bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Corinthians 9
2 Corinthians 9
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 10 →
1
Gonne ka ga go direla baitshepi, fa ke lo kwalela e tlaa bo e le go golola puo fela;
2
gonne ke a go itse go iketleetsa ga lona, mo ke ipelafatsang ka gone ka lona mo go ba Maketonia, ka ke rile ba lefatshe la Akaia ba sa le ba ipaakanya ngogola; mme tlhoafalo ya lona e tlhotlheleditse bontsi jwa bone.
3
Ke romile bakaulengwe, gore go ipelafatsa ga rona ka ga lona mo tirong e, go se ka ga nna lefela; ka re, lo tle lo etleetsege fela jaaka ke buile;
4
gore e se re kgotsa motlha mongwe, fa ke tla le bangwe ba Maketonia, ka fitlhela lo sa etleetsega, rona re sa reye lona, ra tla ra tlhabisiwa ditlhong ke go lo ikanya jaana.
5
Ke gone ke itheileng ka re, ke tshwanetse go rapela bakaulengwe gore ba ye koo go lona pele ga me, ba baakanyetse ruri mpho e lo e re solofeditseng gale, gore e tle e baakanyesege, e le mpho fela, e seng se se ntshiwang ka patiko.
6
Ke bua jaana ka re: Yo o jalang ka bongoma, o tlaa roba ga bongoma, yo o jalang ka bogolo, o tlaa roba ga bogolo.
7
A motho mongwe le mongwe a dire ka fa o ikaeletseng mo pelong ya gagwe ka teng; e seng ka go ngongorega, le fa e le ka patelelo, gonne Modimo o rata yo o abang ka pelotshweu fela.
8
Modimo o nonofile go lo totafaletsa tshegofatso yotlhe; gore e tle e re lo ntse lo na le mo go lekanyeng ga dilo tsotlhe, lo bo lo totafalele tiro nngwe le nngwe e e molemo.
9
Jaaka go kwadilwe ga twe: “O gasitse, o abetse bahumanegi; tshiamo ya gagwe e eme ka bosakhutleng.”
10
Yo nayang mojadi peo le senkgwe sa go jewa, o tlaa lo naya a ba a ntsifatsa peo ya lona e e jalwang, a ba a totisa maungo a tshiamo ya lona;
11
ka lo humisitswe dilo tsotlhe, gore lo ntshe mpho e kgolo, e e tlaa tsosang tebogo e e lebogang Modimo ka rona.
12
Gonne go abiwa ga thuso e, ga se gore go tlaa tlatsa go tlhoka ga baitshepi go le gosi; mme le gone go tlaa totafalela Modimo ka malebogo a le mantsi;
13
ka e re ka ba bona lo lekilwe ka tirelo e, bo ba galaletsa Modimo ka ga kutlo ya boipolelo jwa lona mo Mafokong a a Molemo a ga Keresete, le ka ga mpho e kgolo e lo e ntshetsang bone le botlhe fela;
14
le mororo bone ka bosi, ka ba ntse ba lo rapelela, ba lo tlhologeletswe ka ntlha ya tshegofatso e kgolo ya Modimo e e mo go lona.
15
A Modimo o lebogelwe neo ya one e e sa ka keng ya swediwa go bolelwa.
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13