bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Kings 11
1 Kings 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 12 →
1
Jaana kgosi Solomone a rata basadi ba le bantsi ba ditšhaba tsa seeng, kwa ntle ga morwadia Faro, e le basadi ba Bamoabe, ba Baamone, ba Baetome, ba Basitone le ba Bahite.
2
E le ba merafe e Jehofa o ne a bua ka ga yone le bana ba Iseraele, a re: “Lo se ka lwa ya mo go bone, le bone ba sa ka ba tla mo go lona; gonne ruri ba tlaa faposetsa dipelo tsa lona kwa medimong ya bone.” Solomone a ngaparela bone bao mo loratong.
3
O ne a na le basadi ba le 700, bomorwadia dikgosi, le bagadingwana ba le 300; mme basadi ba gagwe ba faposa pelo ya gagwe.
4
Gonne ga dirala e rile Solomone a sena go tsofala basadi ba gagwe ba faposetsa pelo ya gagwe kwa medimong e sele; pelo ya gagwe ya se ka ya nna boitekanelo mo go Jehofa Modimo wa gagwe, jaaka pelo ya ga Dafite rraagwe e ne e ntse.
5
Gonne Solomone a latela Ašetorethe modimo wa sesadi wa Basitone, le Milekome makgapha a Baamone.
6
Solomone a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, a se ka a sala Jehofa morago ka botlalo jaaka Dafite rraagwe a ne a dira.
7
Foo Solomone a agela Kemose, makgapha a Bamoabe, felo fa go tlotlometseng mo thabaneng e e lebaganyeng le Jerusalema, le Moleke, makgapha a bana ba Amone, a mo agela jalo.
8
Basadi ba gagwe ba seeng a ba direla jalo botlhe, ba ba fisetsang medimo ya bone maswalo, ba e isetsa ditlhabelo.
9
Jehofa a nna bogale le Solomone, ka pelo ya gagwe e fapogile Jehofa, Modimo wa Iseraele, yo o ne a mmonaletse gabedi,
10
a mo laotse ka ga sone selo se, gore a se ka a latela medimo e sele; mme ga a ka a tshegetsa se Jehofa o se laotseng.
11
Ka ntlha ya gone moo Jehofa a raya Solomone a re: “E re ka selo se se dirwa ke wena, mme wa se ka wa tshegetsa kgolagano ya me, le melao ya me, e ke e go laoletseng, ruri ke tlaa rutla bogosi mo go wena, ke bo naya motlhanka wa gago.
12
Le fa go ntse jalo mo metlheng ya gago ga nketla ke se dira, ka ntlha ya ga Dafite rraago; ke tlaa bo rutla mo seatleng sa ga morwao.
13
Le fa go ntse jalo ga nketla ke rutla bogosi jotlhe; ke tlaa naya morwao lotso lo le longwe fela, ka ntlha ya ga Dafite motlhanka wa me, le ka ntlha ya Jerusalema felo fa ke go itshenketseng.”
14
Jehofa a tsosetsa Solomone mmaba, e bong Hatate wa Moetome; o ne a le wa losika lwa kgosi kwa Etome.
15
Gonne ga dirala e rile Dafite a le kwa Etome, Joabe molaodi wa ntwa a ile go fitlha ba ba bolailweng, a bolaile lonna lotlhe mo Etome;
16
(gonne Joabe le Baiseraele botlhe ba nna gone ka dikgwedi di le thataro ga tsamaya a phimola lonna lotlhe mo Etome);
17
Hatate a tshaba, ene le Baetome bangwe batlhanka ba ga rraagwe ba na nae, ba re ba ya Egepeto; Hatate a bo a sa ntse a le ngwanyana.
18
Ba nanoga mo Midiane ba fitlha mo Parana; ba tsaana le banna bangwe mo Parana ba ya nabo, ba fitlha Egepeto, kwa go Faro kgosi ya Egepeto; ene a mo naya ntlo, a mo laolela dijo, a mo abela lefatshe.
19
Hatate a bona botsalano jo bogolo mo matlhong a ga Faro, a ba a tla a mo tseisa monnawe mosadi wa gagwe, e bong monnawe Tahepenese mohumgadi wa kgosi.
20
Monnaa Tahepenese a bona bana le Hatate, e bong Genubathe morwawe, yo Tahepenese o mo kgwiseditseng mo ntlong ya ga Faro; mme Genubathe a nna mo ntlong ya ga Faro mo go bomorwa Faro.
21
E rile Hatate a utlwa a le kwa Egepeto fa Dafite a robetse le borraagwe, le Joabe molaodi wa ntwa a sule, Hatate a raya Faro a re: “Mma ke tsamaye ke ye lefatsheng la gaetsho.”
22
Foo Faro a mo raya a re: “O tlhokileng mo go nna fa e bo ne ne fano o senka go ya lefatsheng la gaeno?” A mo fetola a re: “Ga se sepe; le fa go ntse jalo, a ko o mme ke tsamaye fela.”
