bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Corinthians 13
1 Corinthians 13
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 14 →
1
Fa ke bua dipuo tsa batho le tsa baengele, mme fa ke se na lorato, ke be ke etsa kgotlho e e gogomang, kgotsa dimatla tsa tshipi tse di opanngwang fela.
2
Fa ke na le neo ya go ranola, ke bile ke itse masaitsiweng otlhe le kitso yotlhe; fa ke na le tumelo yotlhe, e le e e lekanyeng go hudusa dithaba, mme fa ke se na lorato, ke be ke se sepe fela.
3
Fa ke ntsha dilo tsotlhe tsa me, ke otla bahumanegi ka tsone, fa ke ntshetsa mmele wa me go fisiwa, mme fa ke se na lorato, ga go nthuse sepe.
4
Lorato lo itshoka ka pelotelele, lo pelonomi; lorato ga lo pelotshetlha; lorato ga lo ke lo ikgantsha, ga lo mabela.
5
Ga lo ke lo dira ka fa go sa tshwanelang, ga lo ke lo ipatlela fela, ga lo ke lo gakatsega, ga lo ke lo akanya bosula;
6
ga lo itumelele tshiamololo, mme lo itumelela boammaaruri;
7
lo itshokela dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo iphapaanya le dilo tsotlhe.
8
Lorato ga lo ke lo tlhaela gope. Le fa go na le diperofeso, di tlaa khutlisiwa; le fa go le dipuo, di tlaa fela; le fa go le kitso, e tlaa khutlisiwa.
9
Gonne re itse ka bontlhanngwe, re perofesa ka bontlhanngwe;
10
mme e tlaa re se se itekanetseng se tsile, se se emeng ka bontlhanngwe se tlaa khutlisiwa.
11
E rile ke le ngwanyana, ka bua jaaka ngwanyana, ka ikutlwa jaaka ngwanyana, ka akanya jaaka ngwanyana; mme jaanong ka ke le monna, ke latlhile dilo tsa bonyana.
12
Gonne gompieno re bona mo seiponeng go le lefitshwana, mme e tlaa re mo lobakeng loo re tlaa bona go lebanye difatlhogo; gompieno ke itse ka bontlhanngwe; mme e tlaa re mo lobakeng loo, ke tlaa itse fela jaaka le nna ke itsilwe.
13
Jaana go sala tumelo, le tsholofelo, le lorato, boraro jo; mme se segolo mo borarong jo ke lorato.
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16