bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Leviticus 16
Leviticus 16
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 17 →
1
Jehofa a bua le Moše morago ga loso lwa bomorwa Arone ba babedi, jale ka ba atamela fa pele ga Jehofa, mme ba swa.
2
Jehofa a raya Moše a re: “Bua le Arone mogoloo, gore a se ka a tla ka metlha yotlhe mo felong ga boitshepo ka fa teng ga sesiro, fa pele ga senno sa boutlwelobotlhoko, se se mo godimo ga letlole, gore a se ka a swa; gonne ke tlaa bonala mo lerung mo godimo ga senno sa boutlwelobotlhoko.
3
Arone o tlaa tsena mo felong ga boitshepo ka sone se; e bong ka kgongwana ya tshupelelo ya boleo, le ka phelefu ya tshupelo e e fisiwang.
4
“A a apare hempe e e itshepileng ya leloba, le ditswalo tse di diputlela tsa leloba a di nne mo nameng ya gagwe, a tlangwe ka moitlamo wa leloba, a rwesiwe tlhoro ya leloba. Tse, ke tsone diaparo tse di itshepileng; a a tlhape mo mmeleng ka metsi, a itse go di apara.
5
“A a tseye mo phuthegong ya bana ba Iseraele dipodi tse ditonanyana di le pedi, e le tsa tshupelelo ya boleo, le phelefu e le nngwe fela ya tshupelo e e fisiwang.
6
A Arone a ise kgomo ya tshupelelo ya boleo e e leng ya gagwe tota, a itirele tetlanyo, le ba ntlo ya gagwe.
7
A a tseye dipodi tse pedi, a di beye fa pele ga Jehofa fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.
8
A Arone a thelele dipodi tse pedi bola, bongwe a bo laolele Jehofa, jo bongwe a bo laolele Asasele.
9
Podi e bola bo e laolelang Jehofa, Arone a e ise e le tshupelelo ya boleo.
10
Podi e bola bo e laolelang Asasele a e beye fa pele ga Jehofa e tshedile, go mo direla tetlanyo le go e tsamaisetsa Asasele kwa nageng.
11
“A Arone a ise kgomo e e leng ya gagwe, ya tshupelelo ya boleo, a itirele le ba ntlo ya gagwe tetlanyo, mme a tlhabe kgomo ya tshupelelo ya boleo e e leng ya gagwe.
12
A a tseye leiswana le tletse magala a molelo a a tswang mo sebesong fa pele fa Jehofa, le magofi a gagwe a tletse maswalo a a nkgang monate a thugilwe bosesane, mme a go ise ka fa teng ga sesiro.
13
A a beye maswalo mo molelong fa pele ga Jehofa, gore mosi wa maswalo o khurumetse senno sa boutlwelobotlhoko, se se mo godimo ga tshupo, gore a se ka a swa.
14
A a tseye ga madi a kgomo a a kgatshe ka monwana mo sennong sa boutlwelobotlhoko ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi; mme fa pele ga senno sa boutlwelobotlhoko a kgatshe madi ka monwana gasupa.
15
“Foo a a tlhabe podi ya tshupelelo ya boleo, e e leng ya batho, a ise madi a yone ka fa teng ga sesiro, a dire ka madi a yone jaaka a dirile ka madi a kgomo, a a kgatshe mo sennong sa boutlwelobotlhoko, le fa pele ga senno sa boutlwelobotlhoko.
16
A a direle felo ga boitshepo tetlanyo ka ntlha ya maitshekologo a bana ba Iseraele, le ka ntlha ya ditlolo tsa bone, e bong dibe tsotlhe tsa bone; le mogope wa bophuthegelo o tlaa o direla fela jalo, e bong o o agileng nabo mo gare ga maitshekologo a bone.
17
A go se nne motho ope mo mogopeng wa bophuthegelo fa a tsena a ya go direla felo ga boitshepo tetlanyo, go tsamaya a tswa, a bile a itiretse tetlanyo, le ba ntlo ya gagwe, le phuthego yotlhe ya Iseraele a ba diretse tetlanyo.
