bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Kings 18
1 Kings 18
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 19 →
1
Ga dirala ya re morago ga malatsi a le mantsi, lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Elija, mo ngwageng wa boraro, la re: “Ya o iponatse kwa go Ahabe, mme ke tlaa nesa pula mo lefatsheng.”
2
Elija a ya a iponatsa kwa go Ahabe, mme popamo ya bo e ne e le kgolo mo Samaria.
3
Ahabe a bitsa Obadia, ene yo o laolang ba ntlo. (Mme Obadia a bo a boifa Jehofa thata;
4
gonne ga nna jaana, e rile Jesebele a bolaya baperofeti ba ga Jehofa, Obadia a tsaya baperofeti ba le lekgolo, a ba fitlha mo logageng ka bo 50, mme a ba otla ka dijo le metsi.)
5
Ahabe a raya Obadia a re: “Ralala lefatshe o ye le metswedi yotlhe ya metsi le melatswana yotlhe; e tle e re gongwe re bone bojang, re tshedise dipitse le bommoulo, gore re se ka ra swelwa ke dilo tsotlhe.”
6
Mme ba ikgaoganyetsa lefatshe go tla ba le ralala; Ahabe a ya ntlheng nngwe a le esi, Obadia a ya ntlheng e nngwe a le esi.
7
Ya re Obadia a le mo tseleng, bonang, Elija a kopana nae; a mo itse, mme a wela fa fatshe ka sefatlhogo, a re: “A ke wena morena wa me, Elija?”
8
A mo fetola a re: “Ke nna; tsamaya, o bolelele morena wa gago o re: ‘Bona, Elija o fa.’ ”
9
Mme a re: “Ke leofile mo go eng, fa e bo ne ne jaana o eletsa go tsenya motlhanka wa gago mo seatleng sa ga Ahabe, go tla a mpolaya.
10
Jaaka Jehofa Modimo wa gago a tshedile, ga go na morafe le fa e le bogosi, kwa morena wa me o se kang a go romela gone a ya go go batla; mme e ne e tle e re fa ba re: ‘Ga a yo mono,’ a ikanise bogosi joo, le morafe oo, gore, ga ba go bone.
11
Ke fa wa re: ‘Ya o bolelele morena wa gago: Bona, Elija o fa.’
12
Go tlaa dirala, e tlaa re ke sena go tloga fa go wena, mowa wa ga Jehofa o tlaa go isa kwa ke sa go itseng; jalo ke tlaa re ke fitlha ke bolelele Ahabe, mme a sa kake a go bona, a mpolaye. Nna motlhanka wa gago ke sa le ke boifa Jehofa le mo bokaung jwa me.
13
A ga go a bolelelwa morena wa me se nkileng ka se dira jale, ka Jesebele a bolaya baperofeti ba ga Jehofa, jaaka nkile ka fitlha banna ba le lekgolo ba baperofeti ba ga Jehofa mo logageng ka bo 50, ka ba otla ka dijo le metsi?
14
Ke fa wa re: ‘Ya o bolelele morena wa gago: Bona, Elija o fa’: mme o tlaa mpolaya.”
15
Elija a re: “Jaaka Jehofa wa masomosomo a tshedile, yo ke emang fa pele ga gagwe, ruri ke tlaa iponatsa kwa go ene gompieno.”
16
Obadia a ya go kgatlhantsha Ahabe, a mmolelela; mme Ahabe a ya go kgatlhantsha Elija.
17
Ga dirala ya re Ahabe a bona Elija, Ahabe a mo raya a re: “A ke wena, wena motshwenyi wa Baiseraele?”
18
A mo fetola a re: “Ga ke a tshwenya Baiseraele; fa e se wena, le ba ntlo ya gago, ka lo latlhile ditaolo tsa ga Jehofa, mme lo setse boBaale morago.
19
Ke gone jaana roma, o phuthele Baiseraele botlhe kwa thabeng ya Karemele, le baperofeti ba ga Baale ba ba 450, le baperofeti ba Modimako ba ba 400, ba ba jelang fa lomating lwa bojelo lwa ga Jesebele.”
20
Jalo Ahabe a roma kwa baneng ba Iseraele botlhe, a phuthela baperofeti kwa thabeng ya Karemele.
21
Elija a atamela kwa bathong botlhe bao, a re: “Lo tlaa akabala fa gare ga maikutlo a le mabedi ka lobaka lo lo kae? E re fa Jehofa e le ene Modimo yang nae; mme fa e le Baale, foo lo yeng nae.” Batho ba se ka ba mo fetola ka lefoko lepe.
22
Foo Elija a raya batho a re: “Nna, e bong nna ke le nosi fela, ke setse ke le moperofeti wa ga Jehofa; mme baperofeti ba ga Baale ke banna ba le 450.
23
Ke gone a ba re neye dikgomo di le pedi; mme a ba itebalebele kgomo nngwe, a ba e kgabetlele, ba e beye mo dikgonnyeng, mme ba se ka ba tsenya molelo tlase; mme nna ke tlaa baakanya kgomo e nngwe, ke e baya mo dikgonnyeng, ke sa tsenye molelo tlase ga yone.
