bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Hebrews 12
Hebrews 12
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 13 →
1
Ke gone, e re ka re dikanyeditswe ke boidiidi jo bo kalokalo jwa basupi, a le rona re latlheng bokete bongwe le bongwe, le boleo jo bo bofefo go re rareetsa, mme a re sianeng ka bopelotelele tshiano e re e beilweng pele,
2
re ntse re lebile kwa go Jesu, mosimolodi le mowetsi wa tumelo ya rona, yo e rileng ka boitumelo jo o bo beetsweng pele a itshokela mokgoro, a nyatsa ditlhong, mme a dula ka fa ntlheng ya letsogo le legolo la setulo sa Modimo sa bogosi.
3
A lo ke lo akanyeng ene yo o itshoketseng kganelo e e kalokalo ya baleofi ba ba ikganetsang, gore lo tle lo se ka lwa lapa, lwa ngodiega mo meweng ya lona.
4
Go ganela ga lona ga go ise go ko go fitlhe mo go tshologeng madi, lo ganela le boleo.
5
Lo bile lo lebetse tao e e buang le lona jaaka bana, e re: “Morwaaka, se nyatse kwatlhao ya Morena, o bo o se ngodiege fa o kgalemelwa ke ene;
6
gonne yo Morena o mo ratang o a tle a mo otlhaye, a kgwathise ngwana mongwe le mongwe yo o mo amogelang.”
7
Kwatlhao ke yone e lo e itshokelang. Aitse Modimo o lo direla jaaka bana; gonne ngwana ke ofe yo rraagwe o sa mo otlhayeng?
8
Mme fa lo sa bone kwatlhao e botlhe ba e bonang, lo bo lo le bana ba dikgora, e seng bana sebele.
9
Gape, re ne re na le borraetsho ba nama ba ba re otlhaileng, mme ra ba sisimoga. Bogolo thata a ga re ketla re nna kutlo mo go ene Rara wa mewa, ra tshela?
10
Gonne le gale bone ba re otlhaile ka malatsinyana, ka fa ba ratileng ka teng; mme ene o re gapela kwa molemong, e bong gore re abelwe boitshepo jwa gagwe.
11
Mo bakeng lono, e kete kwatlhao yotlhe e ntse jaaka e kete ga e na boitumediso, fa e se tlhokofatso fela; le fa go ntse jalo, e a re kwa morago ba ba e rutintshitsweng, e ba ungwele loungo lwa kagiso, e bong loungo lwa tshiamo.
12
Ke gone, tsholetsang mabogo a a lepeletseng, le mangole a a reketlang,
13
lo direle dinao tsa lona ditsela tse di siameng, gore se se tlhotsang se se ka sa lokologa, bogolo se tle se sidilege.
14
Latelang kagiso le batho botlhe, le boitshepiso jo go seng motho ope yo o tlaa bonang Morena kwa ntle ga jone.
15
Lo ntse lo iketse sedi, e se re kgotsa go bo go le motho mongwe yo o tlhaelang tshegofatso ya Modimo; e se re kgotsa modi mongwe o o galakang wa mela, wa lo tshwenya, mme batho ba le bantsi ba leswefadiwa ka gone;
16
gore e se re kgotsa go bo go le mogokafadi, le fa e le motho yo o tlhapatsang, jaaka Esau, yo o lesitseng botsalwapele jwa gagwe jwa rekwa ka sejonyana se se kgorwang gangwe fela.
17
Gonne lo a itse le gone, jaaka e rile kwa morago ka a eletsa go ja letlhogonolo boswa, a ganwa, le fa a le batlile ka tlhoafalo le ka dikeledi – gonne a se ka a bona ka fa o ka go dirololang ka teng.
18
Gonne ga lo a tla mo thabeng e e nang le go angwa, e e tukang molelo, le fa e le mo bontshong, le fa e le mo lefifing, le fa e le mo ledimong la phefo,
19
le fa e le mo tumong ya lonaka, le mo kodung ya mafoko; e le kodu e ba ba e utlwileng ba rapetseng, gore go se ka ga tlhola go buiwa lefoko lepe nabo.
20
Gonne ba ne ba retelelwa ke go itshokela se se laotsweng, sa go re: “Fa se e leng setshedi fela se ka ama thaba, a se kgobotlediwe ka maje.”
21
Panola ya gone ya bo e boitshega thata, Moše a ba a tla a re: “Ke boifa thata, ke bile ke a roroma.”
22
Mme lona lo tsile mo thabeng ya Sione, le mo motseng wa Modimo o o tshedileng mo Jerusalema wa selegodimo, le mo masomosomong a a se nang palo a baengele,
23
mo pitsong e kgolo ya botlhe fela, le mo phuthegong ya batsalwapele ba ba kwadilweng kwa legodimong, le mo Modimong Moatlhodi wa botlhe, le mo meweng ya basiami ba ba dirilweng boitekanelo.
24
Le mo go Jesu motsereganyi wa kgolagano e ntšha, le mo mading a kgatsho a a itseng go bua go gaisa a ga Abele.
25
Lo bo lo bone gore lo se ka lwa gana yo o buang. Gonne fa bao ba se ka ba falola jale, ka ba gana yo o tlhagisang a le mo lefatsheng, bogolo thata rona ga re ketla re falola, ba re fularelang ene yo o tlhagisang a le kwa legodimong;
26
yo lentswe la gagwe le reketlisitseng lefatshe jale; gompieno o boletse a re: “Ke sa ntse ke tlaa roromisa gangwe fela, e seng lefatshe fela, mme le lone legodimo.”
27
Mme lefoko le, la go re: “Gangwe fela,” le kaya go tlosiwa ga dilo tse di reketlang, jaaka ga dilo tse di bopilweng, gore dilo tse di se kang tsa reketla di sale.
28
Ke gone, e re ka re amogela bogosi jo bo sa ka keng jwa reketlisiwa, a re nneng le tshegofatso e re ka dirang tiro e e kgatlhang Modimo ka yone, ka tshisimogo le poifo;
29
gonne Modimo wa rona ke molelo o o lailang.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13