bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Kings 21
1 Kings 21
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 22 →
1
Ga dirala e rile morago ga dilo tse, Nabothe wa Mojesereele a bo a na le tshimo ya mafine, e le mo Jesereele fa gautshwane le ntlo e kgolo ya ga Ahabe kgosi ya Samaria.
2
Ahabe a bua le Nabothe, a re: “Nnaya tshimo ya gago ya mafine, gore ke e dire tshimo ya merogo, ka e le gaufi le ntlo ya me; mme ke tlaa go naya tshimo ya mafine e e botoka bogolo mo boemong jwa yone, kgotsa fa go ka nna molemo mo matlhong a gago, ke tlaa e reka mo go wena ka madi.”
3
Mme Nabothe a raya Ahabe a re: “A golo mo, Jehofa a go nkiletse, fa nka go naya boswa jwa borraetsho.”
4
Mme Ahabe a tla a tsena mo ntlong ya gagwe a khutlogile a itumologile ka ntlha ya lefoko le Nabothe wa Mojesereele o le buileng nae; ka a re: “Ga ke go neye boswa jwa borraetsho.” A rapama mo bolaong, a hularela batho, a gana go ja dijo.
5
Jesebele mosadi wa gagwe a tla kwa go ene, a mo raya a re: “Ana mowa wa gago o hutsafaletseng, fa e bo ne ne o sa je dijo jaana?”
6
A mo raya a re: “Ke ka ntlha ya gobo ke buile le Nabothe wa Mojesereele, ka mo raya ka re: ‘Nnaya tshimo ya gago ya mafine ka madi; kgotsa fa go ka go kgatlha, ke tlaa go naya tshimo e nngwe ya mafine mo boemong jwa yone’; mme a mphetola a re: ‘Ga nketla ke go naya tshimo ya me ya mafine.’ ”
7
Jesebele mosadi wa gagwe a mo raya a re: “A o a bo o busa bogosi jwa Iseraele jaana? Nanoga, o je dijo, mme pelo ya gago e dire mokete; nna ke tlaa go naya tshimo ya mafine ya ga Nabothe wa Mojesereele.”
8
Mme a kwala dikwalo ka leina la ga Ahabe, a di kana ka sekano sa gagwe, a romela dikwalo kwa bagolwaneng le kwa magosaneng ba ba mo motseng wa ga gabo, ba agile le Nabothe.
9
A kwala mo dikwalong a re: “Laolang gore go ikidiwe dijo, mme lo beye Nabothe kwa tlhogong ga batho.
10
Lo beye banna ba le babedi ba ba diramatla fa pele ga gagwe, ba supe ka ga gagwe, ba re: ‘O ne wa hutsa Modimo le kgosi.’ Foo lo mo ise kwa ntle, lo mo kgobotletse ka maje gore a swe.”
11
Banna ba motse wa ga gabo, le bagolwane le magosana ba ba agileng mo motseng wa ga gabo, ba dira jaaka Jesebele a laetse kwa go bone, jaaka go kwadilwe mo dikwalong tse o di rometseng kwa go bone.
12
Ba laola gore go ikidiwe dijo, ba baya Nabothe kwa tlhogong ga batho.
13
Banna ba babedi ba ba diramatla ba tla ba dula fa pele ga gagwe; mme banna ba ba diramatla ba supa ka ga gagwe; e bong ene Nabothe, fa pele ga batho, ba re: “Nabothe o ne a hutsa Modimo le kgosi.” Foo ba mo isa kwa ntle ga motse, ba mo kgobotletsa ka maje, mme a swa.
14
Foo ba roma kwa go Jesebele ba re: “Nabothe o kgobotleditswe ka maje, mme o sule.”
15
Ga dirala ya re Jesebele a utlwa fa Nabothe a kgobotleditswe ka maje, mme a sule, Jesebele a raya Ahabe a re: “Nanoga o ye go tsaya tshimo ya mafine ya ga Nabothe wa Mojesereele e o ne a gana go e go naya ka madi; gonne Nabothe ga a a tshela, o sule.”
16
Ga dirala ya re Ahabe a utlwa fa Nabothe a sule, a nanoga, a re o ya kwa tshimong ya mafine ya ga Nabothe wa Mojesereele, a ya go e tsaya.
17
Lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Elija wa Motišebe la re:
18
“Nanoga, o ye go kgatlhantsha Ahabe kgosi ya Iseraele, yo o agileng mo Samaria; bona, o mo tshimong ya mafine ya ga Nabothe, kwa o ileng gone a ya go e tsaya.
19
O bue nae o re: ‘Jehofa o bua jaana a re: A o bolaile, mme o bile o ruile?’ O bo o bue nae, o re: ‘Jehofa a re: Mo felong fa dintša di latswitseng madi a ga Nabothe gone, dintša di tlaa latswa madi a gago gone, a e leng a gago tota.’ ”
20
Ahabe a raya Elija a re: “A o mponye wena mmaba wa me?” A mo fetola a re: “Ke go bonye; gonne o ithekisitse go tla o dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.
21
Bona, ke tlaa lere bosula mo go wena, ke tlaa go feelela ruri, ke tlaa tlosetsa Ahabe ngwana mongwe le mongwe wa mosimane, le ene yo o tswaletsweng, le ene yo o itsamaelang fela mo Iseraele;
22
ke tlaa dira ntlo ya gago e nna jaaka ntlo ya ga Jeroboame morwa Nebate, le jaaka ntlo ya ga Baaša morwa Ahija, ka ntlha ya kgakatso e o nkgakaleditseng mo bogaleng ka yone, mme o bile o leofisitse Baiseraele.
23
Jehofa a bua le ka ga Jesebele, a re: ‘Dintša di tlaa jela Jesebele fa lorakong lwa Jesereele.’
24
Wa ga Ahabe yo o swelang mo motseng dintša di tlaa mo ja; yo o swelang kwa nageng dinonyane tsa loapi di tlaa mo ja.”
25
Go ne go se na ope yo o tshwanang le Ahabe, yo o ne a ithekisa go tla a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, yo Jesebele mosadi wa gagwe o ne a mo tlhotlheletsa.
26
Mme a dira mo go makgapha thata ka go ineela medimo ya disetwa, ka fa go tsotlhe tse Baamore ba ne ba di dira, ba Jehofa o ne a ba lelekela koo fa pele ga bana ba Iseraele.
27
Ga dirala ya re Ahabe a utlwa mafoko ao, a ikgagola diaparo, a apara letsela la kgetse mo mmeleng wa gagwe, a ikitsa go ja, a ba a rapama a le mo letseleng la kgetse, mme a tsamaya ka nyanyaelo.
28
Mme lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Elija wa Motišebe la re:
29
“A o a bona jaaka Ahabe a ikokobetsa fa pele ga me? E re ka a ikokobetsa fa pele ga me, ga nketla ke lere bosula jo mo motlheng wa gagwe; mme mo motlheng wa ga morwawe ke tlaa lere bosula jo mo ntlong ya gagwe.”
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 22 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22