24
Lo bitse leina la modimo wa lona, le nna ke tlaa bitsa leina la ga Jehofa; mme Modimo o o arabang ka molelo, e nne one Modimo.” Batho botlhe ba fetola ba re: “Go builwe sentle.”
25
Elija a raya baperofeti ba ga Baale a re: “Lo itebalebele kgomo nngwe, lo e baakanye pele; gonne lona lo bantsi; mme lo bitse leina la modimo wa lona, mme lo se ka lwa tsenya molelo tlase.”
26
Ba tsaya kgomo e ba e neilweng, ba e baakanya, mme ba bitsa leina la ga Baale go tswa mosong go ya motshegareng, ba re: “Baale we, re utlwe.” Mme go ne go se na lentswe le fa e le ope yo o arabang. Ba tlolaka mo tikologong ya sebeso se se dirilweng.
27
Ga dirala ya re motshegare Elija a ba sotla a re: “Goang thata gonne ke modimo; gongwe o a tlhatlhanya, kgotsa o kakegile, kgotsa o etile, gongwe o robetse, mme o na le go tsosiwa.”
28
Ba goa thata, ba itshegaka ka dithipa le marumo jaaka mokgwa wa bone, madi a ba a tla a tshologa mo go bone.
29
Ga nna jalo, e rile motshegare o sena go feta, ba balabala ba tsamaya ba fitlha mo lobakeng lwa go isa tlhabelo ya maitsebowa: mme go ne go se na lentswe, le fa e le ope yo o arabang, le fa e le yo o tlhokomelang.
30
Mme Elija a raya batho botlhe a re: “Atamelang kwano go nna”; batho botlhe ba atamela kwa go ene. A mamatlelela sebeso sa ga Jehofa se se rutlilweng.
31
Elija a tsaya maje a le 12 a a palo ya ditso tsa bomorwa Jakobe, yo lefoko la ga Jehofa le kileng la tla go ene la re: “Leina la gago e tlaa nna Iseraele.”
32
A agela leina la ga Jehofa sebeso ka maje ao; a epa mosele tikologong ya sebeso, o lekanye dielo di le pedi tsa peo.
33
A rulaganya dikgong, a kgabetlela kgomo, a e baya mo dikgonnyeng. Mme a re: “Gelelang dinkgwana di le nne metsi di tlale, lo a thele mo tshupelong e e fisiwang, le mo dikgonnyeng.”
34
A re: “Dirang jalo lwa bobedi”; ba dira jalo lwa bobedi. A re: “Dirang jalo lwa boraro”; ba dira jalo lwa boraro.
35
Mme metsi a ela tikologong ya sebeso; le gone a thela metsi mo moseleng wa tlala.
36
Ga dirala ya re lobaka lwa fa go isiwa seromololo sa maitsebowa, Elija moperofeti a atamela, a re: “Jehofa Modimo wa ga Aberahame, wa ga Isake, le wa ga Iseraele, a go itsiwe gompieno fa o le Modimo mo Iseraele, le go re, nna ke motlhanka wa gago, le go re ke dirile dilo tsotlhe tse ka lefoko la gago.
37
Nkutlwa Jehofa, o nkutlwe gore batho ba, ba itse fa wena Jehofa o le Modimo, le go re o bile o bositse dipelo tsa bone.”
38
Foo molelo wa ga Jehofa wa wa, mme wa nyeletsa tshupelo e e fisiwang le dikgong, le maje, le lorole, wa ba wa latswa metsi a a mo moseleng.
39
Ya re batho botlhe ba go bona, ba wela fa fatshe ka difatlhogo, ba re: “Jehofa ke ene Modimo; Jehofa ke ene Modimo!”
40
Elija a ba raya a re: “Tshwarang baperofeti ba ga Baale; a go se falole ope wa bone!” Ba ba tshwara; Elija a ba folosetsa kwa molatswaneng wa Kišone, a ba bolaela gone.
41
Elija a raya Ahabe a re: “Tlhatloga o je, o nwe; gonne go na le mosumo wa pula e kgolo.”
42
Jalo Ahabe a tlhatloga a ya go ja le go nwa. Elija a tlhatlogela kwa tlhoreng ya Karemele; a inamela fa fatshe, a itsenya sefatlhogo fa gare ga mangole.
43
A raya motlhanka wa gagwe a re: “A ko o tlhatloge, o lebe kwa lewatleng.” A tlhatloga, a leba, mme a re: “Ga go na sepe.” Mme a re: “Ba o nne o ye gape gasupa.”
44
Ga dirala ya re ka lwa bosupa a re: “Bona, go tlhatloga leru mo lewatleng, le kana ka seatla sa motho.” Mme a re: “Tlhatloga o ye go raya Ahabe o re: ‘Baakanya kara ya gago, o fologe, gore pula e se ka ya go kganela.’ ”
45
E rile kgantele, legodimo la ntshofala ka maru le phefo, mme ga na pula e le kgolo. Ahabe a kgweetsa, a ya Jesereele.
46
Seatla sa ga Jehofa sa nna mo go Elija; mme a itlama mo lothekeng, a sianela fa pele ga Ahabe go fitlha kwa botsenong jwa Jesereele.
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22