bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Hebrews 10
Hebrews 10
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 11 →
1
Gonne molao, ka o ne o na le moriti fela wa dilo tse di molemo, tse di ne di tla, e seng setshwano sa dilo sebele, baperesiti ga ba ka ke ba dira gope, gore ba ba atamelang ba nne boitekanelo, ka tse e leng ditlhabelo tse ba tleng ba di ise ka gale ka ngwaga le ngwaga.
2
Fa go ne go sa nna jalo, a di ne di ka bo di sa khutlelwa go tlhola di isiwa? Ka gobo baobami, fa ba ka bo ba kile ba ntlafadiwa gangwe fela, ba ko ba sa tlhole ba ikutlwa dibe.
3
Mme mo ditlhabelong tseo go bo go ntse go dirwa kgopodiso ya dibe ka ngwaga le ngwaga.
4
Gonne go retetse ruri fa madi a dipoo le a dipodi a ka tlosa dibe.
5
Ke gone e rileng a tla mo lefatsheng, a bua a re: “O ganne setlhabelo le tshupelo, mme wa mpaakanyetsa mmele.
6
Ga o a ka wa dira le kgatlhego epe mo ditshupelong tsa phiso di le boleka, le fa e le mo ditshupelong tsa boleo.
7
Foo ka bua ka re: ‘Bona, ke tsile go dira go rata ga gago, Modimo.’ jaaka go kwadilwe ka ga me mo kabong ya lokwalo.”
8
Jaaka e le fa o buile wa re: “Ditlhabelo le ditshupelo, le ditshupelo tsa phiso di le boleka, le ditshupelo tsa boleo, o di ganne, wa se ka wa kgatlhega mo go tsone,” le mororo e le tse di isiwang ka fa molaong.
9
Foo o tlogile a re: “Bona, ke tsile go dira go rata ga gagwe.” Mo ga pele wa go tlosa, gore a tle a tlhomamise mo ga bobedi.
10
Mme re itshepisitswe ke go rata mo ga Modimo, ka mmele wa ga Jesu Keresete go ntshediwa setlhabelo ruri gangwe fela.
11
Le gale moperesiti mongwe le mongwe o tle a eme ka letsatsi lengwe le lengwe a direle, a ise ditlhabelo gantsi tse di tshwanang fela, e le tse di sa ka keng tsa tlosa dibe gope.
12
Mme ene, o rile a sena go isetsa ruri setlhabelo sa dibe se le sengwe fela, a dula ka fa letsogong le legolo la Modimo,
13
go nna a lebelela go tsamaya baba ba gagwe ba dirwa sebeo sa dinao tsa gagwe.
14
Gonne, ba ba itshepisitsweng o ba dirile boitekanelo ka bosakhutleng, ka tshupelo e le nngwe fela.
15
Le Mowa o o Boitshepo o a re supetsa; gonne o rile o sena go bua go re:
16
“Kgolagano e ke tlaa e dirang nabo morago ga metlha eo ke e,” go bua Jehofa. “Ke tlaa baya melao ya me mo dipelong tsa bone, le mo mogopolong wa bone ke tlaa e kwala.” Foo a re:
17
“Le dibe tsa bone, le ditshiamololo tsa bone, ga nketla ke tlhola ke di gakologelwa gope.”
18
Jaana kwa boitshwarelo jwa tsone tse bo leng teng, ga go tlhole go na le tshupelelo ya boleo teng.
19
Ke gone, bagaetsho, e re ka re na le tshosologo ya go tsena mo Felong ga Boitshepo ka madi a ga Jesu,
20
ka tsela e o e re diretseng, tsela e ntšha le e e tshedileng, e e tsenang ka sesiro, ke go re, nama ya gagwe,
21
e re ka re na le moperesiti yo mogolo, yo o laolang ntlo ya Modimo,
22
a re atameleng ka pelo ya mmaanete mo botlalong jwa tumelo, pelo tsa rona di kgatshitswe, di tlositswe segakolodi se se bosula, le mebele ya rona e tlhapisitswe ka metsi a mantle.
23
A re tshegetseng boipolelo jwa tsholofelo ya rona ka thata, gore bo se reketle; gonne ene yo o boletseng tsholofetso, o boikanngo;
24
a re gopolaneng, re tlhotlheletsanyeng mo loratong le mo ditirong tse di molemo;
25
re se ka ra bakela go phuthega ga rona, jaaka mokgwa wa bangwe, mme re laelane; bogolo thata ka lo bona motlha o atamela.
26
Gonne fa re leofa ka bomo re sena go amogela kitso ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa dibe.
27
Fa e se tebelelo e e boitshegang ya tshekiso, le ya bogale jwa molelo o o tlaa lailang baganetsi.
28
Motho yo o nyaditseng molao wa ga Moše o swa fela a sa tlhomogelwe pelo, ka lefoko la basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo.
29
Fa lo gopola, ene yo o gatakileng Morwa Modimo ka dinao, a ba a kaya madi a kgolagano, a o itshepisitsweng ka one, a re, ke selo fela se se sa itshepang, a rumola Mowa wa tshegofatso, ana ene o tlaa kaiwa a tshwanetswe ke petso e e botlhoko bo kae?
30
Gonne re a mo itse yo o rileng: “Pusoloso ke ya me, ke tlaa lefetsa.” Gape ga twe: “Jehofa o tlaa atlholela batho ba gagwe.”
31
Ke se se boitshegang go wela mo diatleng tsa Modimo o o tshedileng.
32
Lo ikgakolole metlha ya jale, e e rileng lo sena go bonesiwa, lwa bona ntwa e kgolo ya ditlhokofatso mo go yone,
33
ka ntlha e nngwe e le ka go ntshiwa segakgamalelo ka dikgobo le ka dipitlagano; ka ntlha e nngwe e le ka go di tlhakanela le ba ba direlwang jalo.
34
Gonne, ba ba mo dikgoleng lo ba tlhomogetse pelo, lwa itshokela go thopiwa ga dilo tsa lona ka boitumelo, lo ntse lo itse fa lona ka losi lo na le boswa jo bo molemo bogolo, le jo bo tlhomameng.
35
Ke gone, se latlheng tshosologo ya lona, e e nang le tefo e kgolo ya tuelo.
36
Gonne lo tshwanetse go dirana le bopelotelele, gore e tle e re lo sena go dira go rata ga Modimo, lo bo lo amogele polelo ya tsholofetso.
37
“Gonne go sa ntse go le lobakanyana, mme yo o tlang o tlaa tla, ga a ketla a diega;
38
mosiami wa me o tlaa tshela ka tumelo; mme fa a ikgogona, mowa wa me o tlaa bo o se na kgatlhego mo go ene.”
39
Mme ga re ba bone ba ba ikgogonelang kwa tatlhegong; mme re ba bone ba ba nang le tumelo e e isang polokong ya mowa.
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 11 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13