bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Kings 5
1 Kings 5
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 6 →
1
Hirame kgosi ya Ture a roma batlhanka ba gagwe kwa go Solomone; gonne a utlwile fa ba mo tloditse go nna kgosi mo boemong jwa ga rraagwe, ka gobo Hirame e ne e ntse e le morati wa ga Dafite gale.
2
Solomone a roma kwa go Hirame, a re:
3
“O a itse jaaka Dafite rre a ne a retelelwa ke go agela leina la ga Jehofa Modimo wa gagwe ntlo ka ntlha ya dintwa tse di neng di le ntlheng tsotlhe tikologong ya gagwe, ga tsamaya Jehofa a di baya fa tlase ga dinao tsa gagwe.
4
Gompieno Jehofa Modimo wa me o nneile boikhutso mo ntlheng tsotlhe; ga go na moganetsi, le fa e le tirafalo epe e e bosula.
5
Mme bona, ke ikaeletse go agela leina la ga Jehofa Modimo wa me ntlo, jaaka Jehofa a ne a bua le rre Dafite, a re: ‘Morwao yo ke tlaa mmayang mo setulong sa gago sa bogosi mo boemong jwa gago, o tlaa agela leina la me ntlo.’
6
Ke gone jaana, a ko o laole gore ba nthemele ditlhare tsa masetara mo Lebanone; batlhanka ba me ba tlaa nna le batlhanka ba gago; mme ke tlaa go naya tuelo ya batlhanka ba gago ka fa o tlaa buang ka gone fela; gonne o a itse fa go se na ope mo go rona yo o nang le botlhale jwa go rema ditlhare jaaka Basitone.”
7
Ga dirala ya re Hirame a utlwa mafoko a ga Solomone, a itumela thata, mme a re: “A go bakweng Jehofa gompieno, yo o neileng Dafite ngwana wa mosimane yo o botlhale go busa sešaba se segolo se.”
8
Hirame a roma kwa go Solomone a re: “Ke utlwile taetso e o e rometseng kwa go nna; ke tlaa dira keletso yotlhe ya gago ka ga ditlhare tsa masetara, le ka ga ditlhare tsa mafira.
9
Batlhanka ba me ba tlaa di folosa kwa Lebanone ba di isa kwa lewatleng; ke tlaa di dira makawe a a tlaa tsamayang a kokobetse mo lewatleng a ya kwa o tlaa go ntaolelang, ke tlaa laola, gore di bofololwe gone, o itse go di amogela; mme o tlaa diratsa keletso ya me ka go naya ba ntlo ya me dijo.”
10
Hirame a naya Solomone ditlhare tsa masetara, le ditlhare tsa mafira ka fa keletsong yotlhe ya gagwe.
11
Solomone a naya ba ntlo ya ga Hirame dijo e le dikgetse tsa boupe di le 20 000, le dilekanyo di le 20 tsa lookwane lo lo kgobilweng; Solomone a naya Hirame jalo ka ngwaga le ngwaga.
12
Jehofa a naya Solomone botlhale jaaka a mmoleletse; mme go ne go le kagiso gare ga Hirame le Solomone; ba dira kgolagano mmogo boo babedi.
13
Kgosi Solomone a kgetha batho mo Iseraele; kgetho eo e ne e le batho ba le 30 000.
14
A ba roma kwa Lebanone, ba le 10 000 ka kgwedi ka go rulagana; ba nna kgwedi e le nngwe mo Lebanone le dikgwedi di le pedi kwa gae; Atonirame e ne e le molaodi wa ba ba kgethilweng.
15
Solomone o ne a na le batho ba le 70 000 ba ba rwalang merwalo, le batho ba le 80 000 ba ba remang mo dithabeng;
16
kwa ntle ga maotlana a magolo a ga Solomone e le ba ba laolang tiro, ba le 3 300, ba ba laolang batho ba ba dirang.
17
Kgosi ya laola, mme ba epolola maje a magolo, maje a a thata go rekwa, go tla go thaya motheo wa ntlo ka maje a a betlilweng.
18
Baagedi ba ga Solomone le baagedi ba ga Hirame le Bagebale ba a betla, ba baakanya dikgong le maje go tla ba aga ntlo.
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22