bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Corinthians 13
2 Corinthians 13
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
1
Gompieno ke ya koo go lona lwa boraro. Mafoko otlhe a tlaa tlhomamisiwa ka molomo wa basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo.
2
Ke buile gale, mme ke sa ntse ke bua go sa le gale, jaaka ke buile jale ke ile koo lwa bobedi; le gompieno, ke seyo, ke bua fela jalo le ba ba leofileng gale, le ba bangwe botlhe, ka re, fa ke fitlha gape, ga nketla ke ba rekegela;
3
ka e le fa lo batla tlhomamiso ya ga Keresete yo o buang mo go nna; ene yo o seng bokoa ntlheng ya lona, a le thata mo go lona.
4
Gonne o ne a bapolwa a le bokoa, le fa go ntse jalo o tshedile ka nonofo ya Modimo. Gonne le rona re bokoa re le mo go ene, mme re tlaa tshela nae ka nonofo ya Modimo e e ntlheng ya lona.
5
Itekeng ka losi bo lo mo tumelong; itlhotlhomiseng ruri. Kgotsa a ga lo ikitse fa Jesu Keresete a le mo go lona? Ke raya fa lo se batlhobogwi.
6
Ke a solofela gore lo tlaa itse fa rona re se batlhobogwi.
7
Jaana re rapela Modimo gore lo se dire bosula bope; e seng gore rona re tle re nne e kete re a lebosega, mme e le gore lona lo dire se se tlotlegang, le fa rona re ka bo re le batlhobogwi.
8
Gonne ga re ka ke ra dira sepe go tlhabana le boammaaruri, fa e se go emela boammaaruri fela.
9
Gonne e a tle e re re le bokoa, mme lona lo le thata, re itumele. Le sone se re tle re se lope ka thapelo, e bong go itekanediwa ga lona.
10
Mme dilo tse ke a di kwala ke seyo ka ntlha ya gone moo, gore e tle e re fa ke le koo, ke bo ke sa dire ka thata, ka fa taolong e Morena o e nneetseng go tla ke aga ka yone, e seng go rutlolola.
11
Sa bofelo, bagaetsho, dumelang. Lo itekanediwe; lo gomodiwe; lo nne pelo nngwe fela; tshelang mo kagisong; mme Modimo wa lorato le kagiso o tlaa nna le lona.
12
Dumedisanyang ka katlo e e boitshepo.
13
Baitshepi botlhe ba a lo dumedisa.
14
A tshegofatso ya Morena Jesu Keresete, le lorato lwa Modimo, le kabalano ya Mowa o o Boitshepo, di nne le lona lotlhe.
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13