bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Corinthians 12
2 Corinthians 12
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 13 →
1
Ke na le go ipelafatsa fela, le fa go se molemo; ke tlaa bolela diponatshegelo le ditshenolo tsa Morena.
2
Ke itse motho mo go Keresete, yo o kileng a phamolelwa fela kwa legodimong la boraro, ngwaga ono e le wa 14; kana a o ne a le mo mmeleng, ga ke itse, kgotsa a dule mo mmeleng, ga ke itse, go itse Modimo.
3
Mme ke itse motho yo o ntseng jalo, kana a le mo mmeleng, kgotsa a le kwa ntle ga mmele, ga ke itse; go itse Modimo;
4
jaaka a phamolelwa kwa Paradiseng, a ya a utlwa mafoko teng a a sa ka keng a bolelwa, a motho o sa letlelelwang go a bua.
5
Ke tlaa ipelafatsa ka ga yo o ntseng jalo; ga nketla ke ipelafatsa ka ga me, fa e se ka ga makoa a me fela.
6
Gonne fa ke ka bo ke rata go ipelafatsa, ke tlaa bo ke se seeleele; gonne ke tlaa bo ke bolela boammaaruri. Ke a ithiba, gore e se re kgotsa mongwe a ntlotla go fetisa mo o go mponang, kgotsa mo o go utlwang ka ga me.
7
E rile ka ntlha ya bogolo jo bo feteletseng jwa ditshenolo, gore ke se ka ka ikgodisa bobe, ka tsenngwa mutlwa mo nameng ya me, e le morongwa wa ga Satane go ntlhabaka, gore ke se ka ka ikgodisa bobe.
8
Nkile ka rapela Morena gararo ka ga sone selo se, gore se ke se ntlogele.
9
Mme o ntheile a re: “Tshegofatso ya me e go lekanye; gonne thata ya me e lekanyediwa mo bokoeng.” Ke gone bogolo thata ke tlaa ipelafatsa ka makoa a me, gore thata ya ga Keresete e tle e nne mo go nna.
10
Ke gone ke itumelang mo makoeng, mo dikutlwisong botlhoko, mo go tlhokeng le mo dipogisong le mo dipitlaganong, ka ntlha ya ga Keresete, gonne mogang ke leng bokoa, e be e le gone ke leng thata.
11
Ke dule seeleele; ka patelelwa ke lona; gonne ke ne ke tshwanetse ka bo ke bakwa ke lona. Gonne ka bo ke se kwa morago ga baaposetole ba bagolo mo go sepe, le fa ke se ope.
12
Ruri ditshupo tsa moaposetole di ne tsa dirwa mo go lona ka bopelotelele jotlhe, ka ditshupo le dikgakgamatso, le ditiro tsa nonofo.
13
Gonne ke eng se lo tlhaedisitsweng ka ga sone mo diphuthegong tse dingwe, fa e se gore nna ga ke a ka ka lo ineela? Intshwareleng tshiamololo e.
14
Bonang gompieno ke iketleeditse lwa boraro go ya koo go lona; mme ga nketla ke lo imela. Gonne ga ke senke ditsalona, fa e se lona fela; gonne bana ga ba a tshwanela go beela batsadi ba bone, fa e se batsadi go beela bana.
15
Ke tlaa itumela go ipolaisa letsapa le go le bolaisediwa mewa ya lona. A e re fa ke lo rata bogolo, a ke gone ke ratwang bobotlana?
16
Mme a go nne jalo, ga ke a ka ka lo tshwarisa bokete; mme e re ka ke le maano, ka lo tshwara ka go lo fepa.
17
A nkile ka bapala sengwe mo go lona ka mongwe wa ba ke ba romileng kwa go lona?
18
Ka laya Tito, ka ba ka roma mokaulengwe nae. A Tito o bapetse sengwe mo go lona ka gongwe? A ga re a sepela ka Mowa o le mongwe fela? A ga re a sepela mo motlhaleng o le mongwe fela?
19
Lo a bo lo ntse lo gopola gore re a lo ipatela. Mo ponong ya Modimo re bua mo go Keresete. Baratwa, dilo tsotlhe ke tsa kagelelo ya lona.
20
Gonne ke a boifa, gore e se re kgotsa motlha mongwe, fa ke fitlha, ka lo fitlhela lo sa nna jaaka nka bo ke rata; mme le nna ka fitlhelwa ke ntse ka fa lo sa rateng ka teng; ka re e se re kgotsa motlha mongwe ga nna kgang, le lefufa, le magale, le dikgaogano, le ditshebo, le go loma tsebe, le dipudulogo, le dikhuduego;
21
ka re, e tle e re kgotsa fa ke fitlha gape, Modimo wa me wa nkokobetsa fa pele ga lona, mme ka lelela ba le bantsi ba bone ba ba leofileng gale, ba se ka ba ikwatlhaela bomaswe, le boaka, le bopepe, bo ba di dirileng.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
Recommended Reading
Commentary
2 Corinthians Commentaries
→
Devotional
2 Corinthians Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) Study Bible
→