bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Hebrews 8
Hebrews 8
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 9 →
1
Jaana mo dilong tse re di buang, tshobokanyo ya tsone ke e, go re: Re na le moperesiti yo mogolo yo o ntseng jalo, yo o dutseng ka fa ntlheng ya letsogo le legolo ga setulo sa bogosi sa Borena kwa magodimong,
2
e le modiredi wa felo ga boitshepo, le wa motlaagana wa ammaaruri o Morena o o tlhomileng, e seng motho.
3
Gonne moperesiti yo mogolo mongwe le mongwe o beelwa go isa dineo le ditlhabelo; ke gone, go ne go tshwanetse fa moperesiti yo mogolo yo, le ene a ba a na le sengwe se o se isang.
4
Jaana fa a ka bo a le mo lefatsheng, o ka bo a se moperesiti gope, ka gobo go na le ba ba isang dineo ka fa molaong.
5
E le ba ba direlang se e leng malebela le moriti wa dilo tsa selegodimo, fela jaaka Moše a laiwa ke Modimo jale, ka a tlaa tloga a dira motlaagana; gonne wa re: “Bona, o dire dilo tsotlhe ka fa sekaong se o se bontshitsweng kwa thabeng.”
6
Mme jaanong, ene o bonye tirelo e e gaisang, jaaka a bile a le motsereganyi wa kgolagano e e molemo bogolo, e e theilweng mo dipolelong tsa tsholofetso tse di molemo bogolo.
7
Gonne fa kgolagano eo ya pele e ka bo e le e e se nang molato, go ka bo go ne go se ka ga senkelwa ya bobedi bonno.
8
Gonne e rile o bona batho ba one molato, wa bua wa re: “Bonang, metlha e etla,” go bua Jehofa, “e ke tlaa dirang kgolagano e ntšha le ba ntlo ya ga Iseraele, le ba ntlo ya ga Juta ka yone.
9
E seng ka fa kgolaganong e ke e dirileng le borraabo, jale mo tsatsing le ke ba tshwereng ka seatla go ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto ka lone; gonne ga ba a ka ba tlhomama mo kgolaganong ya me, le nna ga ke a ka ka ba tlhokomela,” go bua Jehofa.
10
“Gonne e ke yone kgolagano e ke tlaa e dirang le ba ntlo ya Iseraele morago ga metlha eo,” go bua Jehofa; “ke tlaa tsenya melao ya me mo mogopolong wa bone, ke e kwala le mo pelong tsa bone; ke tlaa nna Modimo wa bone, le bone ba tlaa nna batho ba me.
11
Ga ba ketla ba rutana, mongwe le mongwe mogae ka ene, le mongwe le mongwe wa ga gabo, ba re: ‘Itse Jehofa;’ gonne botlhe ba tlaa nkitse, go tswa mo go yo mmotlana go ya kwa go yo mogolo mo go bone.
12
Gonne ke tlaa nna boutlwelobotlhoko ka ga ditshiamololo tsa bone le dibe tsa bone, ga nketla ke tlhola ke di gopola.”
13
E re ka o bua o re: “Kgolagano e ntšha,” ke go re, ya pele, o e dirile kgologolo. Se se leng segologolo mme se onala, se bo se le gaufi le go nyelela.
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13