bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Kings 6
1 Kings 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 7 →
1
Ga dirala e rile ka ngwaga wa 480, bana ba Iseraele ba sena go tswa kwa Egepeto, ka ngwaga wa bone wa puso ya ga Solomone mo Iseraele, ka kgwedi ya Sife, e e leng kgwedi ya bobedi, a simolola go aga ntlo ya ga Jehofa.
2
Ntlo e kgosi Solomone o ne a e agela Jehofa boleele jwa yone bo ne bo le jwa dimetara di le 27, le boatlhamo bo le dimetara di le 9, bogodimo bo le dimetara di le 13,5.
3
Mokatako o o fa pele ga tempele ya ntlo, boleele jwa one bo ne bo le dimetara di le 4,5 jaaka boatlhamo jwa ntlo; boatlhamo jwa one fa pele ga ntlo bo le dimetara di le 9.
4
A direla ntlo difensetere tsa dithupa tse di dirilweng selotloa, tse di tlhomameng fela.
5
A aga matlwana a mathudi, fa godimo a tlhatlhaganyeng, a ikaegile lomota lwa ntlo tikologong ya tempele le ya felo ga bobuelo ga boitshepo jo bo itshepileng, a ba a dira mathudi a mokatako mo tikologong ya ntlo.
6
Lethudi la tlase le le boatlhamo jwa dimetara di le 2,2, le le fa godimo fa gare e le boatlhamo jwa dimetara di le 2,7, ja boraro e le boatlhamo jwa dimetara di le 3,1, gonne o ne a dirile marudi a malomagano mo lomoteng lwa ntlo kwa ntle mo tikologong ya one, gore mesipuri e se ka ya tshwara tse e leng dimota tsa ntlo tota.
7
E rile ntlo e agiwa, ya bopelwa ka maje a a baakantsweng kwa a epololwang gone; mme ya re go agiwa ntlo, ga bo go sa utlwale le fa e le noto le fa e le selepe le fa e le sedira sepe sa tshipi mo ntlong.
8
Mojako o o isang mo mathuding a a fa gare, o ne o le mo lotlhakoreng lwa ntlo lwa ka fa tsogong le legolo; ga bo go palamelwa kwa methuding a gare ka dipalamo tse di tshophegileng, mme go duwe mo go a a fa gare go tlhatlogelwe mo go a boraro.
9
Jalo a aga ntlo a e wetsa; a tlhomesa ntlo ka mesipuri le dimati tsa masetara.
10
A aga mathudi tikologong yotlhe ya ntlo, lengwe le lengwe le le bogodimo jwa dimetara di le 2,2; a tlhomelelwa mo ntlong ka dikgong tsa masetara.
11
Lefoko la ga Jehofa la tla mo go Solomone la re:
12
“Ka ga ntlo e o e agang, fa o sepela mo melaong ya me, o ba o tshegetsa ditaolo tsotlhe tsa me go sepela mo go tsone; foo ke tlaa go tlhomamisetsa lefoko la me, le ke le buileng le Dafite rraago.
13
Ke tlaa aga mo baneng ba Iseraele, ga nketla ke latlha Baiseraele batho ba me.”
14
Jalo Solomone a aga ntlo a e fetsa.
15
A aga dimota tsa ntlo ka fa teng ka dimati tsa masetara; go tswa bophaphathong jwa ntlo le go ya dimoteng tsa ditlhomeso a di khurumetsa ka fa teng ka dimati; a khurumetsa bophaphatho jwa ntlo ka dimati tsa mafira.
16
Kwa moseo ga ntlo a kgaola, a aga boleele jwa dimetara di le 9 ka dimati tsa masetara, go tswa bophaphathong go ya le dimota; a di agelela mo go yone ka fa teng go nna felo ga bubuelo, e bong go nna felo ga boitshepo jo bo itshepileng.
17
Yone ntlo, ke go re, tempele, fa pele ga felo ga bubuelo, e le boleele jwa dimetara di le 18.
18
Go ne go le bosetara mo ntlong ka fa teng jo bo setilweng dikgolokwe le dithunya tse di šešemologileng; gotlhe e le bosetara; go sa bonale lentswe lepe.
