bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Corinthians 8
2 Corinthians 8
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 9 →
1
Gape ba gaetsho, re lo itsise tshegofatso ya Modimo e e neilweng ba diphuthego tsa Maketonia;
2
jaaka e rile mo tekong e kgolo ya pitlagano, botlalo jwa boitumelo jwa bone, le khumanego ya bone e kgolo, ga penologa letlotlo la go aba ga bone.
3
Gonne ke supa fa ba ntshitse ka pelo tsa bone, ka fa nonofong ya bone, ee, le go fetisa nonofo ya bone.
4
Ba re rapela ka thapelo e kgolo ka ga tlhogonolofatso e, le ka ga go kopana le rona mo go direleng baitshepi.
5
Ba dira jalo, e seng jaaka re ne re solofetse, bone ka sebele sa bone ba inaya Morena pele, ba ba ba inaya rona ka go rata ga Modimo.
6
Ra ba ra tla ra laya Tito, gore jaaka a ne a simolotse gale, le gone a tle a wetse le yone tlhogonolofatso e mo go lona.
7
Jaaka lo na le letlotlo mo dilong tsotlhe, e bong mo tumelong le mo pelong, le mo kitsong le mo tlhoafalong yotlhe, le mo go re rateng ga lona, lo bone gore lo nne le letlotlo le mo tlhogonolofatsong e le yone.
8
Ga ke bue ka mokgwa wa taolo, mme ke ka mokgwa wa go leka bopeloephepa jwa lorato lwa lona ka tlhoafalo ya ba bangwe.
9
Gonne lo a itse bopeloyalorato jwa Morena wa rona Jesu Keresete, gore le fa a ne a humile, le fa go ntse jalo a humanega ka ntlha ya lona, gore lo tle lo hume ka khumanego ya gagwe.
10
Ka ga mo, ke ntsha mogopolo wa me; gonne go lo tshwanetse, lona ba lo sa leng ka lo raka botlhe ngogola, ka go simolola, e seng go dira go le gosi, le gone go ikaelela go dira.
11
Jaana go dira le gone lo tle lo go wetse; e tle e re jaaka go ne go na le go rata go ikaelela, le gone go tle go nne le bowetso ka fa nonofong ya lona.
12
Gonne fa go rata go le teng, go a bo go lebosega ka ga se motho o nang naso, e seng ka ga se o se nang naso.
13
Golo mo ga ke go bue gore ba bangwe ba imololwe, le lona lo imelwe;
14
fa e se gore, go lekalekane; ke gore botlalo jwa lona bo tlatse botlhokwa jwa bone mo bakeng seno; gore le botlalo jwa bone bo tle bo tlatse botlhokwa jwa lona; gore go tle go nne tekatekano.
15
Jaaka go kwadilwe ga twe: “Yo o bapetseng segolo ga a ka a salelwa ke sepe; le yo o bapetseng sebotlana ga a ka a tlhaela gope.”
16
A go lebogwe Modimo, o o tsositseng mo pelong ya ga Tito yone kgakologelo ya go lo tlamela ka tlhoafalo.
17
Gonne le gale o amogetse go laya ga rona; e re ka le ene a ne a tlhoafetse thata, a tswa a ya kwa go lona ka pelo ya gagwe fela.
18
Re romile nae ene mokaulengwe yo pako ya gagwe mo Mafokong a a Molemo e tumileng mo diphuthegong tsotlhe;
19
ya bo e se gone gotlhe; o ne a bile a ntshitswe ke diphuthego, gore a tle a ete le rona ka ga tlhogonolofatso e, e e dirwang ke rona ka go galaletsa Modimo, le ka go itshupa iketleetso ya rona.
20
Re tshaba go bonwa molato ke ope mo tirong ya letlotlo le, le le abiwang ke rona,
21
gonne re gopola dilo tse di tlotlegang, e seng mo ponong ya Morena fela, e leng le mo ponong ya batho.
22
Re romile nabo mokaulengwe wa rona, yo re mo tlhotlhomisitseng gantsi fa a le tlhoafalo mo dilong di le dintsi, mme gompieno a le tlhoafalo bogolo ka ntlha ya boikanyo jo bogolo jo o nang najo mo go lona.
23
Fa bangwe ba botsa ka ga Tito, ka re, ke monkana wa me le modiri ka nna; kgotsa fa go bodiwa ka ga bakaulengwe ba rona, ka re, ke barongwa ba diphuthego, ke kgalaletso ya ga Keresete.
24
Ke gone, lo ba supetse tlhomamiso ya lorato lwa lona fa pele ga diphuthego, le ya go ipelafatsa ga rona ka ga lona.
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13