bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Corinthians 14
1 Corinthians 14
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 15 →
1
Latelang lorato; le fa go ntse jalo lo eletse thata dineo tsa semowa, bogolo gore lo ranole.
2
Gonne yo o tšhomang, ga a bue le batho, fa e se le Modimo; gonne ga go motho ope yo o mo utlwang; mme ka mowa o bua masaitsiweng.
3
Yo o ranolang o bua le batho kagelelo, le kgomotso, le nametso.
4
Yo o tšhomang o a ikagelela; mme yo o ranolang o agelela phuthego.
5
Jaana ke rata lwa bo lo bua dipuo di sele lotlhe, mme bogolo gore lo ranole. Yo o ranolang o mogolo go feta yo o tšhomang fa a sa phutholole, gore phuthego e bone kagelelo.
6
Jaana, bagaetsho, fa ke ka tla mo go lona ke tšhoma, ke tlaa lo naya thuso yang, fa ke sa bue le lona ka mokgwa wa tshenolo, kgotsa wa kitso, kgotsa wa go ranola, kgotsa wa thuto?
7
Le tse e leng dilo tse di sa utlweng, tse di nang le mantswe, gongwe e le lotlhaka, kgotsa harepa, fa di sa farologane melodi, go tlaa itsiwe jang se se kaiwang ke go poroma ga lotlhaka kgotsa harepa?
8
Gonne fa lonaka lo ntsha poromo e e sa tlhomamang, mang yo o tlaa ipaakanyetsang go ya ntweng?
9
Go ntse jalo le lona, fa lo sa bue ka loleme puo e e bofefo go utlwiwa, go tlaa itsiwe jang se se buiwang? Gonne lo tlaa bo lo buela mo sebakeng fela.
10
Le gale, go mantswentswe a a kanakana mo lefatsheng, mme go bo go se lepe le le se nang se le se kayang.
11
Ke gone ka re, fa ke sa itse se lentswe le se kayang, ke tlaa bo ke le motho seeng mo go yo o buang, le yo o buang o tlaa bo a le motho seeng mo go nna.
12
Go ntse jalo le lona, e re ka lo tlhoafaletse dineo tsa semowa, lo leke gore lo totele kagelelo ya phuthego.
13
Ke gone, a yo o tšhomang a rapele gore a ke a phutholole.
14
Gonne fa ke rapela ka tšhomi, mowa wa me o a rapela, mme tlhaloganyo ya me ga e na sepe.
15
Go ka tweng? Ke tlaa rapela ka mowa, ke ba ke rapela le ka tlhaloganyo, ke tlaa opela ka mowa, ke ba ke opela le ka tlhaloganyo.
16
Fa o leboga ka mowa, yo o emeng mo bonnong jwa yo o sa rutegang, o tlaa bua jang a re: “Amen,” mo go lebogeng ga gago, ka a sa itse se o se buang?
17
Le gale wena o leboga sentle, mme yo mongwe ga a agelelwe.
18
Ke leboga Modimo, ke bua dipuo di sele bogolo go lona lotlhe.
19
Le fa go ntse jalo, mo phuthegong, ke rata ka bua mantswe a le matlhano ka tlhaloganyo ya me, gore ke tle ke rute le ba bangwe, bogolo go go bua mantswe a le 10 000 ka dipuo di sele.
20
Bagaetsho, se nneng banyana mo tlhaloganyong; le fa go ntse jalo, mo kilong lo nne banyana, mme mo tlhaloganyong lo nne banna.
21
Go kwadilwe mo molaong ga twe: “Ke tlaa bua le batho ba ka banna ba dipuo di sele, le ka melomo ya baeng; mme ga ba ketla ba nkutlwa le ka mokgwa o o ntseng jalo,” go bua Morena.
22
Ke gone ka re, dipuo di sele ke sesupo, e seng mo go ba ba dumelang, e leng mo go ba ba sa dumeleng; mme go ranola ke sesupo, e seng mo go ba ba sa dumeleng, e leng mo go ba ba dumelang.
23
Ke gone, fa phuthego yotlhe e phuthegile, mme botlhe ba bua ka dipuo di sele, mme go tsena batho ba ba sa rutegang, le ba ba sa dumelang, a ga ba ketla ba re lo a tsenwa?
24
Mme fa botlhe ba ranola, mme go tsena mongwe yo o sa dumeleng, kgotsa yo o sa rutegang, o tlhajwa ke botlhe, o sekisiwa ke botlhe;
25
maoma a pelo ya gagwe a a senolwa; jalo o tlaa wela fa fatshe ka sefatlhogo, a obamela Modimo, a bolela fa Modimo o le mo go lona ruri.
26
Go ka tweng bagaetsho? E re fa lo phuthega, mongwe le mongwe o a ba a na le sefela, le thuto, le tshenolo, le puo, a na le phuthololo. A dilo tsotlhe di direlwe kagelelo.
27
E re fa go na le go buiwa ka tšhomi, a go bue ba le babedi kgotsa ba le bararo, e seng go fetisa mo; a ba bue ka go fapaana, mme a mongwe a phutholole.
28
Fa go se na mophutholodi, a ba didimale fela mo phuthegong; a go ipolelele ene ka esi, le Modimo a bue le one.
29
A baranodi ba bue ba le babedi kgotsa bararo, a ba bangwe ba farologanye.
30
Fa tshenolo e dirafalela yo mongwe yo o dutseng teng, a yole wa pele a didimale.
31
Gonne lotlhe lo ka ranola ka monokela, gore botlhe ba ithute, le gore botlhe ba gomodiwe;
32
mewa ya baranodi e laolwe ka baranodi.
33
Gonne Modimo ga se Modimo wa tlhakatlhakano, fa e se wa kagiso fela, jaaka go ntse mo diphuthegong tsotlhe tsa baitshepi.
34
A basadi ba didimale mo diphuthegong; gonne ga ba a leselediwa go bua; mme a ba nne mo boingotlong, jaaka go bua le one molao.
35
Fa ba rata go itse sengwe, a ba botse banna ba bone kwa gae; gonne ke ditlhong fa mosadi a ka bua mo phuthegong.
36
Ao! A lefoko la Modimo le simogile la tswa mo go lona? Kgotsa a le tletse lona lo le losi?
37
Fa motho mongwe a ithaya a re ke moranodi, kgotsa ke wa semowa, a ke a ele tlhoko dilo tse ke di lo kwalelang, gore ke taolo ya Morena.
38
Fa motho mongwe a se na kitso, a a nne a se na kitso fela.
39
Ke gone bagaetsho, lo tlhoafalele thata go ranola, mme lo se ka lwa itsa go bua ka dipuo di sele.
40
A dilo tsotlhe di dirwe sentle fela, le ka thulaganyo.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16