bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Corinthians 11
1 Corinthians 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 12 →
1
Nnang baetsi ba me, jaaka le nna ke le moetsi wa ga Keresete.
2
Jaana ke a lo baka ka lo tle lo nkgopole mo dilong tsotlhe, mme lo tshegeditse ditao, fela jaaka ke di lo neetse.
3
Mme ke rata gore lo itse fa tlhogo ya monna mongwe le mongwe e le Keresete; le tlhogo ya mosadi ke monna; le tlhogo ya ga Keresete ke Modimo.
4
Monna mongwe le mongwe yo o rapelang, kgotsa a ruta a rwele mo tlhogong, o tlotlolola tlhogo ya gagwe.
5
Mosadi mongwe le mongwe yo o rapelang, kgotsa a ruta, tlhogo ya gagwe e bipologile o tlotlolola tlhogo ya gagwe, gonne go tshwana fela jaaka a ka bo a beotswe.
6
Gonne fa mosadi a sa ipipe tlhogo, le gone a kutwe; mme fa e le ditlhong mo mosading go kutwa, le fa e le go beolwa, a ipipe tlhogo.
7
Le gale monna ga a a tshwanela go ipipa tlhogo, ka e le ene setshwano le kgalalelo ya Modimo, mosadi ke kgalelelo ya monna.
8
Gonne monna ga a a ntshiwa mo mosading, mme mosadi o ntshitswe mo monneng:
9
le gone monna ga a a bopelwa mosadi, mme mosadi o bopetswe monna.
10
Ke gone ka moo mosadi o tshwanetseng go dirana le sesupo sa go nna mo taolong mo tlhogong ya gagwe, ka ntlha ya baengele.
11
Le fa go ntse jalo mo Moreneng, mosadi ga a kwa ntle ga monna, le monna ga a kwa ntle ga mosadi.
12
Gonne jaaka mosadi a ntshitswe mo monneng, monna le ene o belegwe ke mosadi; mme dilo tsotlhe di tswa mo Modimong.
13
Lo sekasekeng ka losi; a go gontle fa mosadi a rapela Modimo a sa ipipa tlhogo?
14
A le tlholego ya batho ga e lo rute, gore fa monna a na le moriri o moleele, ke ditlhong mo go ene?
15
Mme fa mosadi a na le moriri o moleele, ke kgalalelo mo go ene; gonne moriri wa gagwe o o neilwe gore o nne seipipo.
16
Mme fa motho a rata go nna kgang, rona ga re na mokgwa o o ntseng jalo, le fa e le diphuthego tsa Modimo ga di na nao.
17
Fa ke lo naya tao e, ke be ke sa lo bake, ka gobo go phuthega ga lona go sa dirane le molemo, fa e se bosula bogolo.
18
Gonne sa ntlha, ke utlwa fa e a re fa lo tla mmogo mo phuthegong, go bo go nne le dikgaogano mo go lona; ka ntlha nngwe ke a go dumela.
19
Gonne le gone go tshwanetse fa go ka nna le makoko mo go lona, gore ba ba lebosegang ba bonatshege mo go lona.
20
Ke gone e a re fa lo phuthega, go bo go retele go ja selalelo sa Morena.
21
Gonne mo go jeng ga lona, mongwe le mongwe o tle a ijele selalelo sa gagwe pele ga yo mongwe; mme mongwe a tle a bolailwe ke tlala; yo mongwe a tle a tagilwe.
22
Ao! A ga lo na matlo a go jela le go nwela mo go one? Kgotsa a lo nyatsa phuthego ya Modimo, lo ba lo tlhabisa ba ba se nang sepe ditlhong? Ke tlaa lo raya ke reng? A ke ke lo bake mo go se? Ga ke lo bake.
23
Gonne ke amogetse mo Moreneng se le sone ke se lo neileng, go re: E rile mo sigong jo o okilweng ka jone, Morena Jesu a tsaya senkgwe;
24
mme ya re a sena go leboga, a se ngathoganya a re: “Se ke mmele wa me, o o robelwang lona; dirang mo lo nkgopole ka gone.”
25
Senwelo le sone a se tsaya ka mokgwa o o ntseng jalo, morago ga selalelo, a re: “Senwelo se ke kgolagano e ntšha mo mading a me. Dirang mo ka gale fa lo se nwa, go nkgopola ka gone.”
26
Gonne ka gale e a re lo ja senkgwe se, le go nwa senwelo, lo bo lo bolela loso lwa Morena a tsamaye a tle.
27
Ke gone, yo o jang senkgwe, a ba a nwa senwelo sa Morena, a sa tshwanela, o tlaa bo a leofela mmele le madi a Morena.
28
A motho a ipotsise, jalo a itse go ja senkgwe le go nwa senwelo.
29
Gonne yo o jang a nwa, mme a sa lemoge mmele, o ijela a inwela tshekiso fela.
30
Batho ba bantsi mo go lona ba bokoa, ba bile ba botlhoko ka ntlha ya gone moo, mme ba bangwe ba robetse ba le bantsi.
31
Fa re ne re ka itemoga, re ne re se ketla re sekisiwa.
32
Mme e a re fa re sekisiwa, re otlhaiwa ke Morena, gore re se ka ra sekisiwa le lefatshe.
33
Ke gone, bagaetsho, fa lo phuthegela go ja, lo letane.
34
Fa mongwe a bolailwe ke tlala, a a je kwa ga gagwe; gore go phuthega ga lona go se ka ga dirana le tshekiso. Dilo tse di setseng, ke tlaa di rulaganya mogang ke fitlhang koo go lona.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16