bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Kings 13
1 Kings 13
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 14 →
1
Bonang ga tla motho wa Modimo mo Bethele, a tswa kwa Juta, a tla ka lefoko la ga Jehofa; Jeroboame a bo a eme fa sebesong, a re a fisa maswalo.
2
Mme a kua ka lefoko la ga Jehofa ka ga sebeso, a re: “Sebeso we! Sebeso we! Jehofa o bua jaana, a re: ‘Bona, kgotla ya ga Dafite e tlaa tsalelwa ngwana, leina la gagwe Josia; o tlaa bolaela mo godimo ga gago baperesiti ba mafelo a a tlotlometseng ba ba fisang maswalo mo godimo ga gago, mme ba tlaa fisa marapo a batho mo godimo ga gago.’ ”
3
A ba kaela sesupo ka tsatsi leo, a re: “Ke sone sesupa se Jehofa o se boletseng, a re: ‘Bona, sebeso se tlaa phatloga, le melora e e mo go sone e tlaa tshologa.’ ”
4
Ga dirala ya re kgosi e utlwa polelo ya motho wa Modimo, e o kuileng ka yone ka ga sebeso mo Bethele, Jeroboame a ntsha letsogo, a le fa sebesong, a re: “Mo tshwareng!” Mme letsogo la gagwe le o le mo ntsheditseng la omelela, a ba a retelelwa ke go ba a le gona.
5
Sebeso le sone sa phatloga, le melora ya tshologa mo sebesong, ka fa sesupong se motho wa Modimo o ne a se kaile ka lefoko la ga Jehofa.
6
Kgosi ya bua ya raya motho wa Modimo ya re: “A ko o nkokotlelele thuso ya ga Jehofa Modimo wa gago, o nthapelele, gore letsogo la me le mpholele.” Mme motho wa Modimo a kokotlela Jehofa, mme letsogo la kgosi la e folela, la nna jaaka le ne le ntse pele.
7
Kgosi ya raya motho wa Modimo ya re: “Ya le nna kwa gae, o tle o itapolose, ke tlaa go naya tuelo.”
8
Mme motho wa Modimo a raya kgosi a re: “Le fa o ka nnaya bontlhanngwe jwa ntlo ya gago, ga nketla ke tsena nao, le gone ga nketla ke ja dijo le fa e le go nwa metsi mo felong fano;
9
gonne ke laetswe jalo ke lefoko la ga Jehofa la re: ‘O se ka wa ja dijo dipe, le fa e le go nwa metsi, le fa e le go ba o bowa ka tsela e o tsamaileng ka yone.’ ”
10
Mme a tsamaya ka tsela e sele, a se ka a bowa ka tsela e o ne a tsile ka yone mo Bethele.
11
Jaana go ne go agile moperofeti mongwe wa monnamogolo mo Bethele; mme mongwe wa bomorwawe a tla a mmolelela ditiro tsotlhe tse motho wa Modimo o di dirileng ka letsatsi leo mo Bethele, mafoko a o a buileng le kgosi le one ba a bolelela rraabo.
12
Rraabo a ba raya a re: “O tsamaile ka tsela efe?” Bomorwawe ba bo ba bonye tsela e monna wa Modimo o ne a tsamaya ka yone, ene yo o ne a tswa kwa Juta.
13
A raya bomorwawe a re: “Mpelesetsang esela.” Jalo ba mmelesetsa esela. A e palama.
14
A latela motho wa Modimo, a mo fitlhela a dutse fa tlase ga mooka mongwe, a mo raya a re: “A ke wena motho wa Modimo yo o tswang Juta?” Mme a re: “Ke nna.”
15
Foo a mo raya a re: “Ya le nna kwa gaetsho, o tle go ja dijo.”
