bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Corinthians 9
1 Corinthians 9
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 10 →
1
A ga ke mogololesegi? A ga ke moaposetole? A ga ke a bona Jesu Morena wa rona? A lona ga lo tiro ya me mo Moreneng?
2
Le fa nka bo ke se moaposetole mo go ba bangwe, mo go lona gone ke ntse jalo, gonne ke lona lotshwao lwa boaposetole jwa me mo Moreneng.
3
Go ikarabela ga me mo go ba ba ntotolotsang ke gone mo.
4
A ga re na tshiamelo ya go ja le go nwa?
5
A ga re na tshiamelo ya go tsamaya le mosadi re mo tsere, yo e leng modumedi, fela jaaka baaposetole ba bangwe, le jaaka bomonna Morena, le jaaka Kefase?
6
Kgotsa rona le Barenabase, a ke rona rosi re se nang tshiamelo ya go bakela go dira?
7
Go na le motlhabani ofe yo o tleng a ye ntweng ka go itlamela? Mang yo o tlhomang tshimo ya mafine, a se ke a je loungo lwa yone? Kgotsa mang yo o fudisang letsomane, a se ke a je maši a letsomane?
8
A ke bua dilo tse ka fa mokgweng wa batho? Kgotsa a molao le one ga o bue jalo?
9
Gonne go kwadilwe mo molaong wa ga Moše ga twe: “O se ka wa bofa kgomo molomo fa e fula mabele.” A ke go re, Modimo o tlamela dikgomo fela?
10
Kgotsa a o bua jalo ka ntlha ya rona? Ee, go kwadilwe jalo ka ntlha ya rona, gonne yo o lemang o tshwanetse go lema ka tsholofelo, le yo o folang o tshwanetse go fola ka tsholofelo ya go abelwa.
11
Fa re lo jaletse dilo tsa semowa, a ke selo se segolo fa re ne re ka roba dilo tsa lona tsa senama?
12
Fa ba bangwe ba inaya tshiamelo e e ntseng jalo mo go lona, rona ga re direleng jalo bogolo? Le fa go ntse jalo ga re a ka ra ithusa ka tshiamelo e; mme re itshokela dilo tsotlhe, gore re se ka ra kgoreletsa Mafoko a a Molemo a ga Keresete gope.
13
A ga lo itse fa ba ba direlang mo dilong tse di boitshepo ba a ja dilo tsa tempele, le ba ba nnetseng sebeso ba tlhakanetse le sebeso dilo tsa sone?
14
Morena o laotse fela jalo, gore ba ba rerang Mafoko a a Molemo ba tshele ka Mafoko a a Molemo.
15
Mme nna ga ke a ka ka ithusa ka sepe sa dilo tse; ke bile ga ke kwale dilo tse gore ke direlwe jalo; gonne mo go nna go molemo go swa, bogolo go go khutlisiwa mo go ikgantsheng ga me ka motho ope.
16
Gonne fa ke rera Mafoko a a Molemo, ga ke na sepe se ke se ikgantshetsang; gonne kgorobelelo e mo go nna; gonne go ka bo go latlhega nna, fa ke sa rere Mafoko a a Molemo.
17
Gonne fa ke dira golo mo ka go rata ga me, ke bo ke na le tuelo; mme fa e se ka go rata ga me, ke bo ke neetswe tiro ya tebalebelo.
18
Foo tuelo ya me e be e le eng? Ke go re, e tle e re fa ke rera Mafoko a a Molemo, ke be ke dire gore thero e eme mo go se nang tuelo, gore ke se ka ka ithusa ka botlalo ka tshiamelo ya me mo therong.
19
Gonne le fa ke ne ke se mo taolong ya batho bape, ke ipeile mo botlhankeng mo go botlhe, gore ke tle ke gape bogolo.
20
Mo Bajuteng ke ne ke ntse jaaka Mojuta, gore ke tle ke gape Bajuta; mo go ba ba mo molaong, jaaka ke le mo molaong, le mororo ke se mo molaong ka nosi, gore ke tle ke gape ba ba mo molaong.
21
Mo go ba ba se nang molao, ke ntse jaaka ke se na molao, ke sa re ke se na molao mo Modimong, mme ke le mo molaong wa ga Keresete, e le gore ke tle ke gape ba ba se nang molao.
22
Mo go ba ba bokoa ka nna bokoa, gore ke tle ke gape ba ba bokoa. Ke ntse ka nna dilo tsotlhe mo bathong botlhe, e tle e re kgotsa ke boloke bangwe ka mokgwa mongwe.
23
Ke dira dilo tsotlhe ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, gore ke tle ke nne le kabelano go one.
24
A ga lo itse fa ba ba sianang ba tle ba siane botlhe, mme mongwe fela a phamole sekgele? Sianang fela jalo, gore lo tle lo amogele.
25
Motho mongwe le mongwe yo o lekelang mo ditshamekong, o tshela ka tekano mo dilong tsotlhe. Bone ba dira jalo gore ba amogele serwalo se se bolang; mme rona gore re bone se se sa boleng.
26
Ke gone nna ke siana jaana, e seng jaaka e kete ke a akabala; ke lekela jalo, e seng jaaka yo o betsang sebaka fela;
27
mme ke ikgoba mmele, ke o baya mo taolong, e se re kgotsa ka mokgwa mongwe, e tlaa re ke sena go rerela ba bangwe Mafoko a a Molemo, nna ka nosi ka tla ka ganwa.
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16