bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Corinthians 6
2 Corinthians 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 7 →
1
E re ka re dira mmogo nae, re a rapela le gone, gore lo se amogelele tshegofatso ya Modimo lefela.
2
Gonne wa re: “Ke go utlwile mo motlheng o o lebosegang, le mo letsatsing la poloko ka go thusa.” Bona, jaanong ke motlha o o lebosegang; bona, jaanong ke letsatsi la poloko.
3
Re sa kgopise mo go sepe, gore tirelo ya rona e tle e se ka ya bewa molato.
4
Mo dilong tsotlhe re iponatse molemo, jaaka badiredi ba Modimo, e bong mo peloteleleng, le mo dipogisong, le mo botlhokweng, le mo dipitlaganong,
5
le mo dithupeng, le mo dikgolegong, le mo diphuduegong, le mo dikgokgolelong, le mo ditisong, le mo go ikitseng go ja;
6
mo boitshekong le mo kitsong, le mo go itshokeng, le mo bopelonoming, le mo Moweng o o Boitshepo, le mo loratong lo lo sa itimokanyeng;
7
le mo lefokong la boammaaruri, le mo thateng ya Modimo; ka dibolao tsa tshiamo tsa ka fa letsogong le legolo, le tsa ka fa go la molema.
8
Ka tlotlo le ka tlotlololo, ka go bolelwa ka bosula, le ka go bolelwa ka molemo; jaaka batsietsi, le mororo re le ba boammaaruri;
9
jaaka ba ba sa itsiweng, le mororo re itsiwe sentle; jaaka ba ba swang, bonang, re a tshela; jaaka ba ba otlhaiwang re sa bolawe;
10
jaaka ba ba hutsafalang, le mororo re itumela ka metlha yotlhe; jaaka bahumanegi, le mororo re humisa batho ba le bantsi; jaaka ba ba se nang sepe, le mororo re ruile dilo tsotlhe.
11
Molomo wa rona o lo atlhametse, lona Bakorinthe, pelo ya rona e pitlologile.
12
Ga lo a pitlaganngwa ke rona, lo pitlaganye mo loratong lwa lona ka losi.
13
Jaana le lona pitlologang, gore e tle e nne tebogo ya ka fa ke lo diretseng ka teng; ke bua jaaka fa ke bua le bana ba me.
14
Se pataganeleng jokwe le ba ba sa dumeleng, e le mo go sa lekalekaneng; gonne tshiamo e na le bolekane bofe le tshiamololo? Kgotsa lesedi le na le kabalano efe le lefifi?
15
Keresete o na le kutlwano efe le Beliale? Kgotsa yo o dumelang o na le kabelo efe le yo o sa dumeleng?
16
Le tempele ya Modimo e na le tumalano efe le medimo ya disetswa? Gonne rona re tempele ya Modimo o o tshedileng; fela jaaka Modimo o rile: “Ke tlaa aga mo go bone, ke ba ke tsamaya mo go bone; mme ke tlaa nna Modimo wa bone, mme ba tlaa nna batho ba me.”
17
Ke gone: “Tswang mo gare ga bone, lo lomologane,” go bua Morena, “lo se ka lwa ama sepe se se itshekologileng; mme ke tlaa lo amogela.”
18
“Ke tlaa nna Rraalona, mme lo tlaa nna bomorwaake le bomorwadiake, go bua Morena Mothatayotlhe.”
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13