bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Leviticus 7
Leviticus 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 8 →
1
“O ke molao wa tshupelelo ya molato; e boitshepo jo bo itshepileng.
2
Mo felong fa ba tleng ba tlhabele gone tshupelo e e fisiwang, a ba be ba tlhabele tshupelelo ya molato gone, madi a yone a a kgatshe mo sebesong mo tikologong ya sone.
3
Ga yone a a ise mafura otlhe; mogatla o o mafura, le lomipi.
4
Le diphilo tsoo pedi, le matlhaname a tsone a a fa dinokeng, le lotswalo lo lo ntseng sebete godimo, le diphilo, dilo tse tsotlhe a a di tlose,
5
a moperesiti a di fisetse mo sebesong, e le tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo; ke tshupelelo ya molato.
6
Senna sengwe le sengwe mo baperesiting se ka ja ga yone; a e jelwe mo felong gongwe ga boitshepo; e boitshepo jo bo itshepileng.
7
“Jaaka tshupelelo ya boleo e ntse, tshupelelo ya molato e ntse fela jalo; di na le molao o le mongwe fela; moperesiti yo o dirang tetlanyo ka yone, ke ene yo o tla e tsayang.
8
Moperesiti yo o isang tshupelo ya motho e e fisiwang, ene moperesiti yoo a a tseye letlalo la tshupelo e e fisiwang e o e isitseng.
9
Tshupelo nngwe le nngwe ya boupe e e besitsweng mo pesetsong le tsotlhe tse di baakantsweng mo pitseng e e sepapetla e e gadikelang, le mo pitseng e e besetsang, e nne tsa gagwe moperesiti yo o di isitseng.
10
Tshupelo nngwe le nngwe ya boupe e e tlhakantsweng le lookwane, kgotsa e e omeletseng, bomorwa Arone a ba e tseye botlhe, mongwe jaaka yo mongwe.
11
“O ke molao wa tshupelo ya ditshupelo tsa kagiso, e mongwe o ka e isetsang Jehofa.
12
Fa a e isa e le tebogo, foo a a ise le tshupelo ya tebogo, dipapetlana tsa dinkgwe tse di sa bedisiwang di tlhakanye le lookwane, le dinkgwenyana tse di lotsatsa di tloditswe lookwane, le dipapetlana tsa dinkgwe tse di tlhakanyeng le lookwane, tsa setou se se kolobeditsweng.
13
Seromololo sa gagwe a se ise le dipapetlana tsa dinkgwe tse di bedisitsweng, a se ise le tlhabelo ya ditshupelo tsa gagwe tsa kagiso go nna tebogo.
14
Mo seromololong sengwe le sengwe a a ise selo se le sengwe fela, a isetse Jehofa tshupelo e e tsholediwang; e nne sa moperesiti yo o kgatshang ka madi a ditshupelo tsa kagiso.
15
Nama ya tlhabelo ya ditshupelo tsa gagwe tsa kagiso tsa go leboga, e jewe ka letsatsi le o isang seromololo sa gagwe ka lone, a a se tlogele sepe sa fitlhelwa ke moso.
16
“Fa tlhabelo ya seromololo sa gagwe e le ikano, le fa e le tshupelo ya peleego, e jewe ka letsatsi le o isang tlhabelo ya gagwe ka lone; mme se se setseng se ka jewa ka moso;
17
se se setseng sa nama ya tlhabelo ka tsatsi la boraro se fisiwe ka molelo.
18
Mme e tlaa re fa nama nngwe ya tlhabelo ya ditshupelo tsa gagwe tsa kagiso e jewa ka letsatsi la boraro, a e se amogelwe, le gone a e se balelwe ene yo o isang, a e nne se se makgapha; motho yo o e jang o tlaa rwala tshiamololo ya gagwe.
19
Nama e e amileng sengwe se se itshekologileng a e se jewe; a e fisiwe ka molelo. Mme ka ga nama, mongwe le mongwe yo o itshekileng o ka e ja.
