logolo; mme lorako lwa motse lo tlaa salalagana fela, batho ba tlaa palama, mongwe le mongwe fa go lebaganyeng nae.”
6
Jošua morwa Nune a bitsa baperesiti, a ba raya a re: “Tsholetsang letlole la kgolagano, baperesiti ba supa ba tsamaye fa pele ga letlole la ga Jehofa ba tshotse diphala di supa tsa dinaka tsa diphelefu.”
7
A raya batho a re: “Fetang lo dikologe motse, batho ba ba tlhometseng ba fetele fa pele ga letlole la ga Jehofa.”
8
Ga nna jalo, go re, e rile Jošua a sena go bua le batho, baperesiti ba supa ba ba tsotseng diphala di supa tsa naka tsa diphelefu fa pele ga Jehofa, ba feta ba letsa dinaka; mme letlole la kgolagano ya ga Jehofa la ba sala morago.
9
Banna ba ba tlhometseng ba ya fa pele ga baperesiti ba ba letsang diphala, tshimega ya sala letlole morago, baperesiti ba re ba tsamaya ba bo ba ntse ba letsa diphala.
10
Mme Jošua a laola batho, a re: “Lo se ka lwa thela lošalaba, le fa e le go ntsha lentswe, le fa e le lefoko lepe le se ka la tswa mo molomong wa lona, go tsamaya letsatsi le tla, le ke tlaa lo rayang ka lone, ke re: ‘Thelang lošalaba;’ foo lo tlaa thela lošalaba.”
11
Jalo letlole la ga Jehofa a le potonosa motse gangwe fela; mme ba tla mo bothibelelong, ba lala mo bothibelelong.
12
Jošua a phakela le baperesiti, ba tsaya letlole la ga Jehofa.
13
Baperesiti ba supa ba ba tshotseng diphala di supa tsa dinaka tsa diphelefu fa pele ga letlole la ga Jehofa, ba tswelela fela ba ntse ba letsa diphala, banna ba ba tlhometseng ba ba etelela pele; tshimega ya sala letlole la ga Jehofa morago, baperesiti ba feta ba letsa diphala.
14
Ba potonoga motse gangwe fela ka tsatsi la bobedi, ba boela mo bothibelelong; ba dira jalo ka malatsi a le marataro.
15
Ga dirala ya re ka letsatsi la bosupa ba phakela thata ka makuku, ba potonoga motse gasupa ka mokgwa oo fela; fa e se go re ka tsatsi leo ba potonoga motse gasupa.
16
Ga dirala ya re ka lwa bosupa ka baperesiti ba letsa dinaka, Jošua a raya batho, a re: “Thelang lošalaba; gonne Jehofa o lo neile motse.
17
Motse a o neelelwe, e bong one le tsotlhe tse di mo go one, a o neelelwe Jehofa; Rahabe seaka ke ene esi yo o tlaa tshelang, ene le botlhe ba o nang nabo mo ntlong, ka a fitlhile barongwa ba re ne re ba romile.
18
Lona, le gale lo ikefe mo go se se neeletsweng, e se ka ya re lo sena go se neelela, lwa tsaya ga se se neeletsweng; jalo lwa dira bothibelelo jwa Iseraele go hutsega, mme lwa bo kgobera.
19
Mme selefera sotlhe le gouta, le dilwana tsa kgotlho le tsa tshipi, di boitshepelo Jehofa, di tlaa tla mo polokelong ya ga Jehofa.”
20
Jalo batho ba thela lošalaba, le baperesiti ba letsa dinaka: ga dirala, ya re batho ba utlwa modumo wa phala, batho ba thela lošalaba lo logolo, lorako lwa salalagana, mme batho ba palamela mo motseng, mongwe le mongwe fa go lebaganyeng nae, ba thopa motse.
21
Ba senyetsa ruri dilo tsotlhe tse di mo motseng, monna le mosadi, lekau le motsofe, kgomo le sehutshane le esela, ba di senya ka bojetla jwa tšhaka.
22
Jošua a raya banna ba babedi ba ba neng ba tlhola lefatshe, a re: “Tsenang mo ntlong ya seaka lo ntshe mosadi teng, le tsotlhe tse o nang natso, jaaka lo mo ikanetse.”
23
Makau, e bong ditlhola, a tsena, a ntsha Rahabe, le rraagwe, le mmaagwe, le bana ba ga rraagwe, le tsotlhe tse o ne a na natso, le botlhe ba losika lwa gagwe, ba ba ntshetsa kwa ntle, ba ba baya kwa ntle ga bothibelelo jwa Iseraele.
24
Ba fisa motse ka molelo, le tsotlhe tse di mo go one; fa e se selefera le gouta, le dilwana tsa kgotlho, le tsa tshipi, tsone ba di tsenya mo polokelong ya ntlo ya ga Jehofa.
25
Mme Rahabe seaka, le ba ntlo ya ga rraagwe, le tsotlhe tse o ne a na natso, Jošua a di tshedisa; mme mosadi o sa le a aga mo gare ga Iseraele, nako ke eno, ka a ne a fitlha barongwa ba Jošua o kileng a ba roma ba ya go tlhola Jeriko.
26
Jošua a ba laya ka ikano ka baka loo, a re: “Go hutsegile motho fa pele ga Jehofa, yo o tlaa emang a aga motse wa Jeriko, o tlaa swelwa ke motsalwapele wa gagwe a thaya motheo wa one, mme o tlaa swelwa ke morwawe yo mmotlana a tlhoma ditswalo tsa one.”
27
Mme Jehofa a nna le Jošua jalo, mme tumedi ya gagwe ya nna mo lefatsheng lotlhe fela.
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24