19
A baakanya felo ga bobuelo mo gare ga ntlo ka fa teng, go tla a baya gone letlole la kgolagano ya ga Jehofa.
20
Mo teng ga felo ga bobuelo go ne go le sebaka se se boleele jwa dimetara di le 9, le boatlhamo jwa dimetara di le 9, le bogodimo jwa dimetara di le 9; a go manega gouta e e itshekileng; a ba a manega sebeso sa masetara.
21
Jalo Solomone a manega ntlo gouta e e itshekileng ka fa teng, a pega sesiro ka bompolokwane ba gouta, ba rapalala fa pele ga felo ga bobuelo; a go manega gouta.
22
Ntlo yotlhe a e manega gouta, ga tsamaya ntlo ya wediwa; le sebeso sotlhe se e leng sa felo ga bobuelo a se manega gouta.
23
Mo felong ga bobuelo a dira botšheruba ba le babedi ka logong lwa motlhware, mongwe le mongwe e le bogodimo jwa dimetara di le 4,4.
24
Lofuka longwe lwa tšheruba lo le dimetara di le 2,2, le lofuka lo longwe lwa tšheruba lo le dimetara di le 2,2, le go tswa ntlheng ya lofuka longwe go ya ntlheng ya lofuka lo longwe e le dimetara, di le 4,4.
25
Tšheruba yo mongwe o na a le bogodimo jwa dimetara di le 4,4; boo babedi ba le selekanyo se le sengwe fela le popego e le nngwe fela.
26
Bogodimo jwa tšheruba yo mongwe e le jwa dimetara di le 4,4, jwa tšheruba yo mongwe bo ntse jalo.
27
A baya botšheruba mo teng ga ntlo e e ka kwa teng; diphuka tsa botšheruba di ne di tsharologile, lofuka lwa yo mongwe lwa tshwara lomota longwe, le lofuka lwa tšheruba yo mongwe lwa tshwara lomota lo longwe; diphuka tsa bone tsa tshwaragana fa gare ga ntlo.
28
A manega botšheruba gouta.
29
Dimota tsotlhe tsa ntlo tikologong ya bone a di seta ditshwantsho tse di setilweng tsa botšheruba, le tsa ditlhare tsa makolane, le dithunya tse di šešemologileng, ka fa teng le ka fa ntle.
30
Bophaphatho jwa ntlo a bo manega gouta ka fa teng le ka fa ntle.
31
A direla kgoro ya felo ga bobuelo ditswalo tsa logong lwa motlhware; mophako le maotwana a mojako a ja botlhano bo le bongwe fela jwa matlhano a selekanyo sa lomota.
32
A dira ditswalo di le pedi tsa logong lwa motlhware; a di seta ditshwano tsa botšheruba, le tsa ditlhare tsa makolane, le dithunya tse di šešemologileng a di manega gouta; botšheruba le ditlhare tsa makolane a di manega gouta.
33
Le kgoro ya tempele a e direla maotwana a mojako a logong lwa motlhware; a ja bone bo le bongwe fela jwa mane a mane a selekanyo sa lomota.
34
A dira le ditswalo di le pedi tsa logong lwa mofira; dimati tse pedi tsa setswalo sengwe di ne di menagana, le dimati tse pedi tsa setswalo se sengwe di menagana.
35
A di seta ditshwano tsa botšheruba, le ditlhare tsa makolane, le dithunya tse di šešemologileng; a di manega gouta a e lekalekanyetsa mo masetong.
36
A aga lolwapa lwa ka fa teng ka maje a a betlilweng a le ditsela di le tharo, le tsela e le nngwe fela ya mepako ya mosetara.
37
Motheo wa ntlo ya ga Jehofa wa thaiwa ka ngwaga wa bone, ka kgwedi ya Sife.
38
Ya re ka ngwaga wa 11, ka kgwedi ya Bule, e e leng kgwedi e e ferang e le mebedi, ntlo ya wediwa mo dilong tsa yone, le ka fa sekaong sotlhe sa yone. Jalo Solomone a ja dinyaga di supa mo kagong ya yone.
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22