bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Leviticus 4
Leviticus 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 5 →
1
Jehofa a bua le Moše a re:
2
“Bua le bana ba Iseraele o re: E tlaa re fa motho a ka leofa a sa itse, mo go sengwe sa dilo tse Jehofa o laotseng gore di se ka tsa dirwa, mme a dira sengwe sa tsone:
3
“E tlaa re fa moperesiti yo o tloditsweng a leofa, a ba a leretse batho molato; foo, a a isetse boleo jwa gagwe jo o bo leofileng kgongwana e tona e e se nang bogole, a e isetse Jehofa, e le tshupelelo ya boleo.
4
A a ise kgongwana fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo fa pele ga Jehofa, a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya kgongwana, a tlhabe kgongwana fa pele ga Jehofa.
5
Moperesiti yo o tloditsweng a tseye ga madi a kgongwana, a a ise mo mogopeng wa bophuthegelo.
6
Moperesiti a ine monwana wa gagwe mo mading, a kgatshe madi gasupa fa pele ga Jehofa, fa pele ga sesiro sa felo ga boitshepo.
7
A moperesiti a beye madinyana mo dinakeng tsa sebeso sa maswalo a a nkgang monate, se se mo mogopeng wa bophuthegelo, fa pele ga Jehofa; mme madi otlhe a kgongwana a tshololelwe fa tlase ga sebeso sa tshupelo e e fisiwang, se se fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.
8
Mafura otlhe a kgongwana ya tshupelelo ya boleo a a tlose mo go yone; lomipi le mafura otlhe a boteng;
9
le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsone a a fa dinokeng, le lotswalo lo lo ntseng sebete godimo lo na le diphilo, dilo tse tsotlhe a a di tlose,
10
jaaka go tlosiwa mo kgomong ya tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti a di fisetse mo sebesong sa tshupelo e e fisiwang.
11
Letlalo la kgongwana le nama yotlhe ya yone, le tlhogo ya yone, le ditlhako tsa yone, le diteng tsa yone, le moswang wa yone,
12
e bong kgongwana e le mmogo, a a e ise kwa ntle ga bothibelelo kwa felong fa gontle, kwa molora o tle o thelwe gone, a e fise ka molelo e le mo godimo ga dikgong; kwa molora o thelwang gone, e fisediwe teng.
13
“Fa phuthego yotlhe ya Iseraele e timela, mme selo se, se fitlhegetse matlho a phuthego, mme ba dirile sengwe sa dilo tse Jehofa o laotseng gore di se ka tsa dirwa, mme ba le molato;
14
e tlaa re mogang boleo jo ba bo leofileng bo itsiwe, foo phuthego yotlhe e ise kgongwana e tona tshupelelo ya boleo, ba e ise fa pele ga mogope wa bophuthegelo.
15
A bagolwane ba phuthego ba beye diatla tsa bone mo tlhogong ya kgongwana, fa pele ga Jehofa, mme a kgongwana e tlhajwe fa pele ga Jehofa.
16
Moperesiti yo o tloditsweng a ise ga madi a kgongwana mo mogopeng wa bophuthegelo;
17
moperesiti a ine monwana wa gagwe mo mading, mme a a kgatshe gasupa fa pele ga Jehofa, fa pele ga sesiro.
18
A a tshase madi mo dinakeng tsa sebeso se se fa pele ga Jehofa, se se mo mogopeng wa bophuthegelo, mme madi a otlhe, a a tshololele fa tlase ga sebeso sa tshupelo e e fisiwang, se se fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.
19
Mafura otlhe a yone a a a tlose mo go yone, a a fisetse mo sebesong.
20
A a dire jalo ka kgongwana, jaaka a dirile ka kgongwana ya tshupelo ya boleo, a a dire jalo ka yone e; moperesiti o tlaa bo a ba direla tetlanyo, mme ba tlaa itshwarelwa.
21
Kgongwana a a e ise kwa ntle ga bothibelelo a e fise jaaka a fisitse kgongwana ya ntlha; ke tshupelo ya boleo ya phuthego.
22
“Fa molaodi a leofa a sa itse, a dira sengwe sa dilo tse Jehofa Modimo o laotseng gore di se ka tsa dirwa, a a nne molato;
23
e re fa a itsisitswe boleo jwa gagwe jo o leofileng ka jone, a a ise podi seromololo, e le e tona e e se nang bogole.
24
A a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya podi, a e tlhabe mo felong fa ba tleng ba tlhabele tshupelo e e fisiwang teng fa pele ga Jehofa; ke tshupelo ya boleo.
25
Moperesiti a tseye madinyana a tshupelelo ya boleo ka monwana wa gagwe, a a tshase mo dinakeng tsa sebeso sa tshupelo e e fisiwang, madi a yone a a tshololele fa tlase ga sebeso sa tshupelo e e fisiwang.
26
Mafura otlhe a yone a a fisetse mo sebesong, jaaka mafura a tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo ka ga boleo jwa gagwe, mme o tla itshwarelwa.
27
“E tlaa re fa mongwe wa ba ba leng batho fela a leofa a sa itse, ka go dira sengwe sa dilo tse Jehofa o laotseng gore di se ka tsa dirwa, mme a le molato;
28
fa a itsisitswe boleo jwa gagwe jo o bo leofileng, foo a a ise podi seromololo, e le e namagadi e e se nang bogole, a e isetse boleo jo o bo leofileng.
29
A a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya tshupelo ya boleo, a tlhabele tshupelelo ya boleo mo felong ga tshupelo e e fisiwang.
30
Moperesiti a tseye madinyana ka monwana wa gagwe, a a beye mo dinakeng tsa sebeso sa tshupelo e e fisiwang, madi otlhe a yone a a tshololele fa tlase ga sebeso.
31
Mafura otlhe a yone a a tlose jaaka go tlosiwa mafura a tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti a a fisetse mo sebesong, e le monko o o monate mo go Jehofa; mme moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo, mme o tlaa itshwarelwa.
32
“Fa a isa kwanyana e le seromololo sa gagwe sa tshupelo ya boleo, a e ise e le e namagadi e e se nang bogole.
33
A a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya tshupelelo ya boleo, a e tlhabe e le tshupelelo ya boleo mo felong fa ba tleng ba tlhabele tshupelo e e fisiwang gone.
34
Moperesiti a tseye madinyana a tshupelelo ya boleo ka monwana a a tshase mo dinakeng tsa sebeso sa tshupelo e e fisiwang, mme madi otlhe a yone a a tshololele fa tlase ga sebeso.
35
Mafura otlhe a yone a a tlose, jaaka go tlosiwa mafura a kwanyana mo tlhabelong ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti a a fisetse mo sebesong, mo godimo ga ditshupelo tsa ga Jehofa, tse di dirwang ka molelo; moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo ka ga boleo jwa gagwe jo o bo leofileng, mme o tlaa itshwarelwa.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27