bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Corinthians 3
2 Corinthians 3
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 4 →
1
A re bile re simolola gape go iphaka? Kgotsa a le rona re tlhoka jaaka bangwe dikwalo tse di re fakang, tsa go ya kwa go lona ka tsone, kgotsa tsa go tswa kwa go lona?
2
Ke lona lokwalo lwa rona, lo lo kwadilweng mo pelong tsa rona, e le lo lo itsiweng lo balwa ke batho botlhe;
3
ka lo bonatshegile fa lo le lokwalo lwa ga Keresete, lo lo dirilweng ka rona, lo lo kwadilweng e seng ka enke, e le ka Mowa wa Modimo o o tshedileng; e seng mo matlapeng a a dimatla, e le mo dimatleng tse e bong dipelo tsa nama.
4
Re na le boikanyo jo bo ntseng jalo ntlheng ya Modimo ka Keresete.
5
E seng gore re lekanye ka rosi, go raya sepe jaaka e kete se tswa mo go rona; mme go lekana ga rona go tswa mo Modimong;
6
o le one o re neileng go lekana jaaka re le badiredi ka kgolagano e ntšha; e e seng ya ditlhaka tsa lokwalo fela, mme e le ya mowa; gonne ditlhaka tsa lokwalo di a bolaya, mme mowa o a tshedisa.
7
Fa tirelo ya loso, e e kwadilweng, ya setwa mo matlapeng, fa e tsile ka kgalalelo, bana ba Iseraele ba ba ba tla ba retelelwa ke go leba sefatlhogo sa ga Moše ka tlhomamo, ka ntlha ya kgalalelo ya sefatlhogo sa gagwe; eo ya bo e le kgalalelo e e fetang fela.
8
Tirelo ya mowa yone e tlaa tlhoka jang go nna le kgalalelo bogolo?
9
Gonne e re fa tirelo ya tshekiso e le kgalalelo, bogolo jang tirelo ya tshiamiso e gaisa ka kgalalelo.
10
Gonne ruri se se kileng sa dirwa kgalalelo, ga se a dirwa kgalalelo ka mokgwa o, wa go re se a bonya fa pele ga kgalalelo e e gaisang.
11
Gonne fa se se fetang se ne se ntse ka kgalalelo, bogolo thata se se salang se eme mo kgalalelong.
12
Ke gone, e re ka re na le tsholofelo e e ntseng jalo, re bua ka tshosologo e kgolo,
13
re sa etse Moše, yo o ne a baya losire mo sefatlhogong sa gagwe, gore bana ba Iseraele ba se ka ba leba ka tlhomamo bokhutlo jwa se se neng se feta.
14
Megopolo ya bone e ne e kgwaraladitswe; gonne le gompieno, fa go balwa kgolagano e kgologolo, losire loo fela lo bo lo sa ntse lo setse, lo sa tlosiwe; mme losire loo lo tlositswe mo go Keresete.
15
Le gompieno, fa Moše a balwa, losire longwe lo sirile dipelo tsa bone,
16
mme e tle e re fa motho a sokologela mo Moreneng, losire lo tlosiwe.
17
Jaana Morena ke ene Mowa, mme kwa Mowa wa Morena o teng, ke teng kwa go nang le kgololesego.
18
Mme rona rotlhe, ka difatlhogo tse di sirologileng, ka re tsabakela ka kgalalelo ya Morena, jaaka seipone, re a fetoga, re nna jaaka sone setshwano seo sa kgalalelo e e isang kgalalelong, e le mo go tswang mo Moreneng yo e leng ene Mowa.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13