16
Mme a re: “Ga ke na go boa nao, le fa e le go tsena nao, le gone ga nketla ke ja dijo, le fa e le go nwa metsi nao mo felong fano,
17
gonne ke reilwe ke lefoko la ga Jehofa la re: ‘O se ka wa ja dijo dipe, le fa e le go nwa metsi gone, le fa e le go boa ka tsela e o ne wa tsamaya ka yone.’ ”
18
A mo raya a re: “Le nna ke moperofeti jaaka wena; mme moengele mongwe o buile le nna ka lefoko la ga Jehofa a re: ‘Ya o mmusetse kwa ntlong ya gago, gore a tle go ja dijo le go nwa metsi;’ ” mme a bo a mo aketsa fela.
19
Mme a boa nae, a ja dijo mo ntlong ya gagwe, a nwa metsi.
20
Ga dirala ya re ba dutse fa lomating, lefoko la ga Jehofa la tla mo moperofeting yo o mmusitseng.
21
A goelela motho wa Modimo yo o tswang Juta a re: “Jehofa o bua jaana, a re: ‘E re ka o ganne go utlwa molomo wa ga Jehofa, wa ba wa se ka wa tshegetsa taolo e Jehofa Modimo wa gago o e go laoletseng,
22
mme wa boa, o jele dijo, o nole metsi mo felong fa o go reileng ka ga gone a re: O se ka wa ja dijo dipe, le fa e le go nwa metsi ape gone; setoto sa gago ga se ketla se fitlha mo phupung ya borraago.’ ”
23
Ga dirala ya re a sena go ja dijo, le a sena go nwa, a mmelesetsa esela, ke go re, a belesetsa moperofeti yo o ne a mmusitse.
24
Ya re a sena go tsamaya, tau ya rakana nae mo tseleng, ya mmolaya; setoto sa gagwe sa namalala mo tseleng, mme esela ya ema fa go sone, tau le yone ya ema fa setotong.
25
Mme bonang, batho ba feta ba bona setoto se namaletse mo tseleng, le tau e eme fa setotong; mme ba fitlha ba bolela mo motseng kwa moperofeti wa monnamogolo o agileng gone.
26
E rile moperofeti yo o ne a mmusa mo tseleng a utlwa, a re: “Ke motho wa Modimo, yo o ne a gana go utlwa molomo wa ga Jehofa; ke gone ka moo Jehofa o mo neetseng tau e e mo gagotseng, ya mmolaya, ka fa lefokong la ga Jehofa, le o ne a le bua nae.”
27
A bua le bomorwawe a re: “Mpelesetsang esela.” Ba e belesa.
28
A ya a fitlhela setoto sa gagwe se namaletse fela mo tseleng, le esela le tau di eme fa setotong: tau e ise e je setoto, le fa e le go gagola esela.
29
Moperofeti a tsaya setoto sa motho wa Modimo, a se baya mo eseleng, a boa naso; a tla mo motseng wa moperofeti wa monnamogolo, a tla go lela, le go mo filtha.
30
A baya setoto sa gagwe mo phupung ya gagwe; mme ba mo lelela, ba re: “Ijoo! A ngwana wa ga rre!”
31
Ga dirala ya re a sena go mo fitlha, a bua le bomorwawe, a re: “E tlaa re ke sena go swa, foo lo mphitlhe mo phupung e motho wa Modimo o fitlhilweng mo go yone, lo beye marapo a me fa marapong a gagwe.
32
Gonne polelo e o e boletseng ka lefoko la ga Jehofa ka ga sebeso se se mo Bethele le ka ga matlo otlhe a mafelo a a tlotlometseng, a a mo metseng ya Samaria, ruri e tlaa dirala.”
33
Morago ga selo se Jeroboame ga a ka a boa mo tseleng ya gagwe e e bosula, mme a ba a dira gape baperesiti ba mafelo a a tlotlometseng ba ba tsewang mo bathong botlhe fela; yo o ratang fela a mo tshwae, gore ba tle go nna baperesiti ba mafelo a a tlotlometseng.
34
Selo se sa nna boleo mo ntlong ya ga Jeroboame, sa ba sa e kgaola, sa e senya ya nyelela mo lefatsheng.
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22