23
Modimo wa tsosetsa Solomone mmaba yo mongwe, e bong Resone morwa Eliate, yo o ne a tshabile morena wa gagwe Hatatesere kgosi ya Soba.
24
A iphuthela banna, a nna molaodi wa setlhopha, jale ka Dafite a bolaya bone ba Soba; ba ya Damaseko ba aga gone, mme ba busa mo Damaseko.
25
A nna mmaba wa Iseraele ka metlha yotlhe ya ga Solomone kwa ntle ga bosenyi jo Hatate o bo dirang; a ila Baiseraele mo go feteletseng, mme a busa Siria.
26
Jeroboame morwa Nebate, Moeferaime wa Sereta, motlhanka mongwe wa ga Solomone, yo leina la ga mmaagwe e ne e le Serua motlholagadi, le ene a tlhabana le kgosi.
27
Se ke sone se o ne a tlhabana le kgosi ka ga sone: Solomone a aga Milo, a thiba diphatlha tsa motse wa ga Dafite rraagwe.
28
Monna yoo Jeroboame ya bo e le seganka se se pelokgale; Solomone a bona lekau leo fa e le le le sa lapeng mo tirong, a mo naya tebelo ya tiro yotlhe ya ba ntlo ya ga Josefe.
29
Ga dirala ya re fa Jeroboame a tswa mo Jerusalema ka baka loo, Ahija moperofeti wa Mošilo a mo fitlhela mo tseleng; Ahija a bo a apere seaparo se seša; mme ba bo ba le bosi mo nageng bone boo babedi.
30
Ahija a tshwara seaparo se seša se se mo go ene, a se gagola a se tebeleganya gasome le bobedi.
31
A raya Jeroboame a re: “Tsaya dibata di le some, gonne Jehofa, Modimo wa Iseraele o bua jaana a re: ‘Bona, ke tlaa rutla bogosi mo seatleng sa ga Solomone, ke go neye ditso di le some.
32
Ene o tlaa bona lotso lo le longwe fela ka ntlha ya ga Dafite motlhanka wa me, le ka ntlha ya Jerusalema, motse o ke o itshenketseng mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele.
33
Ka ntlha ya gobo ba ntatlhile, ba obametse Ašetorethe modimo wa sesadi wa Basitone, le Kemoše modimo wa Moabe, le Milekome modimo wa bana ba Amone; ga ba a sepela mo ditseleng tsa me go dira se se siameng mo matlhong a me, le fa e le go tshegetsa melao ya me le dikatlholo tsa me, jaaka Dafite rraagwe a ne a dira.
34
Le fa go ntse jalo ga nketla ke tsaya bogosi jotlhe mo seatleng sa gagwe; ke tlaa mo dira kgosana ka metlha yotlhe ya botshelo jwa gagwe, ka ntlha ya ga Dafite motlhanka wa me, yo ke ne ka mo itshenkela, ka a ne a tshegeditse ditaolo tsa me, le melao ya me;
35
ke tlaa tlosa bogosi mo seatleng sa ga morwawe, mme ke tlaa bo go naya, e bong ditso di le some.
36
Ke tlaa naya morwawe lotso lo le longwe fela, gore Dafite motlhanka wa me a tle a dire le lobone ka metlha yotlhe fa pele ga me mo Jerusalema, motse o ke o itshenketseng go tla ke baya leina la me gone.
37
Ke tlaa go tsaya, mme o tlaa busa ka fa go tsotlhe tse mowa wa gago o di eletsang, o tlaa nna kgosi ya Iseraele.
38
Go tlaa dirala go re e tlaa re fa o reetsa tsotlhe tse ke di go laolelang, o ba o sepela mo ditseleng tsa me, o dira sone se se siameng mo matlhong a me, go tshegetsa melao ya me, le ditaolo tsa me, jaaka Dafite motlhanka wa me a ne a dira; foo ke tlaa nna nao, ke tlaa go agela motse o o tlhomameng, jaaka ke o agetse Dafite, mme ke tlaa go naya Baiseraele.
39
Ka ntlha ya gone moo ke tlaa patika losika lwa ga Dafite, mme e seng ka bosakhutleng.’ ”
40
Ke gone Solome a leka go bolaya Jeroboame; mme Jeroboame a tloga a tshabela kwa Egepeto, kwa go Shišake kgosi ya Egepeto, mme a nna mo Egepeto Solomone a ba a tla a swa.
41
Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Solomone, le tsotlhe tse o ne a di dira, le botlhale jwa gagwe, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditiro tsa ga Solomone?
42
Lobaka lo Solomone o busitseng Baiseraele botlhe ka lone mo Jerusalema e ne e le dinyaga di le 40.
43
Solomone a robala le borraagwe, mme a fitlhwa mo motseng wa ga Dafite rraagwe; mme Rehoboame morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22