bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Kings 16
1 Kings 16
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 17 →
1
Lefoko la Jehofa la tla kwa go Jehu morwa Hanani ka ga Baaša, la re:
2
“E re ka ke go ntshitse mo loroleng, ka go goletsa, ka go dira kgosana ya batho ba me Baiseraele; mme o sepetse mo tseleng ya ga Jeroboame, o leofisitse batho ba me Baiseraele, go tla o ntlhotlheletsa mo bogaleng ka maleo a bone;
3
bona, ke tlaa feelela ruri Baaša le ba ntlo ya gagwe; ke tlaa tshwantsha ntlo ya gago le ntlo ya ga Jeroboame morwa Nebate.
4
Wa ga Baaša yo o swelang mo motseng dintša di tlaa mo ja; le wa gagwe yo o swelang kwa nageng dinonyane tsa loapi di tlaa mo ja.”
5
Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Baaša le se o ne a se dira, le bonatla jwa gagwe, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele?
6
Baaša a robala le borraagwe a fitlhwa mo Tiresa; mme Ela morwawe a busa boemong jwa gagwe.
7
Gape lefoko la ga Jehofa ka ga Baaša le ka ga ntlo ya gagwe, la tla ka Jehu moperofeti morwa Hanani, ka ntlha ya bosula jotlhe jo o bo dirileng mo matlhong a ga Jehofa, go mo tlhotlheletsa mo bogaleng ka ditiro tsa diatla tsa gagwe, ka go tshwana le ntlo ya ga Jeroboame, le ka gonne o ne a mo senya.
8
E rile ka ngwaga wa 26 wa ga Asa kgosi ya Juta, Ela morwa Baaša a simolola go busa Baiseraele mo Tiresa, a busa ka dinyaga di le pedi.
9
Mme Simeri motlhanka wa gagwe, molaodi wa bontlhanngwe jwa dikara tsa gagwe a mo rera: jaana o ne a le kwa Tiresa, a nwa a itagisa mo ntlong ya ga Arese yo o laolang ba ntlo mo Tiresa.
10
Simeri a tsena, a mo itaya a mmolaya mo ngwageng wa 27 wa ga Asa kgosi ya Juta, mme a busa mo boemong jwa gagwe.
11
Ga dirala ya re a simolola go busa, e le gone a dulang mo setulong sa bogosi, a phimola ba ntlo ya ga Baaša botlhe fela: ga a ka a mo tlogelela ngwana wa mosimane le fa e le yo mongwe fela, le fa e le wa losika lwa gagwe, le fa e le wa ditsala tsa gagwe.
12
Simeri a senya jalo ba ntlo ya ga Baaša, ka fa lefokong la ga Jehofa, le o ne a le bua ka ga Baaša ka Jehu moperofeti,
13
ka ntlha ya maleo otlhe a ga Baaša le maleo a ga Ela morwawe, a ba ne ba a leofile, le a ba ne ba leofisitse Baiseraele ka one, go tlhotlheletsa Jehofa, Modimo wa Iseraele, mo bogaleng ka maithamako a bone.
14
Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Ela, le tsotlhe tse o ne a di dira, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele?
15
E rile ka ngwaga wa 27 wa ga Asa kgosi ya Juta, Simeri a busa mo Tiresa ka malatsi a supa. Batho ba ne ba thibeletse go tlhabana le Gibethone o e ne e le motse wa Bafilisitia.
16
Batho ba ba thibeletseng ba utlwa go twe, Simeri o rerile, o bile o bolaile kgosi; mme ka ntlha ya gone moo Baiseraele botlhe ba tsaya Omeri, molaodi wa ntwa, ba mo dira kgosi ya Iseraele ka tsatsi leo mo bothibelelong.
17
Omeri a tswa kwa Gibethone a na le Baiseraele botlhe, ba ya ba tlhasela Tiresa.
18
Ga dirala ya re Simeri a bona fa motse o gapilwe, a tsena mo kagong e e thata ya ntlo ya kgosi, a iphisetsa ntlo ya kgosi mo godimo ga gagwe, mme a swa,
19
ka maleo a o ne a leofa ka one ka go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, ka go sepela mo tseleng ya ga Jeroboame, le mo boleong jwa gagwe jo o ne a bo dira, go leofisa Baiseraele.
20
Ditiro tse dingwe tsa ga Simeri, le bolotsana jo o ne a bo dira, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele?
21
Foo batho ba Iseraele ba kgaogana sebedi: bontlhanngwe jwa batho jwa ya le Tibeni morwa Ginathe, go mo dira kgosi; mme bontlhanngwe jwa ya le Omeri.
22
Batho ba ba ileng le Omeri ba fenya batho ba ba ileng le Tibeni morwa Ginathe; jalo Tibeni a swa, mme Omeri a busa.
23
Omeri a simolola go busa Baiseraele ka ngwaga wa 31 wa ga Asa kgosi ya Juta, a busa ka dinyaga di le 12; a busa ka dinyaga di le thataro mo Tiresa.
24
A reka thabana ya Samaria mo go Shemere ka dikilogerame di le 70 tsa selefera; mme a aga dikago mo thabaneng. Motse o, o ne a o aga, a o raya leina a re, Samaria, a o reelela Shemere mong wa thabana.
25
Omeri a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, a dira ka boikepo go feta botlhe ba ba kileng ba ne ba le pele ga gagwe.
26
Gonne a sepela mo tseleng yotlhe ya ga Jeroboame morwa Nebate, le mo maleong a gagwe a o ne a leofisa Baiseraele ka one, go tlhotlheletsa Jehofa, Modimo wa Iseraele, mo bogaleng ka maithamako a bone.
27
Ditiro tse dingwe tsa ga Omeri tse o ne a di dira, le bonatla jwa gagwe jo o ne a bo bonatsa, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele?
28
Omeri a robala le borraagwe, a fitlhwa mo Samaria; mme Ahabe morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
29
E rile ka ngwaga wa 38 wa ga Asa kgosi ya Juta, Ahabe morwa Omeri a simolola go busa Baiseraele; Ahabe morwa Omeri a busa Baiseraele mo Samaria ka dinyaga di le 22.
30
Ahabe morwa Omeri a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, bogolo go botlhe ba ba kileng ba ne ba le pele ga gagwe.
31
Ga dirala, ekete e ne e le sengwe se se sennyennyane mo go ene fa a sepela mo maleong a ga Jeroboame morwa Nebate, a ba a nyala Jesebele morwadia Ethebale kgosi ya Basitone, a ba a ya a direla Baale, a mo obamela.
32
A agela Baale sebeso mo ntlong ya ga Baale e o ne a e agile mo Samaria.
33
Ahabe a dira Medimako; Ahabe a fela a dira bogolo go dikgosi tsotlhe tsa Iseraele tse di kileng tsa nna pele ga gagwe go tlhotlheletsa Jehofa, Modimo wa Iseraele, mo bogaleng.
34
E rile mo motlheng wa gagwe ya bo e le gone Hiele wa Mobethele a aga Jeriko; a thaya motheo wa gone ka go swelwa ke Abirame motsalwapele wa gagwe, mme a emisa dikgoro tsa gone ka go swelwa ke Segobe morwawe yo mmotlana; jaaka lefoko la ga Jehofa le o ne a le bua ka Jošua morwa Nune.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 17 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22