bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Leviticus 11
Leviticus 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 12 →
1
Jehofa a bua le Moše le Arone, a re:
2
“Buang le bana ba Iseraele lo re, dilo tse di tshedileng tse lo ka di jang mo ditsheding tsotlhe tse lefatshe ke tse.
3
Le fa e le eng sa ditshedi se se patologanyeng tlhako, se le tlhako di maphata, se bile se otla, lo ka se ja.
4
Le fa go ntse jalo, mo go tse di otlang, le fa e le tse di patologanyeng tlhako, tse, lo se ka lwa di ja e bong: kamela, gonne e a otla, mme ga e patologanye tlhako, e lo itshekologetse.
5
Le pela, gonne e a otla, mme ga e patologanye tlhako, e lo itshekologetse.
6
Le mmutla, gonne o a otla, mme ga o patologanye tlhako, o lo itshekologetse.
7
Le kolobe, gonne o patologanye tlhako, o tlhako di maphata, mme ga a otle, o lo itshekologetse.
8
Lo se ka lwa ja nama ya tsone, lo se ame ditoto tsa tsone, di lo itshekologetse.
9
“Mo dilong tsotlhe tse di nnang mo metsing lo ka a ja tse; le fa e le eng se se nang le diphuka le makape mo metsing, mo mawatleng le mo dinokeng, lo ka di ja.
10
Tsotlhe tse di se nang diphuka le makape mo mawatleng le mo dinokeng, ga dilo tsotlhe tse di tsamayang mo metsing, le ga ditshedi tsotlhe tse di nnang mo metsing, ke meila mo go lona.
11
Di nne meila mo go lona; lo se ka lwa ja nama ya tsone, ditoto tsa tsone lo di kaye meila.
12
Le fa e le eng se se senang diphuka le makape mo metsing, seo ke moila mo go lona.
13
“Mo dinonyaneng tse, lo di kaye meila, a di se jewe, di meila, e bong: ntswi yo motona, le kgonyaitlho, le kgwadire;
14
le malelakokwane, le phakalane, ka fa ditshikeng tsa tsone;
15
mahukubu otlhe ka fa ditshikeng tsa one;
16
le ntšhe, le lerololwane, le dinonyane tsa lewatle, le segodi ka fa losikeng lwa sone;
17
le morubisana, le timeletswane, le morubisi;
18
le makgotlwe, le kukara le lenong;
19
le lewang, le kokolohute ka fa losikeng la one; le lethatswane, le mmamathwane.
20
“Dilo tsotlhe tse di diphuka tse di gagabang di tsamaya ka menoto e mene, di meila mo go lona.
21
Le fa go ntse jalo, mo dilong tse di diphuka tse di gagabang di tsamaya ka menoto e mene, lo ka ja tse di nang le memo godimo ga menoto ya tsone, go tla di kopakopa ka yone fa fatshe.
22
Lo ka ja tsone tse: tsie ka fa losikeng lwa yone; tsiakgope ka fa losikeng lwa yone; sekwakwalala ka fa losikeng lwa sone le lešaodi ka fa losikeng lwa lone.
23
Dilo tsotlhe tse di diphuka tse di gagabang, tse di maoto mane, di meila mo go lona.
24
“Lo tlaa itshekololwa ke tsone dilo tse, le fa e le mang yo o amang setoto sa tsone o tlaa bo a itshekologile go ya maitseboeng,
25
le fa e le mang yo o tlaa rwalang sengwe sa ditoto tsa tsone a a tlhatswe diaparo tsa gagwe mme a itshekologe go ya maitseboeng.
26
Ditshedi tse di maoto mane, sengwe le sengwe se se patologanyeng tlhako, se le tlhako e maphata, mme se sa otle, a se nne itshekologo go lona; mongwe le mongwe yo o di amang o tlaa bo a itshekologile.
27
Le fa e le eng se se tsamayang ka maroo, mo ditsheding tsotlhe tse di tsamayang ka maoto a mane, di lo itshekologetse; le fa e le mang yo o amang setoto sa tsone o tlaa bo a itshekologile go ya maitseboeng.
