bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Hebrews 2
Hebrews 2
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 3 →
1
Ke gone, re tshwanetseng go tlhokomela segolo thata dilo tse di utlwilweng, e se re kgotsa ra di katogelela koo.
2
Gonne fa lefoko le le builweng ka baengele le fitlhetswe le le tlhomamo, mme tlolo nngwe le nngwe le go gana go utlwa, ga bona tuelo ya tefiso e e lekalekanyeng;
3
ana rona re tlaa falola jang, fa re tlhokomologa poloko e e kalo? E e rileng e sena go bolelwa pele ka Morena, ra e tlhomamisediwa ke ba ba e utlwileng.
4
Modimo le one o ntse o supa nabo ka ditshupo, le dikgakgamatso, le ka dinonofo di le dintsi, le ka dineo tsa Mowa o o Boitshepo, ka fa go rateng ga one.
5
Gonne lobopo lo lo tlang, lo re buang ka ga lone, ga o a ka wa lo baya mo taolong ya baengele.
6
Mongwe o boletse golo gongwe a re: “Kana motho e be e le eng, fa e bo ne ne o mo gopola, le morwa motho, fa e bo ne ne o mo lekola?
7
Wa mo fokoletsa boemo go le gonnye fela mo baengeleng; wa mo rwesa kgalalelo le tlotlo, wa mo naya taolo mo ditirong tsa diatla tsa gago.
8
Wa baya dilo tsotlhe fa tlase ga dinao tsa gagwe, di le mo taolong.” Gonne e re ka o ne o baya dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe, ga o a ka wa sadisa sepe se se seng mo taolong ya gagwe. Mme gompieno ga re ise re bone dilo tsotlhe fa di beilwe mo taolong ya gagwe.
9
Re bona ene, e bong Jesu, yo o fokoleditsweng boemo go le gonnye mo baengeleng, a rwesitswe kgalalelo le tlotlo, ka ntlha ya gobo a kile a boga loso, gore e tle e re ka tshegofatso ya Modimo a be a lekeleletse motho mongwe le mongwe loso.
10
Gonne go ne go tshwanetse one o dilo tsotlhe di leng ka one, le o dilo tsotlhe di nnetseng ka one, fa o isa bana ba le bantsi kgalalelong, gore o dire mosimolodi wa poloko ya bone boitekanelo ka dipogisego.
11
Gonne go le yo o itshepisang, le ba ba itshepisiwang, ke ba mongwe fela botlhe. Ke gone o sa tlhajweng ke ditlhong ke go ba bitsa bakaulengwe; a re:
12
“Ke tlaa kakanyetsa bakaulengwe ba me leina la gago, ke tlaa opela pako ya gago mo gare ga phuthego.”
13
Gape a re: “Ke tlaa mo ikanya.” Gape a re: “Bona nna le bana ba Modimo o ba nneileng.”
14
E re ka bana ba tlhakanetse nama le madi, le ene ka esi a itlhakanya natso jalo; gore e tle e re ka loso a nyeletse ene yo o ne a na le nonofo ya loso, e bong diabolo;
15
le gore a golole bone botlhe, ba e rileng ka poifo ya loso ba bo ba ntse ba le mo kgolegong, mo botshelong jotlhe jwa bone.
16
Gonne ruri ga se baengele ba o ba kakatlololang, mme o kakatlolola losika lwa ga Aberahame.
17
Ke gone, go ne go mo tshwanetse go dirwa jaaka bomonnawe mo dilong tsotlhe, gore a nne moperesiti yo mogolo, yo o boutlwelobotlhoko le boikanngo mo dilong tse e leng tsa Modimo, go direla dibe tsa batho tetlano.
18
Gonne e re ka ene ka esi a bogisegile ka a raelwa, o nonofile go thusa ba ba raelwang.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13