bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Leviticus 8
Leviticus 8
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 9 →
1
Jehofa a bua le Moše a re:
2
“Tsaya Arone le bomorwawe nae, le diaparo le lookwane lo lo tlolwang le kgongwana ya tshupelelo ya boleo, le diphelefu tse pedi, le seroto sa senkgwe se se sa bedisiwang;
3
o phuthele phuthego yotlhe fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.”
4
Moše a dira jaaka Jehofa a mo laotse; mme phuthego ya phuthelwa fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.
5
Moše a raya phuthego a re: “Se ke sone se Jehofa a laotseng gore se dirwe.”
6
Moše a atametsa Arone le bomorwawe, a ba tlhapisa ka metsi.
7
A mo apesa hempe, a mo tlama ka moitlamo, a mo apesa kobo e telele, a baya sekhutlana mo go ene, mme a mo tlama ka moitlamo o o logilweng ka matsetseleko wa sekhutlana, a se bofelela mo go ene ka one.
8
A baya letlatla la sehuba mo go ene; a tsenya Urime le Thumime mo letlatleng la sehuba.
9
A mo rwesa tlhoro mo tlhogong; mo tlhorong, fa pele, a baya sematla sa gouta, serwalo se se itshepileng, jaaka Jehofa a laotse Moše.
10
Moše a tsaya lookwane lo lo tlolwang, a tlotsa motlaagana le tsotlhe tse di mo go one, a di itshepisa.
11
A kgatšha sebeso ka lone gasupa, a tlotsa sebeso, le dilwana tsotlhe tsa sone, le mogopo o o tlhapelang, le setlhomo sa one, go di itshepisa.
12
A thela lookwane lo lo tlolwang mo tlhogong ya ga Arone, a mo tlotsa, go mo itshepisa.
13
Moše a atametsa bomorwa Arone, a ba apesa dihempe, a ba tlama ka meitlamo, a fapelela ditlhoro mo go bone, jaaka Jehofa a laotse Moše.
14
A atametsa kgongwana ya tshupelelo ya boleo, Arone le bomorwawe ba baya diatla tsa bone mo tlhogong ya kgongwana ya tshupelelo ya boleo.
15
A e tlhaba; Moše a tsaya madi, a a baya mo dinakeng tsa sebeso mo tikologong ya sone ka monwana, a tlhapisa sebeso, a tshololela madi fa tlase ga sebeso, a se itshepisa, go se direla tetlanyo.
16
A tsaya lomipi lotlhe, le lotswalo lwa sebete, le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsone, mme Moše a a fisetsa mo sebesong.
17
Kgongwana le letlalo la yone, le nama ya yone, le moswang wa yone, a di fisa ka molelo kwa ntle ga bothibelelo, jaaka Jehofa a laotse Moše.
18
A supa phelefu ya tshupelo e e fisiwang; Arone le bomorwawe ba baya diatla tsa bone mo tlhogong ya phelefu.
19
A e tlhaba; Moše a kgatsha madi mo sebesong mo tikologong ya sone.
20
A kgaoganya phelefu dirwe; Moše a fisa tlhogo, le dirwe, le mafura.
21
A tlhatswa diteng le memo ka metsi; Moše a fisetsa phelefu yotlhe mo sebesong, e le tshupelo e e fisiwang, e e monko o o monate; e le tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo, jaaka Jehofa a laotse Moše.
22
A supa phelefu e nngwe, phelefu ya tshwaelo; Arone le bomorwawe ba baya diatla tsa bone mo tlhogong ya phelefu.
23
A e tlhaba; Moše a tsaya ga madi a yone, a a baya fa ntlheng ya tsebe ya ga Arone ya ka fa tsogong le legolo, le mo monwaneng o motona wa letsogo le legolo, le mo monwaneng o motona wa lonao lwa ka fa tsogong le legolo.
24
A ba a lere bomorwa Arone; Moše a baya madi fa dintlheng tsa ditsebe tsa bone tsa ka fa tsogong le legolo, le mo menwaneng ya bone e metona ya mabogo a magolo, le mo menwaneng ya bone e metona ya dinao tsa ka fa tsogong le legolo; a kgatšha madi mo sebesong mo tikologong ya sone.
25
A tsaya mafura le mogatla o o mafura, le lomipi lotlhe, le lotswalo lwa sebete, le diphilo tsoo pedi, le matlhaname a tsone, le serope sa ka fa tsogong le legolo.
26
Mo serotong sa senkgwe se se sa bedisiwang se se neng se le fa pele ga Jehofa, a tsaya papetlana e le nngwe fela ya senkgwe se se sa bedisiwang, le papetlana e le nngwe fela ya senkgwe sa lookwane, le senkgwenyana se le sengwe fela se se lotsatsa, a di baya mo godimo ga mafura le mo godimo ga serope sa ka fa tsogong le legolo.
27
A di baya tsotlhe mo diatleng tsa ga Arone le mo diatleng tsa bomorwawe, a di fokisa e le tshupelo ya mofoko fa pele ga Jehofa.
28
Moše a di tlosa mo diatleng tsa bone a di fisetsa mo sebesong mo godimo ga tshupelo e e fisiwang, e le setshwaela sa monko o o monate; e le tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo.
29
Moše a tsaya sehuba, a se fokisa e le tshupelo ya mofoko fa pele ga Jehofa; e le kabelo ya ga Moše ya phelefu ya tshwaelo, jaaka Jehofa a laotse Moše.
30
Moše a tsaya ga lookwane lo lo tlolwang, le ga madi a a mo sebesong, a kgatšha Arone ka one, le diaparo tsa gagwe, le bomorwawe, le diaparo tsa bomorwawe nae; a itshepisa Arone, le diaparo tsa gagwe, le bomorwawe, le diaparo tsa bomorwawe nae.
31
Moše a raya Arone le bomorwawe a re: “Apeelang nama fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo, lo e jele gone le senkgwe se se mo serotong sa tshwaelo, jaaka ke laotse ka re: ‘Arone le bomorwawe ba e je.’
32
Se se salang sa nama le sa senkgwe lo se fise ka molelo,
33
lo se ka lwa tswela kwa ntle ga mojako wa mogope wa bophuthegelo ka malatsi a supa, go tsamaya malatsi a go tshwaelwa ga lona a dirafala, gonne o tlaa lo tshwaela ka malatsi a supa.
34
Jaaka go dirilwe ka tsatsi leno, Jehofa o laotse gore go dirwe jalo, go lo direla tetlanyo.
35
Lo nne fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo motshegare le bosigo ka malatsi a supa, lo tshegetse taelo ya ga Jehofa, gore lo se swe; gonne ke laotswe jalo.”
36
Arone le bomorwawe ba dira dilo tsotlhe tse Jehofa o di laotseng ka seatla sa ga Moše.
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27