bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Corinthians 4
2 Corinthians 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 5 →
1
Ke gone e re ka re na le tirelo e, fela jaaka re bonye boutlwelobotlhoko, ga re ngodiege.
2
Re baketse dilo tse di fitlhegileng tsa ditlhong, re sa tsamaye mo boferefereng, re sa tshware lefoko la Modimo ka tsietso; mme ka go bonatsa boammaaruri, re itira tebosego mo segakoloding sa motho mongwe le mongwe mo ponong ya Modimo.
3
Le gale fa Mafoko a a Molemo a rona a siregile, a siregetse bone ba ba swang;
4
mo go ba modimo wa lefatshe leno o foufaditseng megopolo ya ba ba sa dumelang, gore lesedi la Mafoko a a Molemo a kgalalelo ya ga Keresete, yo e leng setshwano sa Modimo, le se ka la ba phatsimela.
5
Gonne ga re ithere, re rera Keresete Jesu fa e le Morena, re ba re re, re batlhanka ba lona ka ntlha ya ga Jesu.
6
Ka e le Modimo o o rileng: “Lesedi le tlaa phatsima le tswa mo lefifing,” ke one o o phatsimang mo dipelong tsa rona, go re naya lesedi la kitso ya kgalalelo ya Modimo, mo sefatlhogong sa ga Jesu Keresete.
7
Mme khumo e, re e tshotse ka dijana tsa letsopa, gore bogolo jo bo leng bogolo thata jwa nonofo e nne jo bo tswang mo Modimong, e seng mo go rona.
8
Re a pitlelelwa ka ntlha tsotlhe, le fa go ntse jalo ga re a pitlagana; re a akabadiwa, le fa go ntse jalo e be e se mo go re tlhobosang.
9
Re a khukhelwa, le fa go ntse jalo ga re a latlhwa; re thubanyediwa fa fatshe, le fa go ntse jalo ga re a senyega;
10
re ntse re tsamaya re rwele go swa ga Jesu mo mmeleng ka gale, gore le gone go tshela ga Jesu go bonatshege mo mmeleng wa rona.
11
Gonne rona ba re tshelang re a bo re ntse re neelwa loso ka ntlha ya ga Jesu, gore le gone go tshela ga Jesu go bonatshege mo nameng ya rona e e swang.
12
Jalo loso lo dira mo go rona, mme botshelo mo go lona.
13
E re ka re na le mowa wa tumelo o le mongwe fela, jaaka mo go kwadilweng ga twe: “Ka dumela, mme ke gone ke ne ka bua.” Le rona re a dumela, ke gone le rona re a bua;
14
ka re itse fa yo o tsositseng Morena Jesu, le rona o tlaa re tsosa le Jesu, mme o tlaa re emisa teng le lona.
15
Gonne dilo tsotlhe di ntse ka ntlha ya lona, gore tshegofatso, ka e totisiwa ka ba bantsi, e tle e totise tebogo e e galaletsang Modimo.
16
Ke gone ga re ngodiege. Le fa motho wa rona wa ka fa ntle a onala, le fa go ntse jalo motho wa rona wa ka fa teng o a ba a ntse a šafadiwa ka letsatsi le letsatsi;
17
gonne pitlagano ya rona e e motlhofo, e e emeng ka lobakanyana lwa gompieno fela, e re direla segolo se segolo se se feteletseng, sa bokete jo bo sa khutleng jwa kgalalelo;
18
ka re sa lebe dilo tse di bonalang, mme e le dilo tse di sa bonaleng; gonne dilo tse di bonalang ke tsa lobaka lono fela; mme dilo tse di sa bonaleng ke tsa bosaengkae.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13