bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Kings 19
1 Kings 19
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 20 →
1
Ahabe a bolelela Jesebele gotlhe mo Elija o go dirileng, le jaaka a bolaile baperofeti botlhe ka tšhaka.
2
Foo Jesebele a roma motho kwa go Elija, a re: “A medimo e ntirele jalo, e be e go fetise fa e tlaa re ka moso go re jaana, ke bo ke sa dire botshelo jwa gago bo etsa botshelo jwa mongwe wa bone.”
3
E rile Elija a bona jalo a nanoga, a itshabisa loso, a tla kwa Beerešeba o o leng wa Juta, mme a tlogela motlhanka wa gagwe gone.
4
Ene a fetela kwa nageng, loeto lwa letsatsi le le lengwe fela, mme a fitlha a dula fa tlase ga setlhare sa mosu; a itopela gore a swe, a re: “Go lekanye; jaanong, Jehofa, tlosa botshelo jwa me; gonne ga ke gaise borraetsho ka molemo.”
5
A rapama a thulamela fa tlase ga setlhare sa mosu; mme bonang, moengele mongwe a mo tobetsa ka monwana, a mo raya a re: “Tsoga o je.”
6
A leba, mme bonang, fa tlhogong ya gagwe go le papetlana ya senkgwe se se besitsweng mo magaleng le kurwana ya metsi. A ja, a nwa, a itse go rapama gape.
7
Moengele wa ga Jehofa a tla gape lwa bobedi, a mo tobetsa ka monwana a re: “Tsoga o je; gonne loeto lo logolo bobe mo go wena.”
8
Mme a tsoga, a ja a nwa, ya re ka thata ya dijo tseo a tsamaya malatsi a a 40 le masigo a a 40, mme a fitlha kwa Horebe thaba ya Modimo.
9
A tla mo logageng longwe gone, a lala gone; mme bonang, lefoko la ga Jehofa la tla kwa go ene, a mo raya a re: “O dirang fano, Elija?”
10
A re: “Ke ntse ke le lefufa ka ga Jehofa, Modimo wa masomosomo; gonne bana ba Iseraele ba latlhile kgolagano ya gago, ba rutlolotse dibeso tsa gago, ba bolaile baperofeti ba gago ka tšhaka; mme nna ke setse ke le nosi fela, le botshelo jwa me ba a bo senka, go bo tlosa.”
11
Mme A re: “Tswela kwa ntle, o eme mo thabeng fa pele ga Jehofa.” Mme bonang, Jehofa a feta, mme phefo e kgolo e e thata ya phatlola dithaba, ya thubaganya mafika fa pele ga Jehofa, mme Jehofa a bo a se mo phefong; morago ga phefo ga nna thoromo ya lefatshe; mme Jehofa a bo a se mo thoromong ya lefatshe;
12
morago ga thoromo ya lefatshe ga nna molelo; mme Jehofa a bo a sa mo molelong; morago ga molelo ga nna lentswe le lesesane, le le kokobetseng.
13
Ga nna jaana, ya re Elija a le utlwa, a ipipa sefatlhogo ka kobo ya gagwe, a tswela kwa ntle, a ema fa botsenong jwa logaga. Mme bonang, ga tla lentswe kwa go ene, la re: “O dirang fano, Elija?”
14
Mme a re: “Ke ntse ke le lefufa ka Jehofa Modimo wa masomosomo; gonne bana ba Iseraele ba latlhile kgolagano ya gago; ba rutlolotse dibeso tsa gago, ba bolaile baperofeti ba gago ka tšhaka; nna ke setse ke le nosi fela, le botshelo jwa me ba a bo senka, go bo tlosa.”
15
Jehofa a mo raya a re: “Ya o bowe ka tsela ya naga ya Damaseko, o tlaa re o fitlha gone, o tlotse Hasaele gore a nne kgosi ya Siria;
16
Jehu morwa Nimeši o mo tlotse gore a nne kgosi ya Iseraele; Eliša morwa Shafate wa Abelemehola o mo tlotse gore a tle a nne moperofeti mo boemong jwa gago.
17
Go tlaa dirala go re yo o falolang mo tšhakeng ya ga Hasaele, Jehu o tlaa mmolaya; le yo o tlaa falolang mo tšhakeng ya ga Jehu, Eliša o tlaa mmolaya.
18
Mme le fa go ntse jalo ke tlaa itshiela ba le 7 000 mo go Baiseraele, ba mangole otlhe a bone a se kang a khubamela Baale, le ba molomo mongwe le mongwe wa bone o se kang wa mo atla.”
19
Jalo a tloga gone, a ya a fitlhela Eliša morwa Shafate a lema, a na le dikgomo di le dijokwe di le 12 fa pele ga gagwe, mme ene a le fa go tsa jokwe ya 12; Elija a kgabaganyetsa kwa go ene, a latlhela kobo ya gagwe mo go ene.
20
A tlogela dikgomo, a sianela kwa go Elija a re: “Ke a go rapela, a ko o mme ke atle rre le mme, foo ke tlaa go sala morago.” A mo raya a re: “Boa; gonne ke go rileng?”
21
A boa mo go mo saleng morago, a tsaya dikgomo tsa jokwe, a di tlhaba, a apaya nama ya tsone ka dikgong tsa dikgomo, a fa batho, ba ja. Mme a nanoga a sala Elija morago, a mo direla.
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 20 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22