bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Hebrews 6
Hebrews 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 7 →
1
Ke gone a re khutleng go tlhola re bua ka ga ditshimologo tsa ntlhantlha tsa ga Keresete, mme a re gagamaleleng kwa boitekanelong; re se ka ra ba ra thaya motheo wa go ikwatlhaela ditiro tse di suleng, le wa tumelo Modimong,
2
le wa thuto ya dikolobetso, le wa peo ya diatla, le wa go tsoga ga baswi, le wa tshekiso e e sa khutleng.
3
Mo re tlaa go dira, fa Modimo o ka re leseletsa.
4
Gonne ka ga bone ba ba kileng ba bonesiwa, ba lekeletsa neo ya selegodimo, mme ba abelwa Mowa o o Boitshepo,
5
mme ba lekeletsa lefoko le le molemo la Modimo, le dinonofo tsa motlha o o tlang,
6
ka ba tlogile ba tenega; bao, go reteletse ruri go ba šafaletsa gape kwa boikwatlhaong, ka ba ipapolela Morwa Modimo seša, ba mo tlhabisa ditlhong mo ponatshegong.
7
Gonne lefatshe le le noleng pula e e ntseng e le na, le ungwa merogo e e tshwanetseng bone ba ba bileng ba le lemelwa; lefatshe leo le tle le bone tshegofatso mo Modimong.
8
Mme fa le ungwa mitlwa le setlasitlwane, le tle le gangwe, mme le bo le le gaufi le go hutsiwa; mme bofelelo jwa lone ke go jewa ke molelo.
9
Mme baratwa, le fa re bua jaana, re solofetse dilo tse di molemo bogolo go tseo ka ga lona, le dilo tse di pataganyeng le poloko.
10
Gonne Modimo ga o tshiamololo ya gore o ka lebala tiro ya lona, le go rata leina la one, mo lo go bonyweng ka lo ntse lo direla baitshepi, mme lo sa ntse lo ba direla le gompieno.
11
Re eletsa gore mongwe le mongwe wa lona a ke a bonwe a le tlhoafalo eo, go ya go fitlha mo botlalong jwa tsholofelo, le go fitlha kwa bokhutlong,
12
gore lo ke lo se bodufale, lo nne baetsi ba bone ba ba buileng dipolelo tsa tsholofetso ka tumelo le ka bopelotelele.
13
Gonne e rile fa Modimo o direla Aberahame polelo ya tsholofetso, e re ka go se na ope yo mogolo yo o ne o ka ikana ka ene, ga ikana one ka osi.
14
Wa re: “Ruri ke tlaa go segofatsa, ke ba ke go segofatsa; ke tlaa go atisa ke ba ke go atisa.”
15
Jalo o rile a sena go itshoka ka bopelotelele, a amogela se o ne a se solofeditswe.
16
Gonne batho ba tle ba ikane ka yo o leng mogolo; mme mo kgannyeng yotlhe ya bone, go ikana ke boelo jwa tlhomamiso.
17
Ke gone ka fa e rileng ka Modimo o laotse go kaela barui ba polelo ya tsholofetso bosafetogeng jwa kgakologelo ya one ka botlalo, wa tsena ka ikano,
18
gore e tle e re ka dilo di le pedi tse di sa ka keng tsa fetoga, tse go retetseng mo Modimong go aka mo go tsone, re bo re nne le nametsego e kgolo, e bong rona ba re tshabetseng kwa botshabelong, ra ya go itshwarelela ka tsholofetso e re e beetsweng pele e le seitsetsepetso;
19
e re nang nayo e seitsetsepetso sa mowa mo go rona, tsholofelo e e tlhomameng, e e sa tshikinyegeng, e bile e le e e yang go tsena ka kwa teng ga sesiro,
20
kwa Jesu o tsenetseng rona teng jaaka ketapele, ka a beilwe moperesiti yo mogolo ka bosakhutleng, ka fa mokgweng wa ga Melekiseteke.
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13