bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Corinthians 7
1 Corinthians 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 8 →
1
Jaana ka ga dilo tse lo kwadileng ka ga tsone; go molemo mo monneng gore a se ka a ama mosadi.
2
Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya maakafalo, a monna mongwe le mongwe a nne le mosadi wa gagwe, le mosadi mongwe le mongwe a nne le monna wa gagwe.
3
A monna a neele mosadi tshwanelo ya gagwe; mosadi le ene a direle monna jalo.
4
Mosadi ga a na taolo mo mmeleng wa gagwe, fa e se monna fela; go ntse jalo, monna ga a na taolo mo mmeleng wa gagwe, fa e se mosadi fela.
5
Lo se ka lwa ikgogonelana, fa e se ka go dumalana ka sebaka, gore lo tle lo ineele mo thapelong, lo itse go ba lo kopana gape, gore Satane a se bone kgoro ya go lo raela ka go retelelwa ga lona ke go itshoka.
6
Golo mo, ke go ipoledisa fela, ke sa re ke buisiwa ke taolo.
7
Le fa go ntse jalo ke rata batho botlhe ba ka bo ba ntse fela jaaka nna. Motho mongwe le mongwe o na le neo ya gagwe e e tswang Modimong, mongwe ka mokgwa o, yo mongwe ka o sele.
8
Ke raya ba ba iseng ba nyale, le basadi ba batlholagadi, ka re, go ka nna molemo mo go bone fa ba nna fela jaaka nna.
9
Mme fa ba retelel wa ke go itshoka, a ba nyale; gonne go molemo go nyala bogolo go go babalelwa.
10
Ba ba nyalanyeng ke a ba laya, mme e be e se nna, e le Morena, gore a mosadi a se tlogele monna wa gagwe.
11
Mme fa a mo tlogela, a a nne fela a sa nyalwe; fa go sa nna jalo, a a letlane le monna wa gagwe; gape monna a se tlogele mosadi wa gagwe.
12
Ba bangwe ba rewa ke nna, e seng Morena, go re, fa monna yo e leng modumedi a na le mosadi yo o sa dumeleng, fa mosadi a itumela go aga nae, monna a se mo tlogele.
13
Le mosadi yo o nang le monna yo o sa dumeleng, fa monna a itumela go aga nae, a mosadi a se tlogele monna wa gagwe.
14
Gonne monna yo o sa dumeleng o itshepisiwa ka mosadi, le mosadi yo o sa dumeleng o itshepisiwa ka monna yo o leng modumedi; fa go ne go sa nna jalo bana ba lona ba ka bo ba sa itsheka; mme jaanong ba itshepile.
15
Le fa go ntse jalo fa yo o sa dumeleng a tsamaya, a a tsamaye; go le monna wa modumedi, go le mosadi wa modumedi, ga ba mo kgolegong ka mo go ntseng jalo; mme Modimo o re biditse gore re nne mo kagisong.
16
Gonne wena mosadi, o itse jang fa e tlaa re gongwe o se ketla o boloka monna wa gago? Le wena monna, o itse jang fa e tlaa re gongwe o se ketla o boloka mosadi wa gago?
17
Fela jaaka Morena a abetse motho mongwe le mongwe, jaaka Modimo o biditse mongwe le mongwe, a a sepele fela jalo. Ke laya diphuthego tsotlhe jalo.
18
Fa motho a biditswe a rupile, a a se eletse bokgola. Fa mongwe a biditswe a sa rupa, a a se rupe.
19
Go rupa ga se sepe, le go tlhoka go rupa ga se sepe, fa e se go tshegetsa ditaolo tsa Modimo go le gosi fela.
20
A mongwe le mongwe a nne mo boemong jo o biditsweng a le mo go jone.
21
Fa o biditswe o le motlhanka, o se ka wa re sepe ka gone. Mme fa o ka gololwa, o go sole molemo bogolo.
22
Gonne yo o biditsweng mo Moreneng a le motlhanka, ke mogololesegi wa Morena; go ntse fela jalo, yo o biditsweng a se mo botlhankeng, ke motlhanka wa ga Keresete.