28
Yo o rwalang setoto sa tsone a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a itshekologe go ya maitseboeng, di lo itshekologetse.
29
“Tse ke tsone tse di lo itshekologetseng mo digagabing tse di gagabang fa fatshe: Kgano le peba, le gopane ka fa losikeng lwa gagwe,
30
le kgatwe, le kgaga, le ntseane, le polo, le lobodu.
31
Tse ke tsone tse di lo itshekologetseng mo dilong tse di gagabang; le fa e le mang yo o di amang di sule, o tlaa bo a itshekologile go ya maitseboeng.
32
Le fa e le eng se di se welang di sule, se tlaa itshekologa; le fa e le sejana sa logong, le fa e le seaparo, le fa e le letlalo, le fa e le kgetse, le fa e le sejana sefe, se tiro nngwe e dirwang ka sone, se na le go tsenngwa mo metsing, mme se tlaa itshekologa go ya maitseboeng; foo se tlaa bo se itshekile.
33
Sejana sengwe le sengwe sa letsopa, se sengwe sa dilo tseo se ka welang mo teng ga sone, le fa e le eng se se mo go sone, se tlaa itshekologa, mme le sejana lo se thube.
34
Dijo tsotlhe tse di mo go sone sejana seo, tse di neng di ka jewa, tse di kolobediwang ka metsi di tlaa bo di itshekologile; le tsotlhe tse di ka nowang tse di mo sejaneng se se ntseng jalo, di tlaa nna itshekologo.
35
Sengwe le sengwe se se ka welwang ke sengwe sa setoto sa tsone, se tlaa nna itshekologo; le fa e le pesetso, kgotsa pitsa e e apayang a e thubagannwe; di itshekologile, di lo itshekelogetse.
36
Le fa go ntshe jalo motswedi, le fa e le sediba, kwa metsi a iphuthelang gone, o bo o itshekile; mme se se tlaa amang setoto sa tsone se tlaa nna itshekologo.
37
Fa sengwe sa setoto sa tsone se wela mo peong nngwe e e tlogang e jalwa, e bo e itshekile.
38
Mme fa go thetswe metsi mo peong, mme sengwe sa setoto se wela mo go yone, e lo itshekologetse.
39
“Fa setshedi sengwe se se jewang se swa; yo o tlaa amang setoto sa sone o tlaa nna itshekologo go ya maitseboeng.
40
Yo o jang ga setoto sa sone a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a itshekologe go ya maitseboeng; le yo o rwalang setoto sa sone a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, mme a itshekologe go ya maitseboeng.
41
“Sengwe le sengwe se se gagabang, se gagaba fa fatshe, ke moila; se se jewe.
42
Le fa e le eng se se tsamayang ka mpa, le fa e le eng se se tsamayang ka menoto e mene, kgotsa le fa e le eng se se maoto mantsi, e bong dilo tsotlhe tse di gagabang fa fatshe, lo se ka lwa di ja, gonne di meila.
43
Lo se ka lwa itira moila, lwa iitshekolola ka sepe se se gagabang, gore lo se leswefale.
44
Gonne nna ke Jehofa Modimo wa lona, ke gone lo iitshepiseng, lo nne boitshepo; gonne nna ke boitshepo; le gone lo se ka lwa iitshekolola ka sepe se se gagabang se se tsamayang fa fatshe.
45
Gonne ke nna Jehofa yo ke lo tlhatlositseng mo lefatsheng la Egepeto, gore ke nne Modimo wa lona; ke gone lo nneng boitshepo gonne nna ke boitshepo.
46
“O ke one molao wa ditshedi, le wa nonyane, le wa sebopiwa sengwe le sengwe se se gagabang se se tsamayang mo metsing le wa sebopiwa sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe,
47
gore go dirwe pharologano gare ga se se sa itshekang le se se itshekileng, le gare ga setshedi se se ka jewang le setshedi se se sa ka keng sa jewa.”
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27