bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Corinthians 10
2 Corinthians 10
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 11 →
1
Jaana nna ka nosi, ke le Paulo, ke a lo rapela ka bopelonolo le ka bopelonomi jwa ga Keresete, e bong nna yo e a reng ke le koo go lona, ke be ke le boikokobetso mo go lona, mme fa ke seyo ke be ke le pelokgale mo go lona.
2
Ee, ke a lo rapela, gore e re ke le koo go lona, ke se ka ka nna pelokgale ka boikgantsho jo ke reng ke pelokgale ka jone, mo go bangwe ba ba re kayang jaaka e kete re sepela ka fa nameng.
3
Gonne le fa re sepela mo nameng, ga re tlhabane ka fa nameng;
4
gonne dibolao tsa ntwa ya rona ga se tsa nama, di nonofile fa pele ga Modimo go diga dikago tsa phemelo tse di thata.
5
Re diga ditlhatlhanyo, le sengwe le sengwe se se tsholetsegileng, se se ikgoleletsang go thiba kitso ya Modimo; re rapela megopolo yotlhe mo kgolegong ya go utlwa Keresete;
6
re bile re iketleeleditse go busolosa botlhokakutlo jotlhe, kutlo ya lona e sena go dirafala.
7
Lona lo tle lo lebe dilo tse di fa pele ga matlho a lona. Fa motho mongwe a itsholofetse, gore ene ke wa ga Keresete, a a ke a gopole gape mo pelong ya gagwe, gore le fa jaaka ene a le wa ga Keresete, le rona re ntse jalo.
8
Gonne le fa nka bo ke ipelafatsa go le gogolwane ka ga thata ya rona e Morena o e re neetseng go tla re lo aga, e seng go lo rutlolola, ga nketla ke tlhajwa ke ditlhong.
9
Ke raya gore ke se nne jaaka e kete ke rata go lo reregisa ka dikwalo tsa me.
10
Gonne ba tle ba re: “Dikwalo tsa gagwe di boima, di thata; mme fa a le fa sebele sa gagwe, o ba a le bokoa, le puo ya gagwe e be e se sepe.”
11
Yo o ntseng jalo, a ke a gakologelwe se, gore se re leng sone mo puong ka dikwalo re seyo, re bo re ntse fela jalo le mo tirong, mogang re leng teng.
12
Gonne ga re pelokgale ya go ipala, le fa e le go itshwantsha le bangwe ba bone ba ba iphakang. Mme bone ba bosi, ka ba itekanya ka bojosi jwa bone, ba ba ba itshwantsha le bojosi jwa bone, ga ba na tlhaloganyo.
13
Mme rona ga re ketla re ipelafatsa go fetisa selekanyo sa rona, fa e se ka fa selekanyong sa sebaka se Modimo o se re beetseng go nna selekanyo, e bong go ya go fitlha le koo go lona.
14
Gonne ga re ikgwalatse bobe, jaaka e kete ga re a fitlha le kwa go lona; gonne re ile ra fitlha le kwa go lona ka Mafoko a a Molemo a ga Keresete.
15
Re sa ipelafatse ka mo go fetisang selekanyo sa rona, ke gore ka ditiro tsa batho ba bangwe; mme re na le tsholofelo ya gore fa tumelo ya lona e tota, re tlaa godisediwa kwa botlalong jo bongwe mo go lona, ka fa sebakeng sa rona.
16
Re ba re tla re ya go rera Mafoko a a Molemo le mo mafatsheng a a kwa pele ga lona, e seng go ipelafatsa ka sebaka sa yo mongwe, ka ga dilo tse di fitlhelwang a di baakantse gale.
17
Yo o ipelafatsang, a a ipelafatse ka Morena.
18
Gonne yo o iphakang, e be e se ene yo o lebosegang, fa e se yo Morena o mo fakang fela.
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 11 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
Recommended Reading
Commentary
2 Corinthians Commentaries
→
Devotional
2 Corinthians Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) Study Bible
→