18
O tlaa tswa a ya kwa sebesong se se fa pele ga Jehofa, a se direle tetlanyo; a tseye ga madi a kgomo le madi a podi, a a beye mo dinakeng tsa sebeso mo tikologong ya sone.
19
A a kgatshe madi mo go sone ka monwana gasupa, a se itshekise, a se itshepise mo maitshekologong a bana ba Iseraele.
20
“Fa a sena go wetsa go direla felo ga boitshepo, le mogope wa bophuthegelo, le sebeso tetlanyo, a a supe podi e e tshedileng;
21
Arone a beye diatla tsa gagwe tsoo pedi mo tlhogong ya podi e e tshedileng, a bolele mo godimo ga yone ditshiamololo tsotlhe tsa bana ba Iseraele, le ditlolo tsotlhe tsa bone, e bong maleo otlhe a bone; a go beye gotlhe mo tlhogong ya podi, a e tsamaisetse kwa nageng ka motho yo o baakantsweng.
22
Podi e tlaa rwala ditshiamololo tsotlhe tsa bone e di ise kwa lefatsheng le le sa nnweng; o tlaa lesa podi e itsamaela fela mo nageng.
23
“Arone o tlaa ya mo mogopeng wa bophuthegelo, a apole diaparo tsa leloba tse o neng a di apere fa a tsena mo felong ga boitshepo, a di tlogele gone.
24
O tlaa tlhapa mo mmeleng ka metsi mo felong gongwe ga boitshepo, a apare diaparo tsa gagwe, a tswe a ise tshupelelo ya gagwe ya boleo, le tshupelo ya batho e e fisiwang, a itirele tetlanyo, le batho a ba direle tetlanyo.
25
Mafura a tshupelelo ya boleo o tlaa a fisetsa mo sebesong.
26
Yo o gololetseng Asasele podi, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mo mmeleng ka metsi, morago ga moo o ka tsena mo bothibelelong.
27
Kgongwana ya tshupelelo ya boleo, le podi ya tshupelelo ya boleo, tse madi a tsone a isitsweng mo teng, a ya go direla felo ga boitshepo tetlanyo, di isiwe kwa ntle ga bothibelelo; batho ba fise mo molelong matlalo a tsone, le nama ya tsone, le moswang wa tsone.
28
Le yo o di fisang a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mo mmeleng ka metsi, morago ga moo o ka tsena mo bothibelelong.
29
“O, e tlaa nna molao mo go lona ka bosakhutleng; ka kgwedi ya bosupa, ka letsatsi la lesome la kgwedi, lo tlaa ipatika mewa, lo se ka lwa dira tiro epe, le fa e le ba ba tsaletsweng mo gae, le fa e le baeng ba ba jakileng mo go lona,
30
gonne ka letsatsi leo lo tlaa direlwa tetlanyo, go lo itshekisa; lo tlaa bo lo itshekile mo maleong otlhe a lona fa pele ga Jehofa.
31
Ke Sabata wa boikhutso jo bo masisi mo go lona, lo tlaa ipatika mewa; ke molao wa bosakhutleng.
32
Moperesiti yo o tlaa tlodiwang, le yo o tlaa tshwaiwang gore a nne moperesiti mo boemong jwa ga rraagwe, o tlaa dira tetlanyo, a apara diaparo tsa leloba, e bong diaparo tse di itshepileng.
33
O tlaa direla felo ga boitshepo jo bo itshepileng tetlanyo, a direle mogope wa bophuthegelo tetlanyo, le sebeso, a direle baperesiti tetlanyo, le batho botlhe ba phuthego.
34
O, e tlaa nna molao o o sa khutleng mo go lona, go direla bana ba Iseraele tetlanyo gangwe fela ka ngwaga ka ntlha ya maleo otlhe a bone.” Mme a dira jaaka Jehofa a laotse Moše.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 17 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27