bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Kings 9
1 Kings 9
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 10 →
1
Ga dirala e rile Solomone a sena go wetsa kago ya ntlo ya ga Jehofa, le ntlo ya kgosi, le keletso yotlhe ya ga Solomone e o ne a kgatlhwa ke go e dira,
2
Jehofa a bonalela Solomone lwa bobedi, jaaka a kile a mmonalela kwa Gibeone.
3
Jehofa a mo raya a re: “Ke utlwile morapelo le mokokotlelo wa gago, o o o dirileng fa pele ga me; ke itshepisitse ntlo e, e o e agileng, go tla ke baya leina la me gone ka bosakhutleng; matlho a me a tlaa nna gone, le pelo ya me, ka metlha yotlhe.
4
Ka ga gago, fa o sepela fa pele ga me, jaaka Dafite rraago a ne a sepela, mo boitekanelong jwa pelo le mo thokgamong, go dira ka fa go tsotlhe tse ke di go laoletseng, fa o tshegetsa melao ya me le dikatlholo tsa me;
5
foo ke tlaa tlhomamisa setulo sa gago sa bogosi mo go Baiseraele ka bosakhutleng; jaaka ke solofeditse Dafite rraago, ka re: ‘Ga go ketla go go tlhokafalela monna mo setulong sa bogosi sa Iseraele.’
6
Mme fa lo fapoga mo go ntshaleng morago, lona le fa e le bana ba lona, lo sa tshegetse ditaolo tsa me, le melao ya me, e ke e beileng fa pele ga lona, lo ya lo direla medimo e sele, lo e obamela;
7
foo ke tlaa tlosa Baiseraele mo lefatsheng le ke le ba neileng; le ntlo e, e ke e itshepiseditseng leina la me, ke tlaa e latlha e tswa mo ponong ya me; mme Baiseraele ba tlaa nna seane le lefoko la tshotlo mo ditšhabeng tsotlhe;
8
le fa ntlo e, e godile jaana, le fa go ntse jalo mongwe le mongwe yo o tlang ka yone o tlaa gakgamala a ba a otsa; ba tlaa re: Ana Jehofa o diretse lefatshe le, le ntlo e jaana, ka ntlha yang?
9
Ba tlaa fetola ba re: ‘Ke ka ntlha ya gonne ba ne ba latlha Jehofa Modimo wa bone yo o ne a ntshitse borraabo mo lefatsheng la Egepeto, ba tshwara medimo e sele, ba e obamela, ba e direla; ke gone ka fa Jehofa o lerileng bosula jotlhe jo, mo go bone ka gone.’ ”
10
Jaana ga dirala e rile go sena go feta dinyaga di le 20 tse Solomone o ne a aga matlo a mabedi ka tsone, ntlo ya ga Jehofa le ntlo ya kgosi,
11
(aitse Hirame kgosi ya Ture o ne a thusitse Solomone ka ditlhare tsa masetara le tsa mafira le ka gouta, ka fa keletsong yotlhe ya gagwe), foo kgosi Solomone a naya Hirame metse e le 20 mo lefatsheng la Galilea.
12
Mme Hirame a tswa kwa Ture a tla go bona metse e Solomone o e mo neileng, mme ya se ka ya mo kgatlha.
13
Mme a re: “Ana ngwana a rra, metse e o e nneileng ke e e ntseng jang?” A e raya leina a re, Lefatshe le Kabule, le gompieno.
14
Hirame a isa dikilokerame tse di fetang 4 000 tsa gouta kwa kgosing.
15
Mo ke gone ka fa kgosi Solomone o ne a kgetha batho ka gone; e bong go aga ntlo ya ga Jehofa, le ntlo ya gagwe tota, le Milo, le lorako lwa Jerusalema, le Hasore, le Megito, le Gesere.
16
Faro kgosi ya Egepeto o ne a ile a gapa Gesere, a o fisa ka molelo, a bolaya Bakanana ba ba agileng mo motseng, a o abela morwadie, e bong mosadi wa ga Solomone.
17
Solomone a aga Gesere, le Bethehorone wa tlase,
18
le Baalathe, le Tamare mo nageng, mo lefatsheng,
19
le metse yotlhe ya mabolokelo e Solomone o ne a na nayo, le metse ya dikara tsa gagwe, le metse ya bapalama dipitse ba gagwe, le se Solomone o ne a eletsa go se aga mo Jerusalema, go ikgatlha fela, le kwa Lebanone, le mo lefatsheng lotlhe la puso ya gagwe.
20
Ka ga batho botlhe ba ba setseng ba Baamore, le Bahite, le Baperise, le Bahife, le Bajebuse, ba e seng ba bana ba Iseraele;
21
bana ba bone ba ba tlogetsweng morago ga bone mo lefatsheng, ba bana ba Iseraele ba ne ba sa nonofa go ba senyetsa ruri, Solomone a kgetha batlhanka mo go bone le gompieno.
22
Mme bana ba Iseraele Solomone ga a ka a ba ntsha batlhanka ba ba ruiwang ka gope; bone e ne e le banna ba ntwa, le batlhanka ba gagwe, le dikgosana tsa gagwe, le beng ba mephato, le balaodi ba dikara tsa gagwe le ba bapalama dipitse ba gagwe.
23
Bao e ne e le balaodi ba bagolo ba tiro ya ga Solomone, ba le 550, ba ba neng ba laola batho ba ba dirang tiro.
24
Morwadia Faro a tlhatloga kwa motseng wa ga Dafite a tla mo ntlong ya gagwe e Solomone o ne a e mo agetse; e dira gone o agang Milo.
25
Solomone a isa ditshupelo tse di fisiwang, le ditshupelo tsa kagiso, gararo ka ngwaga mo sebesong se o se agetseng Jehofa, a fisa maswalo natso mo sebesong se se fa pele ga Jehofa. Mme a fetsa ntlo jalo.
26
Kgosi Solomone a dira lesomo la dikepe mo Esione-gebere, o o bapileng le Elothe, fa losing lwa Lewatle le Lehibidu, mo lefatsheng la Etome.
27
Hirame a tsenya batlhanka ba gagwe mo lesomong la dikepe, e le batho ba dikepe ba ba nang le kitso ka ga lewatle gale, ba patagana le batlhanka ba ga Solomone.
28
Ba tla mo Ofire, ba tsaya gone gouta e le dikilokerame di le 14 000, ba e isa kwa go kgosi Solomone.
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22