bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Corinthians 6
1 Corinthians 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 7 →
1
A e ntse jaana, fa mongwe mo go lona a na le kgang le wa ga gabo, a se ke a boife go ya go seka fa pele ga ba ba sa siamang, a sa ye fa pele ga baitshepi bogolo?
2
Kgotsa a ga lo itse fa baitshepi ba tlaa atlhola lefatshe? Fa lefatshe le atlholwa ke lona, a lo a bo lo sa tshwanela go atlhola mo dilong tse dipotlana jaana?
3
A ga lo itse fa re tlaa atlhola baengele? Bogolo jang dilo tse e leng tsa botshelo jono?
4
Ke gone, fa lo na le go atlhola mo dilong tse e leng tsa botshelo jono, emisang batho ba ba sa kaiweng sepe mo phuthegong, gore ba atlhole.
5
Ke bua jaana, gore ke lo tlhabise ditlhong. A ruri ga go ka ke ga fitlhelwa motho mongwe mo go lona yo o botlhale, yo o nonofileng go atlhola mo gare ga bakaulengwe ba gagwe?
6
Mme mokaulengwe a ye go seka le mokaulengwe, e bile e le fa pele ga ba ba sa dumeleng?
7
Nnyaa, e setse e le molato fela mo go lona, ka lo na le ditshekisanyo. Ga lo itshokeleleng tshiamololo bogolo? Ga lo iteseleletseng go patikwa bogolo?
8
Nnyaa, ke lona ba lo dirang tshiamololo ka losi, ke lona ba lo patikang batho, e bile e le bakaulengwe ba lona.
9
Kgotsa a ga lo itse fa ba ba sa siamang ba se ketla ba rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsietsega; go le baakafadi, go le baobamedi ba medimo ya disetwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basotoma,
10
go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.
11
Bangwe ba lona ba kile ba ne ba ntse jalo; mme lwa tlhapisiwa, lwa itshepisiwa, lwa siamisiwa mo ineng la Morena Jesu Keresete, le mo Moweng wa Modimo wa rona.
12
Mo go nna dilo tsotlhe di letlelesegile, mme dilo tsotlhe ga di molemo go dirwa. Mo go nna dilo tsotlhe di letlelesegile; mme ke gana go laolawa ke sepe.
13
Dijo ke tsa mpa, le mpa ke ya dijo; mme Modimo o tlaa nyeletsa yone le tsone. Mmele ga o a direlwa boaka, mme ke wa Morena; mme Morena ke wa mmele.
14
Go le Morena, Modimo o mo tsositse, le rona o tlaa re tsosa ka nonofo ya one.
15
A ga lo itse fa mebele ya lona e le ditokololo tsa ga Keresete? Mme a ke ka tlosa ditokololo tsa ga Keresete, ka di ntsha ditokololo tsa seaka? A go se nne jalo.
16
Kgotsa a ga lo itse fa yo o ikopantseng le seaka a le mmele mongwe fela naso? Gonne a re: “Bobedi bo tlaa nna nama e le nngwe fela.”
17
Mme yo o ikopantseng le Morena o mowa mongwe fela.
18
Tshabang boaka. Boleo jotlhe jo motho o bo dirang bo kwa ntle ga mmele; yo o dirang boaka o leofela mmele wa gagwe.
19
Kgotsa a ga lo itse fa mmele wa lona e le tempele ya Mowa o o Boitshepo o o mo go lona, o lo o bonyeng mo Modimong? Mme ga lo ba lona;
20
gonne lo rekilwe ka tlhwatlhwa, ke gone galaletsang Modimo mo mmeleng wa lona.
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16