bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Corinthians 10
1 Corinthians 10
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 11 →
1
Gonne bagaetsho, ga ke rate lwa tlhoka go itse fa borraetsho ba ne ba le fa tlase ga leru botlhe, mme botlhe ba ralala lewatle;
2
botlhe ba kolobelediwa Moše mo lerung le mo lewatleng;
3
botlhe ba ja dijo di le dingwe fela tsa semowa;
4
botlhe ba nwa metsi a le mangwe fela a semowa; gonne ba ne ba nwa mo lefikeng lengwe la semowa le le ba setseng morago; mme lefika leo e ne e le Keresete.
5
Le fa go ntse jalo Modimo ga o a ka wa itumelela bontsi jwa bone; gonne ba ile ba ribigediwa mo nageng.
6
Jaana dilo tse e ne e le dikaelo tsa rona, gore re se ka ra eletsa dilo tse di bosula, jaaka bone ba kile ba di eletsa.
7
Le gone lo se ka lwa nna baobamedi ba medimo ya disetwa, jaaka bangwe ba bone; jaaka go kwadilwe ga twe: “Batho ba ne ba dulela go ja le go nwa, mme ba nanoga ba tshameka.”
8
Le gone a re se direng boaka, jaaka bangwe ba bone ba kile ba dira, mme ba swa ka letsatsi le le lengwe fela, ba le 23 000.
9
Le gone a re se lekeng Morena, jaaka bangwe ba bone ba kile ba mo leka, mme ba bolawa ke dinoga.
10
Le gone lo se ka lwa ngongorega, jaaka bangwe ba bone ba kile ba ngongorega, mme ba nyelediwa ke mosenyi.
11
Jaana dilo tse, di ba dirafaletse ka mokgwa wa sekaelo; mme tsa kwalwa gore di nne tlhagiso mo go rona, ba dikhutlo tsa metlha di wetseng mo go rona.
12
Ke gone yo o gopolang gore o eme, a itise gore a se ka a wa.
13
Ga lo a welwa ke thaelo epe e e sa ka keng ya itshokelwa ke motho, mme Modimo o boikanngo, o o se ketlang o lo lesa lwa raelwa ka mo go fetang nonofo ya lona; mme o tlaa re mo thaelong o lo baakanyetse kgoro ya phalolo le yone, gore lo tle lo bone go e itshokela.
14
Ke gone baratwa ba me, tshabang kobamelo ya medimo ya disetwa.
15
Ke bua jaaka fa go buiwa le batho ba ba botlhale; akanyang se ke se buang.
16
Senwelo sa tshegofatso se re se lebogelang, a ga se kabalano le madi a ga Keresete? Senkgwe se re se ngathoganyang, a ga se kabalano le mmele wa ga Keresete?
17
Ka rona ba re leng bantsi, re senkgwe se le sengwe fela, re mmele o le mongwe fela, gonne rotlhe re ja senkgwe se se leng sengwe fela.
18
Bonang Iseraele ka fa nameng. Ba ba jang ditlhabelo, a ga ba na kabalano le sebeso?
19
Ke a bo ke reng? A ke go re, se se isediwang modimo wa sesetwa setlhabelo ke selo sengwe, kgotsa modimo wa sesetwa ka osi ke selo sengwe?
20
Ka re, dilo tse Baditšhaba ba di isang ditlhabelo ba di isetsa badimo, e seng Modimo. Ga ke rate lwa bo lo na le kabalano le badimo.
21
Ga lo ka ke lwa nwa senwelo sa Morena, le senwelo sa badimo; ga lo ka ke lwa jela mo lomating lwa Morena, le mo lomating lwa badimo.
22
Kgotsa a ke go re, re fufanya Morena? A re thata bogolo go ene?
23
Dilo tsotlhe di letlelesegile; mme dilo tsotlhe ga di molemo go dirwa. Dilo tsotlhe di letlelesegile; mme dilo tsotlhe ga di agelele.
24
A go se nne motho ope yo o ipatlelang molemo fela, mme a mongwe le mongwe a batlele wa ga gabo molemo.
25
Tsotlhe tse di rekisiwang kwa botlhabelong lo di je fela, lo sa botse sepe ka ntlha ya segakolodi,
26
gonne lefatshe ke la Morena le botlalo jwa lone.
27
Fa mongwe wa ba ba sa dumelang a lo laletsa modiro, mme lo rata go ya; se lo se fiwang lo se je fela lo sa botse sepe, ka ntlha ya segakolodi.
28
Mme fa motho mongwe a lo raya a re: “Selo se, se ne se isitswe setlhabelo,” foo lo se ka lwa se ja, ka ntlha ya yo o se kaileng, le ka ntlha ya segakolodi.
29
Fa ke re segakolodi, ga ke reye sa gago, ke raya sa yo mongwe; gonne go itaola ga me go a bo go sekisediwang ka segakolodi sa o sele?
30
Fa ke ja ka tshegofatso, ke bolelwa ka bosula ka ntlha yang ka ga se ke se lebogetseng?
31
Ke gone, le fa loo ja, le fa loo nwa, le fa e ka bo e le eng se lo se dirang, tsotlhe, fela lo di direle kgaleletso ya Modimo.
32
Se kgopiseng bape, le fa e le Bajuta, le fa e le Bagerika, le fa e le phuthego ya Modimo;
33
fela jaaka le nna ke kgatlha batho botlhe mo dilong tsotlhe, ke sa itirele, mme ke direla ba ba leng bantsi, gore ba tle ba bolokwe.
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 11 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16