bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Corinthians 12
1 Corinthians 12
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 13 →
1
Jaana bagaetsho, ka ga dineo tsa semowa, ga ke rate lwa tlhoka go itse.
2
Lo a itse fa e rile lo le Baditšhaba, lwa bo lo gogelwa kwa medimong ya disetwa eo ya dimumu, ka fa lo ne lo ka gogwa ka teng fela.
3
Ke gone ke a lo tlhaloganyetsa, gore ga go ope yo e a reng a bua ka Mowa wa Modimo, a ba a ka re: “Jesu o hutsegile,” mme ga go motho ope yo o ka reng: “Jesu ke Morena,” fa e se ka Mowa o o Boitshepo.
4
Jaana go na le dineoneo dingwe le dingwe, mme Mowa o mongwe fela.
5
Go na le ditirelotirelo dingwe le dingwe, mme Morena o ntse a le mongwe fela.
6
Gape go na le madiro mangwe le mangwe, mme Modimo o ntse o le mongwe fela, o o dirang dilo tsotlhe mo go botlhe.
7
Mme mongwe le mongwe o newa ponatshego ya Mowa, gore a tle a thusege le ba bangwe botlhe ka yone.
8
Gonne mongwe o newa lefoko la botlhale ka Mowa; yo mongwe a newe lefoko la kitso, e ntse e le ka one Mowa;
9
yo mongwe a newe tumelo, e ntse e le ka one Mowa; yo mongwe a newe dineo tsa phodiso, e ntse e le ka one Mowa;
10
yo mongwe a newe go dira dikgakgamatso, le yo mongwe thuto; yo mongwe go lemoga mowa; yo mongwe dipuo dingwe le dingwe; yo mongwe go phutholola dipuo.
11
Mo dilong tsotlhe tse, go bo go dira one Mowa o o leng mongwe fela, ka go abela mongwe le mongwe ka fa o ratang ka teng fela.
12
Gonne jaaka mmele o ntse mongwe fela, mme o na le ditokololo di le dintsi, mme ditokololo tsotlhe tsa mmele, le fa di le dintsi, di le mmele o le mongwe fela, le ene Keresete o ntse jalo.
13
Rotlhe re kolobeleditswe mmele o le mongwe fela mo Moweng o le mongwe fela, le fa re le Bajuta kgotsa Bagerika, le fa re le bagolegwi kgotsa bagololesegi; rotlhe ra nosiwa Mowa o le mongwe fela.
14
Gonne mmele ga o tokololo e le nngwe fela, mme di dintsi.
15
Fa lonao lo ka re: “E re ka ke se seatla, ga ke wa mmele,” ga go ka ke ga twe, ga se lwa mmele ka ntlha ya gone moo.
16
Fa tsebe e ka re: “E re ka ke se leitlho, ga ke wa mmele,” ga go ka ke ga twe, ga se ya mmele ka ntlha ya gone moo.
17
Fa mmele otlhe e ka bo e ne e le leitlho, go utlwa go ka bo go le kae? Fa mmele otlhe e ka bo e ne e le kutlo, go dupa go ka bo go le kae?
18
Jaanong, Modimo o beile ditokololo, nngwe le nngwe ya tsone mo mmeleng fela ka fa go kgatlhileng one ka teng.
19
Fa tsotlhe e ka bo e le tokololo e le nngwe fela, mmele one o ka bo o le kae?
20
Jaana ditokololo di dintsi, mme mmele o mongwe fela.
21
Leitlho ga le ka ke la raya seatla la re: “Ga ke go dire sepe,” le tlhogo gape, ga e ka ke ya raya dinao ya re: “Ga ke lo dire sepe.”
22
Nnyaa, bogolo ditokololo tsa mmele tse e kete di bokoa thata, di na le tiro,
23
le ditokololo tsa mmele tse re reng di tlotlo e nnye, ke tsone tse re di tlotlang bogolo; le ditokololo tsa rona tse di seng dintle, di bona bontle jo bo tletseng bogolo,
24
le mororo ditokololo tsa rona tse di leng dintle, di sa tlhoke sepe; Modimo o kitlantse mmele mmogo; tokololo e e tlhaelang o e tlaleditse tlotlo bogolo;
25
gore go se nne kgaogano mo mmeleng; mme e le gore ditokololo di tle di tshwane mo go tlameleng.
26
Kgotsa fa tokololo nngwe e utlwa botlhoko, ditokololo tsotlhe di utlwa botlhoko nayo; kgotsa fa tokololo nngwe e tlotlwa, ditokololo tsotlhe di itumela nayo.
27
Jaana lona lo mmele wa ga Keresete; mme mongwe le mongwe lo ditokololo tsa one.
28
Modimo o tlhomile bangwe mo phuthegong, ba ntlha baaposetole, ba bobedi baperofeti, ba boraro baruti, foo go nne dikgakgamatso, mme gape go nne dineo tsa phodiso, le dithuso, le dipuso, le dipuopuo dingwe le dingwe.
29
A botlhe ke baaposetole? A botlhe ke baperofeti? A botlhe ke baruti? A botlhe ke badiri ba dikgakgamatso?
30
A botlhe ba na le dineo tsa phodiso? A botlhe ba bua ka dipuo? A botlhe ba a phutholola?
31
Eletsang thata dineo tse dikgolo. Mme ke tlaa nna ke lo kaela mokgwa mongwe o o gaisang segolo bogolo.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16