bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Corinthians 2
2 Corinthians 2
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 3 →
1
Ke ne ka ikaelela se, ka re, ga nketla ke ba ke ya koo go lona gape ka bohutsana,
2
gonne fa ke hutsafatsa lona, e be e le mang yo o tlaa intumedisang, fa e se ene yo o hutsafadiwang ke nna?
3
Mme ka kwala sone seo fela, gore e se ka ya re ke fitlha, ka ba ka bona bohutsana mo go bone ba ke tshwanetseng go itumela ka ga bone; ka ke lo ikantse lotlhe, ka re boitumelo jwa me ke boitumelo jwa lona lotlhe.
4
Gonne ke lo kwaletse ka dikeledi di le dintsi, ke le mo pitlaganong e kgolo, le mo tlalelong e e mahehe ya pelo; e seng gore lo hutsafadiwe, mme e le gore lo itse botlalo jwa lorato lo ke lo ratang ka lone.
5
Fa mongwe a tsositse bohutsana, o tsositse bohutsana e seng mo go nna ke le nosi fela, mme e be e le, le mo go lona lotlhe ka ntlha e nngwe, ke raya ka ke sa rate go patika.
6
Go yo o ntseng jalo, petso e, e o e diretsweng ke bontsi, e lekanye;
7
jalo, bogolo lo ka mo itshwarela lo mo gomotsa, e se re kgotsa yo o ntseng jalo a ba a nyelediwa ke bogolo jwa bohutsana.
8
Ke gone, ke a lo rapela gore lo mo tlhomamisetse go mo rata ga lona.
9
Gonne e ne e le gone ka fa ke lo kwaletseng ka teng, ka re ke tle ke itse go lekwa ga lona, bo lo na le kutlo mo dilong tsotlhe.
10
Yo lo mo itshwarelang sengwe, le nna ke a mo itshwarela; gonne le se ke se itshwaretseng, fa ke itshwaretse sengwe, ke se itshwaretse ka ntlha ya lona, mo ponong ya ga Keresete,
11
gore Satane a se bone phenyo epe mo go rona; gonne ga re mo lefifing ka ga maano a gagwe.
12
Jaana e rile ke fitlha kwa Teroase ka ga Mafoko a a Molemo a ga Keresete, ke bulelwa kgoro mo Moreneng,
13
mme ga ke a ka ka bona boiketlo mo moweng wa me, ka ke se ka ka fitlhela Tito mokaulengwe wa me, mme ya re ke sena go kgaogana nabo ka tswela kwa Maketonia.
14
A Modimo o lebogwe, o o ntseng o re etelela pele ka phenyo mo go Keresete, o bile o utlwatsa ka rona lonko lwa kitso ya gagwe mo mafelong otlhe.
15
Gonne re lonko lo lo monate lwa ga Keresete mo Modimong, mo go ba ba bolokwang, le mo go ba ba latlhegang;
16
mo go ba bangwe e le lonko lwa loso, lo isa losong; mme mo go ba bangwe e le lonko lwa botshelo, lo isa botshelong. E mang yo o lekanyeng dilo tse?
17
Gonne ga re etse ba bantsi, ba ba bapalang ka lefoko la Modimo; re bua mo go Keresete jaaka e le ka bopeloephepa, jaaka e le ka Modimo, jaaka e le mo ponong ya Modimo.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13