bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Hebrews 5
Hebrews 5
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 6 →
1
Gonne moperesiti yo mogolo mongwe le mongwe, ka a tsewa mo bathong, o beelwa batho mo dilong tse e leng tsa Modimo, gore a isetse dibe dineo le ditlhabelo.
2
E le yo o ka neneketsang ka bonolo ba ba sa itseng, le ba ba timelang, ka le ene ka esi a dikanyeditswe ke bokoa.
3
Ka ntlha ya gone moo, o na le go ikisetsa setlhabelo jaaka a tle a isetse dibe tsa batho.
4
Ga go motho ope yo o inayang tlotlo e, fa e se mogang o bidiwang ke Modimo, fela jaaka Arone a biditswe.
5
Go ntse jalo, Keresete le ene, ga a ka a ikgalaletsa go dirwa moperesiti yo mogolo, mme ke one o o buileng nae wa re: “O Morwaake, ke go tsetse gompieno,”
6
le jaaka a bile a buile mo felong go gongwe a re: “O moperesiti ka bosakhutleng, ka fa mokgweng wa ga Melekiseteke.”
7
(E bong Jesu,) yo e rileng mo metlheng ya gagwe a le mo nameng, a sena go isa merapelo le mekokotlelo e e nang le selelo se setona, le dikeledi, kwa go ene yo o nonofileng go mo golola mo losong; ya re a sena go utlwiwa ka ntlha ya go boifa Modimo ga gagwe;
8
le fa a le ngwana, le fa go ntse jalo, a ithuta kutlo ka dilo tse o di bogileng.
9
Mme e rile a sena go dirwa boitekanelo, a tswa mosimolodi wa poloka e e sa khutleng mo go botlhe ba ba mo utlwang,
10
a rewa ke Modimo leina go twe, Moperesiti yo mogolo ka fa mokgweng wa ga Melekiseteke.
11
Yo re nang le dilo di le dintsi go di bua ka gagwe, le tse di thata go phuthololwa, ka lo setse lo kabetse ditsebe.
12
Gonne fa e le ka ga lobaka, lo bo lo tshwanetse lwa bo ne ne fano lo le baruti, mme lo bile lo sa ntse lo tlhoka gore bangwe ba lo rute ditlhaka tsa tshimologo tsa mafoko a Modimo; lo bile gape lo ba ba tshwanetsweng ke maši, e seng ke dijo tse di loileng.
13
Gonne mongwe le mongwe yo o fetšwang ka maši ga a na tlwaelano le lefoko la tshiamo; gonne ke ngwanyana fela.
14
Dijo tse di loileng ke tsa banna ba ba godileng, e bong bone ba e a reng ka ba ntse ba dira, maikutlo a bone a tlwaediwe go lemoga molemo le bosula.
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13