20
Motho yo o jang nama ya tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso, tse e leng tsa ga Jehofa, a e ja boitshekologo jwa gagwe bo le mo go ene, motho yoo a a kgaolwe mo bathong ba ga gabo.
21
Fa motho a ama sengwe se se itshekologileng, boitshekologo jwa motho, kgotsa setshedi se se itshekologileng, kgotsa se se makgapha, sengwe fela se se itshekologileng, mme a ja nama ya tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso, tse e leng tsa ga Jehofa, motho yoo a a kgaolwe mo bathong ba ga gabo.”
22
Jehofa a bua le Moše a re:
23
“Bua le bana ba Iseraele o re: Lo se ka lwa ja mafura ape, a kgomo kgotsa a nku kgotsa a podi.
24
Mafura a se se suleng fela le mafura a se se gagotsweng ke dibatana, go ka dirwa ka one ditiro tse dingwe, mme lo se ka lwa a ja gope.
25
Le fa e le mang yo o tlaa jang mafura a selo se batho ba se isang tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo, motho yoo, a a kgaolwe mo bathong ba ga gabo.
26
Le gone lo se ka lwa ja madi ape, le fa e le a nonyane, le fa e le a setshedi sepe, mo mannong otlhe a lona.
27
Le fa e le mang yo o jang madi, motho yoo a kgaolwe mo bathong ba ga gabo.”
28
Jehofa a bua le Moše a re:
29
“Bua le bana ba Iseraele o re: Yo o isetsang Jehofa tlhabelo ya ditshupelo tsa gagwe tsa kagiso, a a ise seromololo sa gagwe mo go Jehofa se tswa mo tlhabelong ya ditshupelo tsa gagwe tsa kagiso.
30
Ditshupelo tsa ga Jehofa, tse di dirwang ka molelo, a a di ise ka diatla tsa gagwe fela; a ise mafura a na le sehuba, gore sehuba se fokwe e le tshupelo ya mofoko fa pele ga Jehofa.
31
Mme a moperesiti a fisetse mafura mo sebesong; mme sehuba e nne sa ga Arone le bomorwawe.
32
Serope sa ka fa tsogong le legolo lo se neye moperesiti e le tshupelo e e tsholediwang, e tswa mo ditlhabelong tsa ditshupelo tsa lona tsa kagiso.
33
Mo go bomorwa Arone, yo o isang madi a ditshupelo tsa kagiso le mafura, ke ene yo o ka tsayang serope sa ka fa tsogong le legolo, e le kabelo ya gagwe.
34
Gonne sehuba sa mofoko le serope se se tsholediwang ke di tshotse mo baneng ba Iseraele, ke di ntshitse mo ditlhabelong tsa ditshupelo tsa bone tsa kagiso, ke di neile Arone moperesiti le bomorwawe, e le tshiamelo e e be siametseng ka bosakhutleng mo baneng ba Iseraele.”
35
E ke yone kabelo ya tlotso ya ga Arone, le kabelo ya tlotso ya bomorwawe mo ditshupelong tsa ga Jehofa tse di dirwang ka molelo, mo tsatsing le o ba isitseng ka lone ba ya go direla Jehofa mo tirong ya boperesiti;
36
e le kabelo e Jehofa o laotseng gore ba e newe ke bana ba Iseraele mo tsatsing le o ba tloditseng ka lone, ke tshiamelo fela ka bosakhutleng, go ya le dikokomana tsa bone tsotlhe fela.
37
O ke one molao wa tshupelo e e fisiwang, wa tshupelo ya boupe, wa tshupelelo ya boleo, wa tshupelelo ya molato, wa tshupelo ya tshwaelo le wa tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso;
38
o Jehofa o o laoletseng Moše mo thabeng ya Sinai ka letsatsi le o laotseng gore bana ba Iseraele ba isetse Jehofa diromololo tsa bone, mo nageng ya Sinai.
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27