23
Lo rekilwe ka tlhwatlhwa; lo se ka lwa tswa batlhanka ba batho.
24
Bagaetsho, boemo jo motho mongwe le mongwe o biditsweng a le mo go jone, a nne mo go jone a na le Modimo.
25
Jaana ka ga makgarebane ga ke na taolo ya Morena, mme ke atlhola jaaka mongwe yo o bonyeng boutlwelobotlhoko mo Moreneng, gore ke nne boikanngo.
26
Ka re, ke gopola gore go molemo ka ntlha ya pitlagano ya gompieno; ka re, go molemo mo mothong go nna jaaka a ntse.
27
A o golagantswe le mosadi? O se ka wa batla go gololwa. A o golotswe mo mosading? Se batle mosadi.
28
Le fa o ka nyala, o tlaa bo o sa leofa; le fa kgarebana e ka nyalwa, e tlaa bo e sa leofa. Le fa go ntse jalo, ba ba ntseng jalo, ba tlaa bona pitlagano mo nameng; mme ke ne ke rata go lo rekegela.
29
Ke bua lefoko le, bagaetsho, ke re, lobaka lo khutshwafetse, gore e tle e re mo lobakeng lo lo tlang, go le ba ba nang le basadi ba nne jaaka fa ba ka bo ba se na nabo;
30
go le ba ba lelang, ba nne jaaka ba ka bo ba sa lele; go le ba ba itumelang, ba nne jaaka ba ka bo ba sa itumele; go le ba ba rekang; ba nne jaaka ba ka bo ba se na sepe;
31
go le ba ba ipapalelang ka lefatshe, a ba se fetise selekanyo, gonne mokgwa wa lefatshe leno o a feta.
32
Ke rata lwa bo lo se na ditlhodiego. Yo o sa nyalang o tlhokometse dilo tsa Morena, ka fa o ka kgatlhang Morena ka teng.
33
Mme yo o nyetseng o tlhokometse dilo tsa lefatshe, ka fa o ka kgatlhang mosadi wa gagwe ka teng.
34
Go bile go na le tshwanologo mo mosading yo o nyetsweng le kgarebane. Yo o sa nyalwang o tlhokometse dilo tsa Morena, gore a nne boitshepo mo mmeleng le mo moweng; mme yo o nyetsweng o tlhokometse dilo tsa lefatshe, ka fa o ka kgatlhang monna wa gagwe ka teng.
35
Ke bua jalo go lo thusa; e seng gore ke lo thaise ka kgole, mme e le gore ke lo gopodise se se tshwanetseng, le gore lo direle Morena ka mo go sa akgaakgegeng.
36
Fa motho mongwe a gopola gore o direla ngwana wa gagwe wa kgarebane ka fa go sa tshwanelang, fa a tlodilwe ke lobaka lwa gagwe lwa go nyalwa; mme fa go tshwanetse jalo, a a dire ka fa o ratang ka teng; ga a leofe; a ba nyalane.
37
Yo o tlhomameng mo pelong ya gagwe, a sa pitlaganngwe ke sepe, mme a na le boitaolo ka ga go rata ga gagwe, fa a tlhomamisitse mo pelong ya gagwe gore o tlaa ikganelela ngwana wa gagwe wa kgarebane, o tlaa bo a dira sentle.
38
Jalo go le yo o neelang ngwana wa gagwe wa kgarebane nyalo, o dira sentle; mme yo o sa mo neeleng nyalo, o tlaa bo a dira sentle bogolo.
39
Mosadi yo o nyetsweng o golegilwe ka lobaka lo monna wa gagwe o sa tshedileng ka lone; mme fa monna a sule o golotswe, o ka nyalwa ke yo o mo ratang; mme e be e le mo Moreneng fela.
40
Ka fa tshekatshekong ya me, o tlaa bona boitumelo bogolo fa a nna jaaka a ntse; mme ke a gopola gore Mowa wa Modimo le one o na le nna.
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16