bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Corinthians 4
1 Corinthians 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 5 →
1
A motho a re kaye, jaaka re le badiredi ba ga Keresete, le balebalebedi ba masaitseweng a Modimo.
2
Mono go bile go lopiwa ka ga balebalebi, gore motho a fitlhelwe a le boikanngo.
3
Mme mo go nna ke selo se sennyennye fa ke ka sekasekwa ke lona, le fa e le ka tshekaseko ya motho; ee, le nna ga ke itshekaseke.
4
Gonne ga ke ikitse boatla bope, le fa go ntse jalo ga ke siamisiwe ka gone moo; mme yo o ntshekasekang ke Morena.
5
Ke gone, se sekiseng sepe e ise e nne motlha, go tle go tsamaye Morena a tle, yo o tlaa senolang dilo tsa lefifi tse di fitlhilweng, a ba a bonatsa dikgakologelo tsa dipelo; foo motho mongwe le mongwe o tlaa bona pako ya gagwe mo Modimong.
6
Jaana bagaetsho, dilo tse, ke di beile mo go nna le mo go Apolose ka setshwantsho ka ntlha ya lona; gore lo ithute ka rona, gore lo se ka lwa fetela kwa pele ga dilo tse di kwadilweng; gore go se nne ope wa lona yo o belafalang ka yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe.
7
Gonne mang yo o go tshwanolotseng le yo mongwe? Mme o na le eng se o se kang wa se newa fela? Mme fa o se neilwe, o belafalelang, jaaka e kete ga o a se newa?
8
Lo setse lo kgotshe, lo setse lo humile lo busitse re seyo mo go lona; ee, ke rata lwa bo lo busa, gore le rona re tle re buse le lona.
9
Gonne ke gopola gore Modimo o ntshitse rona baaposetole go bonwa kwa morago ga botlhe, jaaka batho ba ba laoletsweng go swa; gonne re dirilwe segakgamalelo sa lefatshe, le sa baengele, le sa batho.
10
Rona re dieleele ka ntlha ya ga Keresete, mme lona lo botlhale mo go Keresete, rona re bokoa, lona lo thata; lona lo na le kgalalelo, mme rona re na le tlotlologo.
11
Nako e sa ntse e le eno, re ntse re bolawa ke tlala, le lenyora, ga re a tswala, re a tlhanyakwa, ga re na bonno bope jo bo tlhomameng,
12
re ikgokgolela, re dira ka diatla tsa rona: e re re gobololwa, re segofatse; e re re bogisiwa, re itshoke;
13
e re re kgalwa, re rapele; re dirwa matlakala a lefatshe, le makgobolo a dilo tsotlhe, le gompieno.
14
Ga ke lo kwalele dilo tse go lo tlhabisa ditlhong, mme e le go lo laya jaaka bana ba me ba ba rategang.
15
Gonne le fa lo ka bo lo na le baruti ba le 10 000 mo go Keresete, le fa go ntse jalo borraeno ga ba bantsi; gonne mo go Keresete Jesu, ke nna ke lo tsetseng ka Mafoko a a Molemo.
16
Ke gone, ke a lo rapela ka re, lo nne baetsi ba me.
17
Ke gone ka moo ke romileng Timotheo kwa go lona, yo e leng ngwanake mo Moreneng, yo o rategang le yo o boikanngo, yo o tlaa lo gopodisang mekgwa ya me e e mo go Keresete, fela jaaka ke ruta gotlhe mo diphuthegong tsotlhe fela.
18
Jaana bangwe ba ikgogomositse, jaaka e kete ga ke na go ya koo go lona.
19
Mme ke tlaa akofa ke ya koo go lona, fa Morena a rata; mme ke tlaa itse e e seng puo ya ba ba ikgogomositseng, mme e leng nonofo ya bone.
20
Gonne bogosi jwa Modimo ga bo mo puong, bo mo nonofong.
21
Lo eletsang? A ke ke ye koo go lona ka thupa, kgotsa ka lorato le ka mowa wa bonolo?
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16