bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Hebrews 1
Hebrews 1
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 2 →
1
Modimo, o e rileng ka o buile le borara mo metlheng ya bogologolo ka baperofeti, ka mafoko mangwe le mangwe, le ka mekgwa mengwe le mengwe,
2
o buile le rona mo bokhutlong jwa metlha eno ka Morwa one, yo o mmeileng morui wa dilo tsotlhe, yo o bileng wa dira dipopo ka ene;
3
yo e reng ka e le ene marang a kgalalelo ya one, le setshwano ka sebele sa Bomodimo jwa one, a bile a tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la nonofo ya gagwe; ka re, e rile a sena go dira bontlafatso jwa dibe, a dula ka fa letsogong le legolo la Borena kwa godimodimo.
4
O diregile mogolo go feta baengele, fela jaaka a ruile leina le le gaisang la bone.
5
Gonne o kile wa raya ofe wa baengele ka lobaka longwe wa re: “O Morwaake, ke go tsetse gompieno”? Gape, “Ke tlaa nna Rraagwe, Mme ene o tlaa nna Morwaake”?
6
Gape ya re o tlisa motsalwapele wa one mo lefatsheng wa re: “A baengele botlhe ba Modimo ba mo obamele.”
7
Ka ga baengele o buile wa re: “O dira baengele ba one diphefo, le badiredi ba one kgabo ya molelo.”
8
Mme ka ga Morwa one o buile, wa re: “Setulo sa gago sa bogosi, Modimo, se ntse ka bosakhutleng le ka bosaengkae; tsamma ya thokgamo ke yone tsamma ya bogosi jwa gago.
9
O ratile tshiamo mme wa ila boikepo; ke gone Modimo, Modimo wa gago, o go tloditseng ka lookwane lwa boitumelo godimo ga bankana ba gago.”
10
Gape: “Wena Morena, e rile mo tshimologong wa thaya motheo wa lefatshe, mme magodimo ke ditiro tsa diatla tsa gago;
11
tsone di tlaa nyelela, mme wena o nnetse ruri; tsone tsotlhe di tlaa onala jaaka seaparo;
12
mme o tlaa di mena jaaka morepo, jaaka seaparo, mme di tlaa fetolwa; mme wena o bo o ntse jaaka o ntse fela, dinyaga tsa gago ga di ketla di fela.”
13
O kile wa bua ka ga ofe wa baengele ka lobaka longwe wa re: “Dula ka fa letsogong la me le legolo, ke tle ke tsamaye ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago”?
14
Bone botlhe a ga se mewa e e direlang, e e rongwang mo tirong ka ntlha ya ba ba tlaa ruang poloko?
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13