bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Hebrews 7
Hebrews 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 8 →
1
Gonne motho yo Melekiseteke, kgosi ya Saleme, moperesiti wa Modimo Mogodimodimo, yo o kgatlhantshitseng Aberahame, ka a fulara a tswa kwa polaong ya dikgosi, a mo segofatsa;
2
yo Aberahame o bileng a mo kgethela sa bosome sa dilo tsotlhe, yo e rileng pele, fa go phuthololwa, ke go re: “Kgosi ya tshiamo”, gape ke go re: “Kgosi ya Saleme”, ke go re: “Kgosi ya kagiso”,
3
a se na rraagwe, a se na mmaagwe, a sa balwe ka losika lope, a se na fa metlha ya gagwe e simologang teng, le fa botshelo bo khutlang teng, a dirilwe mo tshwanong ya Morwa Modimo – ene o ntse moperesiti ka metlha yotlhe.
4
A lo ke lo gopoleng bogolo jwa motho yo Aberahame, tlhogo ya morafe, o mo ntsheditseng sa bosome sa dikgapo tse dikgolo lekgetho.
5
Le gale ba e leng bana ba ga Lefi, ba ba tsayang boemo jwa baperesiti, ba na le taolo ya go re ba kgethelwe sa bosome ke batho ka fa molaong, ke go re, mo go ba ga bone, le fa bao ba dule mo mankopeng a ga Aberahame.
6
Mme ene yo losika lwa gagwe lo sa balweng ka bone, o kgethile tsa bosome mo go Aberahame, a segofatsa ene yo o nang le dipolelo tsa tsholofetso.
7
Mme ga go na kgang, yo mmotlana o tlaa segofadiwa ke yo o molemo bogolo.
8
Mono batho ba ba swang ba amogela tsa bosome; jale e ne e le mongwe yo go supilweng ka ga gagwe fa a tshedile.
9
Go ka twe, le ene Lefi, yo o amogelang tsa bosome, o ntshitse tsa bosome ka Aberahame.
10
Gonne o ne a sa ntse a le mo mankopeng a ga rraagwe, jale ka Melekiseteke a kgatlhana nae.
11
Jaana fa go ka bo go ne go na le boitekanelo ka boperesiti jwa Selefi – gonne batho ba amogetse molao mo sebakeng sa jone – go ne go sa dirwang ka moperesiti o sele yo o tlaa tsogang, e le yo o ka fa mokgweng wa ga Melekiseteke, a sa kaiwe ka fa mokgweng wa ga Arone?
12
Ka go bo fa boperesiti bo fetogile, molao le one o bo o na le go fetolwa.
13
Gonne ene yo dilo tse di buiwang ka ga gagwe ke wa lotso lo sele, lo go iseng go ke go nne le motho ope wa lona yo o kileng a dira fa sebesong.
14
Gonne go a bonala fa Morena wa rona a dule mo go Juta; e le lotso lo Moše o se kang a bua sepe ka ga lone ka ga baperesiti.
15
Mo re go buang, go bile go bonala bogolo thata, fa e ka re ka fa tshwanong ya ga Melekiseteke go bo go tsoga moperesiti yo mongwe.
16
Yo o beilweng e seng ka fa molaong wa taolo ya senama, mme e le ka fa nonofong ya botshelo jo bo se nang bokhutlo,
17
gonne go supilwe ka ga gagwe ga twe: “O moperesiti ka bosakhutleng, ka fa mokgweng wa ga Melekiseteke.”
18
Gonne go bo go na le go tlhomolola taolo nngwe ya gale ka ntlha ya bokoa le bo se nang thuso jwa yone.
19
(Gonne molao ga o a ka wa dira sepe sa itekanela,) go bile go na le go lere mo boemong jwa yone tsholofelo e e gaisang, e re atamelang Modimo ka yone.
20
E re ka go sa dirwe kwa ntle ga go ikana,
21
(gonne le gale bone bale, ba dirilwe baperesiti kwa ntle ga ikano; mme ene o dirilwe ka ikano, a dirwa ke ene yo o buileng ka ga gagwe a re: “Morena o ikanne, mme ga a ketla a fetoga, a re: ‘O moperesiti ka bosakhutleng.’ ”)
22
ka bokalo le gone Jesu o tsile a nna moemedi wa kgolagano e e molemo bogolo.
23
Bone le gale, ba dirilwe baperesiti ba le bantsi mo palong, ka gobo ba idiwa ke loso go nnela ruri.
24
Mme ene, e re ka a ntse ka bosakhutleng, boperesiti jwa gagwe ke jo bo sa ka keng jwa fetoga.
25
Ke gone ka moo le gone o nonofileng go bolokela ruri ba ba atamelang Modimo ka ene, ka a ntse a tshedile ka metlha yotlhe go ba rapelela.
26
Gonne re ne re tshwanetswe ke moperesiti yo mogolo, yo o ntseng jalo, a le boitshepo, a se na boleo, a se na leswe, a lomologanye le baleofi, mme a goleditswe godimo ga magodimo;
27
e le yo go sa batlegeng gore a etse baperesiti ba bagolo bale, go tla a isa ditlhabelo ka malatsi otlhe, lwa ntlha ka ga dibe tse e leng tsa gagwe, morago ka ga dibe tsa batho; gonne mo o go diretse ruri gangwe fela, jale ka go ikisa ene setlhabelo.
28
Gonne molao o baya batho baperesiti ba bagolo, e le ba ba nang le bokoa, mme lefoko la ikano le le duleng kwa morago ga molao, le baya Morwa Modimo, a itekanetse ka bosakhutleng.
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13